Kgaolo 41
Kgangkgolo
MORAGONYANA ga fa a sena go amogelwa mo legaeng la ga Simone, Jesu o simolola loeto lwa bobedi lwa thero mo Galilea. Mo loetong lwa gagwe lwa pele lwa tshimo e, o ne a na le barutwa ba gagwe ba ntlha, Petere, Anderea, Jakobe, le Johane. Mme jaanong baaposetoloi ba ba 12 ba a mo pata, mmogo le basadi ba bangwe. Bano ba akaretsa Maria Magatalena, Susana, le Joana, yo monna wa gagwe a leng modiredi wa ga Kgosi Herode.
Jaaka go gola ga bodihedi jwa ga Jesu go anama, kgangkgolo mabapi le tiro ya gagwe le yone e a gola. Monna yo o tsenweng ke badimona, yo gape a leng sefofu ebile a le semumu, o tlisiwa kwa go Jesu. Fa Jesu a mo fodisa, gore a gololesege mo taolong ya badimona mme a kgona go bua le go bona, bontsi bo akabala fela. Ba simolola go re: “Eo, a ke èna morwa Dafide?”
Bontsi bo phuthega ka palo e kgolo go dikologa ntlo e Jesu a nnang mo go yone mo eleng gore ene le barutwa ba gagwe ga ba kgone le eleng go ja. Kwantle ga bao ba akanyang gore ke ene “morwa Dafide” yo o solofeditsweng, go na le bakwadi le Bafarasai bao ba neng ba tswa bokgakaleng jwa Jerusalema go tla go mo tlontlolola. Fa ba masika ba gagabo Jesu ba utlwa ka kgaruru e e dikologileng Jesu, ba tla go mo tsaya. Ba mo tseelang?
Ebu, le eleng bomorwarraagwe Jesu ga ba ise ba dumele gore ke Morwa Modimo. Gape, modumo wa batho le dikgang tse a di tsositseng eleruri ga di tshwanele Jesu yo ba neng ba mo itse fa a ne a santse a le mmotlana mo Nasaretha. Ka gone, ba dumela gore sengwe se senyegile mo tlhaloganyong ya ga Jesu. “Oa tsènwa,” ba ne ba fetsa jalo, mme ba batla go mo tsaya gore ba tsamaye ka ene.
Lefa go le jalo, bosupi bo phepafetse gore Jesu o fodisitse monna yo a tsenweng ke badimona. Bakwadi le Bafarasai ba itse gore ga ba ka ke ba latola bommatota jwa seno. Ka jalo gore ba tlontlolole Jesu ba raya batho ba re: “Monna eo ga a kgoromeletse badimo ntlè, ha e se ka Belesebube kgōsana ea badimo.”
A itse go akanya ga bone, Jesu o biletsa bakwadi le Bafarasai kwa go ene mme a re: “Bogosi boñwe le boñwe yo bo ikgaogantseñ boa shwahala; le motse moñwe le moñwe leha e le ntlo e e ikgaogantseñ ga e kake ea èma: Me ha Satane a kgoromeletsa Satane ntlè, o tla bo a ikgaogantse; me bogosi yoa gagwè bo tla èma yañ?”
Abo e le botlhale jo bo fenyang jang ne! Ereka Bafarasai ba re batho ka bobone ba ile ba kgoromeletsa badimona ntle, Jesu gape o a botsa: “Ha ke kgoromeletsa badimo ntlè ka Belesebube, ana bomorwa lona bōnè, ba ba kgoromeletsa ntlè ka mañ?” Ka mafoko a mangwe, fa e le gore ba bona Jesu molato, le bone ba tshwanetse go ipona molato fela jaaka ba dira mo go ene. Go tloga foo Jesu wa tlhagisa: “Me e ka re ha ke kgoromeletsa badimo ntlè ka Mōea oa Modimo, e tla bo yalo Bogosi yoa Modimo bo tsile mo go lona.”
Go tshwantshetsa gore go kgoromeletsa badimona ntle ga gagwe ke sesupo sa gore o maatla go feta Satane, Jesu a re: “Kgotsa motho o ka tsèna yañ mo tluñ ea monna eo o thata, a thopa dilō tsa gagwè, ha a se ka a golèga monna eo o thata pele? ke gōna o ka thopañ ntlo ea gagwè. Eo o sa èmañ le nna o tlhabana le nna; le eo o sa phutheñ le nna oa halatsa.” Go phepafetse gore Bafarasai ba kgatlhanong le Jesu, ba itshupa ba le badiredi ba ga Satane. Ba falatsa Baiseraele gore ba tswe mo go ene.
Ka ntlha ya gona moo, Jesu o tlhagisa baganetsi bano ba bosatane gore “tlhapaco e e tlhapatsañ Mōea ga e ketla e ichwarèlwa.” O a tlhalosa: “Leha e le mañ eo o tla buañ lehoko ye le nyatsañ Morwa Motho, o tla go ichwarèlwa; me leha e le mañ eo o tla buañ lehoko ye le nyatsañ Mōea o o Boitshèpō, ga a ketla a go ichwarèlwa, leha e le mo lehatshiñ yeno, leha e le mo go ye le tlañ.” Bakwadi le Bafarasai bao ba dirile sebe seo se se senang boitshwarelo ka go bolela gore Satane ke ene a dirileng seo se bonalang sentle e le tiro ya kgakgamatso ya moya o o boitshepo wa Modimo. Mathaio 12:22-32; Mareko 3:19-30; Yohane 7:5.
▪ Loeto lwa ga Jesu lwa bobedi la Galilea le farologana jang le lwa ntlha?
▪ Ke eng fa balosika ba gagabo Jesu ba leka go mo tshwara?
▪ Bafarasai ba leka jang go tlontlolola dikgakgamatso tsa ga Jesu, mme Jesu o ba ganetsa jang?
▪ Bafarasai bao ba na le molato wa eng, mme ka ntlha yang?