LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 41 ts. 102-ts. 103 ser. 5
  • O Tsaya Kae Maatla a go Dira Dikgakgamatso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tsaya Kae Maatla a go Dira Dikgakgamatso?
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgang-kgolo kaga Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kgangkgolo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Tlhalosa se se Tlisang Boitumelo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Buka ya Bibela ya bo 41—Mareko
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 41 ts. 102-ts. 103 ser. 5
Batho ba bantsintsi ba dikologile ntlo e Jesu a nnang mo go yone

KGAOLO 41

O Tsaya Kae Maatla A Go Dira Dikgakgamatso?

MATHAIO 12:22-32 MAREKO 3:19-30 LUKE 8:1-3

  • JESU O SIMOLOLA LOETO LWA GAGWE LWA BOBEDI LWA GO RERA

  • O LELEKA MADIMONA E BILE O TLHAGISA BATHO KA BOLEO JO BO KA SE ITSHWARELWENG

Moragonyana fela fa Jesu a sena go bua ka go itshwarela kwa ntlong ya ga Simone, o simolola go ya go rera kwa Galalea. Ono ke ngwaga wa bobedi a ntse a rera, mme ga a tsamaye a le nosi. O tsamaya le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 le basadi bangwe ba a neng “a lelekile madimona mo go bone e bile a ba fodisitse.” (Luke 8:2) Bangwe ba basadi bao ke Marea Magadalena, Susana le Joana, yo monna wa gagwe e leng modiredimogolo wa ga Kgosi Herode Antipase.

Fa batho ba bantsi ba ntse ba utlwela ka Jesu, go tsoga dikganetsano ka bodiredi jwa gagwe. Seno se bonala sentle fa monna mongwe yo o nang le ledimona, yo o sa boneng e bile a sa kgone go bua, a tlisiwa kwa go Jesu a bo a mo fodisa. Jaanong monna yono ga a tlhole a laolwa ke ledimona, e bile o kgona go bona le go bua. Batho ba gakgametse, mme ba re: “A tota yono ga se Morwa Dafide?”—Mathaio 12:23.

Batho ba bantsintsi ba dikologile ntlo e Jesu a nnang mo go yone mo e leng gore ene le barutwa ba gagwe ga ba kgone le go ja. Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba akanyang gore Jesu ke “Morwa Dafide” yo o solofeditsweng. Bakwadi bangwe le Bafarasai ba tlile fano ba tswa kwa Jerusalema, mme ga ba a tlela go ithuta mo go Jesu kgotsa go mo ema nôkeng. Ba raya batho ba re: “O na le Belesebube” e bile o dirisana le ‘mmusi wa madimona.’ (Mareko 3:22) Fa ba losika lwa ga Jesu ba utlwa dikhuduego tseno, ba a tla ba batla go mo tshwara. Goreng?

Mo nakong eno, bomonnawe Jesu ga ba dumele gore ke Morwa Modimo. (Johane 7:5) Jesu yo go lebegang a baka dikhuduego mo motseng, ga a tshwane le Jesu yo ba mo itseng, yo ba godileng le ene kwa Nasaretha. E re ka ba akanya gore a ka tswa a tsenwa, ba re: “O latlhegetswe ke tlhaloganyo.”—Mareko 3:21.

Mme gone, ditiro tsa gagwe di bontsha eng? Jesu o sa tswa go fodisa monna yo o nang le ledimona, gone jaanong o a bona e bile o a bua. Ga go na ope yo o ka ganetsang seno. Ka jalo, bakwadi le Bafarasai ba leka go nyenyefatsa Jesu ka go mo latofatsa. Ba re: “Motho yono o leleka madimona ka maatla a a tswang kwa mmusing wa madimona e bong Belesebube.”—Mathaio 12:24.

Jesu o leka go bua le bakwadi le Bafarasai; batho ba ba tsamayang le ene ba mo lebile

Jesu o itse se bakwadi le Bafarasai ba se akanyang, ka jalo o ba raya a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo batho ba jone ba lwantshanang bo a wa, le motse mongwe le mongwe kgotsa lelapa le le lwantshanang ga le kitla le nna mmogo. Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore Satane o leleka Satane, go raya gore o a itwantsha; jaanong bogosi jwa gagwe bo tla ema jang?”—Mathaio 12:25, 26.

Ruri tlhaloso ya gagwe e a kgatlha! Bafarasai ba a itse gore Bajuda bangwe ba leleka madimona. (Ditiro 19:13) Ka jalo, Jesu o ba botsa jaana: “Fa e le gore ke leleka madimona ka maatla a a tswang mo go Belesebube, bomorwaalona bone ba a leleka ka maatla a ga mang?” Ka mafoko a mangwe, se ba mo latofatsang ka sone, go raya gore le bone ba a se dira. Jesu o tswelela ka tlhaloso ya gagwe a re: “Mme fa e le gore ke leleka madimona ka moya wa Modimo, go raya gore Bogosi Jwa Modimo bo setse bo tlile mme ga lo ise lo bo lemoge.”—Mathaio 12:27, 28.

Jesu o dirisa setshwantsho go bontsha gore tiro ya gagwe ya go leleka madimona ke bosupi jwa gore o fentse Satane. A re: “Motho a ka tsena jang mo ntlong ya monna yo o nonofileng a bo a tsaya dithoto tsa gagwe a sa bofa monna yoo yo o nonofileng pele? Fa a sena go mmofa, ke gone a ka kgonang go utswa dilo tse di mo ntlong ya gagwe. Ope fela yo o seng mo letlhakoreng la me o ganetsana le nna, e bile ope fela yo o sa phutheng le nna o a gasamisa.” (Mathaio 12:29, 30) Ga go pelaelo gore bakwadi le Bafarasai ba kgatlhanong le Jesu, ka jalo ba bontsha sentle gore ke baemedi ba ga Satane. Ba gasamisetsa batho kgakala le Morwa Modimo, yo o dirang dilo a thusiwa ke Jehofa.

Jesu o tlhagisa baganetsi bano ba ba tlhotlhelediwang ke Satane a re: “Batho ba tla itshwarelwa dilo tsotlhe, go sa kgathalesege gore ba dira maleo afe le gore ba bua ditlhapa dife. Le fa go ntse jalo, ope fela yo o tlhapatsang moya o o boitshepo ga a kitla a tsamaya a itshwarelwa mme o na le molato wa boleo go ya go ile.” (Mareko 3:28, 29) Akanya fela gore go tla felela jang ka batho bano ba ba reng ditiro tse di dirwang ka moya wa Modimo, di dirwa ke Satane!

  • Jesu o tsamaya le bomang mo loetong lwa gagwe lwa bobedi a ya Galalea?

  • Ke eng fa ba losika lwa ga Jesu ba leka go mo tshwara?

  • Bakwadi le Bafarasai ba leka jang go nyenyefatsa dikgakgamatso tsa ga Jesu, mme Jesu o ba kgala jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela