LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 47
  • Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Mosetsanyana o Tshela Gape!
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Tsosa Baswi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Re ka Tsoga mo Losong!
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 47

Kgaolo 47

Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo

FA JAIRO a bona fa mosadi yo o tshologang madi a fodile, go tshepa ga gagwe maatla a a gakgamatsang a ga Jesu go a oketsega kwantle ga pelaelo. Pelenyana mo letsatsing leo, Jairo o ne a kopile Jesu go tla go thusa morwadie yo o rategang wa dingwaga tse 12, yo o neng a le gaufi le go swa. Lefa go ntse jalo, fa dilo di eme jalo, se Jairo a se tshogetseng thata se a diragala. Fa Jesu a santse a bua le mosadi yoo, banna bangwe ba a goroga mme ba raya Jairo ba re: “Morwadio o shule: ana u sa nntse u lapisetsañ Moruti?”

Ana mafoko ao a nyemisa moko jang ne! Akanya fela: Monna yono, yo o tlotlwang thata ke batho ba ga gabo, o felelwa ke tshepo gotlhelele fa a utlwalela ka loso lwa ga morwadie. Lefa go ntse jalo, Jesu wa ba utlwa fa ba buisana. Jalo, fa a retologela kwa go Jairo, o mo kgothatsa ka go re: “U se ka ua boiha, dumèla hèla.”

Jesu o pata monna yono yo o utlwileng botlhoko fela thata go ya kwa ga gagwe. Fa ba goroga, ba fitlhela khuduego e kgolo ya go lela le go bokolela. Go phuthegile boidiidi jwa batho, mme ba ikitaaganya ka go utlwa botlhoko. Fa Jesu a tsena mo teng, o botsa jaana: “Lo dihèlañ khuduègō yana, lo lela? ñwana ga aa shwa, o robetse.”

Fa batho ba utlwa Jesu a rialo, ba simolola go mo tshega ka tshotlo ka gonne ba itse fa mosetsanyana eleruri a sule. Lefa go ntse jalo, Jesu a re o robetse fela. Ka go dirisa dinonofo tsa gagwe tse a di filweng ke Modimo, o tla supa gore batho ba ka busediwa botshelong go tswa losong motlhofo fela jaaka ba ka tsosiwa mo borokong jo bogolo.

Jaanong Jesu o ntshetsa mongwe le mongwe kwa ntle fa e se Petere, Jakobe, Johane, le mmaagwe mosetsanyana le rraagwe fela. Go tswa foo o tsamaya le batho ba batlhano bano go ya kwa mosetsanyana o laditsweng teng. Fa a mo tshwara ka seatla, Jesu o mo raya a re: “Talitha kumi,” mo, fa go ranolwa, go rayang gore: “Morweetsana, kea gu raea, Coga.” Mme gone fela foo mosetsanyana o a tsoga a bo a simolola go tsamaya! Batsadi ba gagwe fa ba bona seo ba sala ba tseanye fela ka baka la boitumelo jo bogolo.

Fa Jesu a sena go bolela gore ngwana a fiwe sengwe go ja, o laela Jairo le mosadi wa gagwe gore ba seka ba bolelela ope se se diragetseng. Mme go sa kgathalesege se Jesu a se buang, dikgang kaga tiragalo eo di anamela mo lefelong leo lotlhe. Eno ke tsogo ya bobedi e Jesu a e dirang. Mathaio 9:18-26; Mareko 5:35-43; Luke 8:41-56.

▪ Jairo o utlwalela dikgang dife, mme Jesu o mo kgothatsa jang?

▪ Fa ba goroga kwa ga Jairo ba fitlhela boemo bofe?

▪ Ke ka ntlhayang fa Jesu a re ngwana yo o suleng o robetse fela?

▪ Ke batho bafe ba batlhano ba ba nang le Jesu ba ba iponelang tsogo eo ka matlho?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela