LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 12/15 ts. 8-9
  • Tota Jesu Ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tota Jesu Ke Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tota Jesu Ke Mang?
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Morwa Motho ke Mang?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O ne A Ikanyega fa a Lebane le Diteko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • O ne A Ikanyega Le fa A Lebane le Diteko
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 12/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Tota Jesu Ke Mang?

FA MOKORO o o pegileng Jesu le barutwa ba gagwe o goroga kwa Bethesaida, batho ba tlisa monna wa sefofu kwa go ene mme ba mo kopa gore a mo ame le go mo fodisa. Jesu o tseela monna ka kwantle ga motse ka letsogo mme. morago ga go kgwela mathe mo matlhong a gagwe, o botsa ka gore: “A u bōna señwe?”

“Ke bōna batho,” monna o araba jalo, “gonne ke ba bōna ekete ditlhare, baa tsamaea.” Fa a baya diatla tsa gagwe mo matlhong a monna Jesu o mo fodisa matlho gore a bone sentle. Go tswa foo Jesu o romela monna yono kwa gae ka taolo ya gore a seka a tsena mo motseng.

Jaanong Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya ba ya kwa motseng wa Kaesarea Filipi, kwa thoko mo bokone jwa Palestine. Go palamelela sekgala se seleele sa dikilometara tse 48 go ya kwa lefelong le lentle la Kaesarea Filipi, dimetera di ka nna 350 kwa godimo ga selekanyetso sa bogodimo jwa lewatle. Gongwe loeto loo Io tsaya malatsi a sekae.

Mo tseleng, Jesu o tswa a tsamaya a le nosi a ya go rapela. Go setse dikgwedi di ka nna robongwe kana di le lesome fela pele ga loso lwa gagwe, mme o amegile ka barutwa ba gagwe. Ba le bantsi ba setse ba tlogetse go mo latela. Ba bangwe go lebega ba etsaetsega le go nyema moko ka ntlha ya gore o ganne maiteko a batho a go mo dira kgosi le gore fa a ne a gwetlhiwa ke baba ba gagwe go ntsha sesupo se se tswang kwa legodimong go supa gore ke kgosi, gaa a ka a dira jalo. Baaposetoloi ba gagwe ba dumela eng kaga gore ke mang? Fa ba fitlha fa a rapelang a le gone, Jesu o botsa ka go re: “Batho ba tla ba re, Nna ke mañ?”

“Bañwe ba re, Yohane Mokolobetsi,” ba araba jalo, “ba bañwe ba re, Eliya; le ba bañwe ba re, Yeremia, kgotsa moñwe oa baperofeti.” Ee, ba akanya gore Jesu ke mongwe wa banna bano ba ba tsositsweng mo baswing!

“Me lona loa re Nna ke mañ‘?” Jesu o a botsa.

Petere o arabela ka bofefo: “U Keresete, Morwa Modimo o o tshedileñ.”

Morago ga go bolela gore o amogela karabo ya ga Petere, Jesu a re: “Le nna ke gu raea, ke re, U Petero, me ke tla aga phuthègō ea me mo lehikeñ ye; me dinonohō tsa bobipō ga di ketla di e henya.” Fano Jesu o bolela la ntlha gore o tla aga phuthego le gore le eleng loso le ka seke le tshole maloko a yone mo bokgobeng morago ga tiro ya bone ya boikanyegi mo lefatsheng Go tswa foo o raya Petere a re: “Me ke tla gu neèla dikopololō tsa bogosi yoa legodimo.”

Ka gone Jesu o senola gore Petere o ne a tla amogela ditshiamelo tse di kgethegileng. Nnyaa, Petere ga a neelwe maemo a ntlha gareng ga baaposetoloi, lefa e le gore o dirwa motheo wa phuthego. Jesu ka boene ke Lentswe la Kgokgotso le phuthego e tla agiwang mo go lone. Mme Petere o tshwanetse go neelwa dikopololo di le tharo tseo ka tsone a tla bulang, jaaka go ka tualo, sebaka sa gore ditlhopha tsa batho di tsene mo Bogosing jwa selegodimo.

Petere o ne a dirisa sekopololo sa ntlha ka Pentekosete ya 33 C.E. fa a ne a bontsha Bajuda ba ba ikotlhaileng se ba tshwanetseng go se dira gore ba bolokiwe. O ne a dirisa sa bobedi moragonyana fela fa a ne a bulela Basamaria ba ba dumelang sebaka sa go tsena mo Bogosing jwa Modimo. Go tswa foo ka 36 C.E. o ne a dirisa sekopololo sa boraro ka go bulela Baditshaba ba ba sa rupang, Korenelio le ditsala tsa gagwe, sone sebaka seo.

Jesu o tsweledisa motlotlo wa gagwe le baaposetoloi ba gagwe. O ba nyemisa moko ka go ba bolelela ka dipogo le loso tseo a neng a tla tloga a lebana le tsone mo Jerusalema Ka go palelwa ke go tlhaloganya gore Jesu o tla tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo, Petere o tseela Jesu kwa thoko. “A go nnè kgakala nau, Morèna,” a rialo. “Mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.” Fa a mo hularela, Jesu o araba ka go re: “Tloga ha pele ga me Satana: gonne u sekgopi mo go nna: ka go bo ga u tlhokomele dilō tsa Modimo, ha e se dilō tsa batho hèla.”

Kwantle ga pelaelo, ba bangwe kwantle ga Baaposetoloi ba tsamaya le Jesu, ka gone jaanong o a ba bitsa e le go tlhalosa gore ga go ketla go nna motlhofo go nna molatedi wa gagwe. “Ha motho moñwe leha e le mañ a rata go ntshala moragō,” a rialo “a a iitatolè, a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō. Gonne leha e le mañ eo o ratañ a ka bo a boloka botshelō yoa gagwè, bo tla mo latlhègèla; me leha e le mañ eo o latlhègèlwañ ke botshelō yoa gagwè ka ntlha ea me, le ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, o tla bo boloka.”

Ee, balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go nna pelokgale le go intsha setlhabelo gore ba tle ba itshupe ba tshwanela kamogelo ya gagwe, jaaka a tlhalosa jaana: “Gonne leha e le mañ eo o tla ntlhabèlwañ ke ditlhoñ, le mahoko a me a a tlhabèlwa ke ditlhoñ mo losikeñ lo loa boaka le boleo, Morwa Motho le èna o tla mo tlhabèlwa ke ditlhoñ mogañ o tlañ ka kgalalèlō ea ga rragwè, a na le baengele ba ba boitshèpō.” Mareko 8:22-38; Mathaio 16:13-28; Luke 9:18-27.

◆ Ke eng fa Jesu a amegile ka barutwa ba gagwe?

◆ Batho ba na le dipono dife mabapi le gore Jesu ke mang?

◆ Petere o ne a neelwa dikopololo dife, mme di ne tsa dirisiwa jang?

◆ Petere o ne a amogela kgalemo efe, mme ka ntlhayang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela