LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/15 ts. 8-9
  • Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Mosetsanyana o Tshela Gape!
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Tsosa Baswi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Re ka Tsoga mo Losong!
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo

FA JAIRO a bona fa mosadi yo o tshologang madi a fodiIe, go tshepa ga gagwe maatla a a gakgamatsang a ga Jesuigo a oketsega kwantle ga pelaelo. Pelenyana mo letsatsing leo, Jairo o ne a kopile Jesu go tla go thusa morwadie yo o rategang wa dingwaga tse 12, yo o neng a le gaufi le go swa. Mme fa ba le mo tseleng go ya kwa ga Jairo, mo go leng mo Kaperenama kana gaufi le gone, mosadi yo o amang lekantsa la seaparo sa ga Jesu fela o a fola.

Lefa go ntse jalo, fa dilo di eme jalo, se Jairo a se tshogetseng thata se a diragala. Fa Jesu a santse a bua le mosadi yoo, banna bangwe ba a goroga mme ba bolelela Jairo kwa thoko jaana: “Morwadio o shule: ana u sa nntse u lapisetsañ Moruti?”

Ana mafoko ao a nyemisa moko jang ne! Akanya fela: Monna yo, yo o tlotlwang thata ke batho ba ga gabo, o felelwa ke tshepo gotlhelele fa a utlwalela ka loso lwa ga morwadie. Lefa go ntse jalo, Jesu o ba utlwa fa ba buisana. Jalo, fa a retologela kwa go Jairo, o mo kgothatsa ka go re: “U se ka ua boiha, dumèla hèla.”

Jesu o pata monna yo o utlwileng botlhoko fela thata yo go ya kwa ga gagwe. Fa ba goroga, ba fitlhela khuduego e kgolo ya go lela le go bokolela. Go phuthegile boidiidi jwa batho, mme ba ikitaaganya ka go utlwa botlhoko. Fa Jesu a tsena mo teng, o botsa jaana: “Lo dihèlañ khuduègō yana, lo lela?”

Fa batho ba utlwa Jesu a rialo, ba simolola go mo tshega ka tshotlo ka gonne ba itse fa mosetsanyana eleruri a sule. Lefa go ntse jalo, Jesu a re o robetse fela, a leka go bontsha gore, ka dinonofo tsa gagwe tse a di filweng ke Modimo, batho ba ka busediwa botshelong go tswa losong motlhofo fela fela jaaka ba ka tsosiwa mo borokong jo bogolo.

Jaanong Jesu o ntshetsa mongwe le mongwe ka kwantle fa e se Petere, Johane, Jakobe le mmaagwe mosetsanyana le rraagwe fela. Go tswa foo o tsaya batho ba batlhano bano a ya le bone kwa mosetsanyana o laditsweng teng. Fa a mo tshwara ka seatla, Jesu o mo raya a re: “Talitha kumi,” mo, fa go ranolwa, go rayang gore: “Morweetsana, kea gu raea, Coga.” Mme gone fela foo mosetsanyana o tsoga a bo a simolola go tsamaya! Batsadi ba gagwe fa ba bona seo ba batla go tlhakanngwa tlhogo ke boitumelo jo bogolo.

Fa Jesu a sena go laolela gore ngwana a fiwe sengwe go se ja, o laela Jairo le mosadi wa gagwe gore ba seka ba bolelela ope se se diragetseng Mme go sa kgathalesege se Jesu a se buang, dikgang tseo di anamela mo lefelong leo Iotlhe. Eno ke tsogo ya bobedi e Jesu a e dirang. Mathaio 9:18-26; Mareko 5:35-43; Luke 8:41-56.

◆ Jairo o utlwalela dikgang dife, mme Jesu o mo kgothatsa jang?

◆ Fa ba goroga kwa ga Jairo ba fitlhela boemo bofe?

◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a re ngwana yo o suleng o robetse fela?

◆ Ke batho bafe ba batlhano ba ba nang le Jesu ba ba iponelang tsogo eo ka matlho?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela