LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 59
  • Tota Jesu Ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tota Jesu Ke Mang?
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tota Jesu Ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Morwa Motho ke Mang?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O ne A Ikanyega fa a Lebane le Diteko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 59

Kgaolo 59

Tota Jesu Ke Mang?

FA MOKORO o o tlang o pagangwe ke Jesu le barutwa ba gagwe o goroga kwa Bethesaida, batho ba tlisa monna wa sefofu kwa go ene mme ba mo kopa gore a mo ame le go mo fodisa. Jesu o gogela monna ka kwa ntle ga motse ka letsogo mme, morago ga go kgwela mathe mo matlhong a gagwe, o botsa ka gore: “A u bōna señwe?”

“Ke bōna batho,” monna o araba jalo, “gonne ke ba bōna ekete ditlhare, baa tsamaea.” Fa a baya diatla tsa gagwe mo matlhong a monna, Jesu o mo fodisa matlho gore a bone sentle. Go tswa foo Jesu o romela monna yono kwa gae ka taolo ya gore a seka a tsena mo motseng.

Jaanong Jesu le barutwa ba gagwe baa tsamaya ba ya kwa metseng ya Kaesarea Filipi, kwa thoko mo bokone jwa Palesetine. Go palamelela sekgala se seleele sa dikilometara tse 48 go ya kwa lefelong le lentle la Kaesarea Filipi, dimetara di ka nna 350 kwa godimo ga selekanyetso sa bogodimo jwa lewatle. Gongwe loeto loo lo tsayang malatsi a le mmalwanyana.

Mo tseleng, Jesu o tswa a tsamaya a le nosi a ya go rapela. Go setse dikgwedi di ka nna robongwe kana di le lesome fela pele ga loso lwa gagwe, mme o amegile ka barutwa ba gagwe. Ba le bantsi ba setse ba tlogetse go mo latela. Ba bangwe go lebega ba etsaetsega le go nyema moko ka ntlha ya gore o ganne maiteko a batho a go mo dira kgosi le gore fa a ne a gwetlhiwa ke baba ba gagwe go ntsha sesupo se se tswang kwa legodimong go supa gore ke kgosi, gaa a ka a dira jalo. Baaposetoloi ba gagwe ba dumela eng kaga gore ke mang? Fa ba fitlha fa a rapelang gone, Jesu o botsa ka go re: “Batho ba tla ba re, Nna ke mañ?”

“Bañwe ba re, Yohane Mokolobetsi,” ba araba jalo, “ba bañwe ba re, Eliya; le ba bañwe ba re, Yeremia, kgotsa moñwe oa baperofeti.” Ee, batho ba akanya gore Jesu ke mongwe wa banna bano ba ba tsositsweng mo baswing!

“Me lona loa re Nna ke mañ?” Jesu o a botsa.

Ka bofefo fela Petere o arabela ka go re: “U Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.”

Morago ga go bolela gore o amogela karabo ya ga Petere, Jesu a re: “Le nna ke gu raea, ke re, U Petero, me ke tla aga phuthègō ea me mo lehikeñ ye; me dinonohō tsa Bobipō ga di ketla di e henya.” Fano Jesu o bolela la ntlha gore o tla aga phuthego le gore le eleng loso le ka seke le tshegetse maloko a yone a le mo bokgobeng morago ga tiro ya bone ya boikanyegi mo lefatsheng. Go tswa foo o raya Petere a re: “Me ke tla gu neèla dikopololō tsa bogosi yoa legodimo.”

Ka gone Jesu o senola gore Petere o ne a tla amogela ditshiamelo tse di kgethegileng. Nnyaa, Petere ga a neelwe maemo a ntlha gareng ga baaposetoloi, lefa e le gore o dirwa motheo wa phuthego. Jesu ka boene ke Lentswe la Kgokgotso le phuthego e tla agiwang mo go lone. Mme Petere o tshwanetse go neelwa dikopololo di le tharo tseo ka tsone a tla bulang, jaaka go ka tualo, tshono ya gore ditlhopha tsa batho di tsene mo Bogosing jwa selegodimo.

Petere o ne a tla dirisa sekopololo sa ntlha ka Pentekosete ya 33 C.E. go bontsha Bajuda ba ba ikotlhaileng se ba tshwanetseng go se dira gore ba bolokiwe. O ne a tla dirisa sa bobedi moragonyana fela go bulela Basamaria ba ba dumelang tshono ya go tsena mo Bogosing jwa Modimo. Go tswa foo ka 36 C.E. o ne a tla dirisa sekopololo sa boraro ka go bulela Baditšhaba ba ba sa rupang, Korenelio le ditsala tsa gagwe, yone tshono eo.

Jesu o tsweledisa motlotlo wa gagwe le baaposetoloi ba gagwe. O ba nyemisa moko ka go ba bolelela ka dipogo le loso tseo a neng a tla tloga a lebana le tsone mo Jerusalema. Ka go palelwa ke go tlhaloganya gore Jesu o tla tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo, Petere o tseela Jesu kwa thoko. “A go nnè kgakala nau, Morèna,” a rialo. “Mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.” Fa a sena go mo hularela, Jesu o araba ka go re: “Tloga ha pele ga me Satana: gonne u sekgopi mo go nna: ka go bo ga u tlhokomele dilō tsa Modimo, ha e se dilō tsa batho hèla.”

Kwantle ga pelaelo, ba bangwe kwantle ga baaposetoloi ba tsamaya le Jesu, ka gone jaanong o a ba bitsa ele go tlhalosa gore ga go kitla go nna motlhofo go nna molatedi wa gagwe. “Ha motho moñwe a rata go ntshala moragō,” a rialo, “a a iitatolè, a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō. Gonne leha e le mañ eo o ratañ a ka bo a boloka botshelō yoa gagwè, bo tla mo latlhègèla; me leha e le mañ eo o latlhègèlwañ ke botshelō yoa gagwè ka ntlha ea me, le ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, o tla bo boloka.”

Ee, balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go nna pelokgale le go intsha setlhabelo gore ba tle ba itshupe ba tshwanela kamogelo ya gagwe. O tlhalosa jaana: “Gonne leha e le mañ eo o tla ntlhabèlwañ ke ditlhoñ, le mahoko a me a a tllhabèlwa ke ditlhoñ mo losikeñ lo loa boaka le boleo, Morwa Motho le èna o tla mo tlhabèlwa ke ditlhoñ mogañ o tlañ ka kgalalèlō ea ga rragwè, a na le baengele ba ba boitshèpō.” Mareko 8:22-38; Mathaio 16:13-28; Luke 9:18-27.

▪ Ke eng fa Jesu a amegile ka barutwa ba gagwe?

▪ Batho ba na le dipono dife mabapi le gore Jesu ke mang?

▪ Petere o ne a neelwa dikopololo dife, mme o ne a tshwanetse go di dirisa jang?

▪ Petere o ne a amogela kgalemo efe, mme ka ntlhayang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela