Kgaolo 79
Morafe O O Timetseng, mme Eseng Otlhe
MORAGO fela ga fa Jesu a sena go buisana le bao ba neng ba kgobokane kafa ntle ga ntlo ya Mofarasai, bangwe ba mmolelela “kaga Bagalilea, ba madi a bōnè [mmusi wa Moroma Ponto] Pilatwe o a tlhakantseñ le ditlhabèlō tsa bōnè.” Bagalilea bano e ka tswa e le bangwe ba ba bolailweng fa diketekete tsa Bajuda di ne di dumalane le gore Pilatwe a dirise madi a a neng a le mo bobolokelong jwa tempele go aga mosele wa metsi go a tlisa mo Jerusalema. Bao ba neng ba lotlegela Jesu kgang eno ba ka nna ba bo ba ne ba akantsha gore Bagalilea bao ba ne ba iponetse bosula joo ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di maswe.
Lefa go ntse jalo, Jesu, o a ba tlhamalatsa, ka go ba botsa a re: “A lo itlhoma, go re, Bagalilea bauō e ne e le baleohi bogolo go Bagalilea botlhe, ka ba bogile dilō tse? Kea lo raea, Nya,” Jesu o a araba. Go tswa foo o dirisa tiragalo eno go tlhagisa Bajuda: “Me ha lo sa ikwatlhaee, le lona lotlhe lo tla nyèlèla hèla yalo.”
Fa a tswelela, Jesu o gakologelwa tiragalo e nngwe gape e e utlwisang botlhoko ya lefelo leo, e e ka tswang e ne e amana le go agiwa ga mosele oo wa metsi. O botsa jaana: “Kgotsa ba ba shomè le bohèra mebedi bale, ba kagō e e godileñ e ba wetseñ, ea ba bolaea mo Siloama, a lo itlhoma, go re, e ne e le baleohi go heta batho botlhe ba ba agileñ mo Yerusalema?” Nnyaa, go swa ga batho bano e ne e se ka ntlha ya boikepo jwa bone, Jesu o bolela jalo. Go na le moo, “motlha le bowèlō” ke tsone tseo ka kakaretso dikotsi tseo di nnileng teng ka ntlha ya tsone. Lefa go ntse jalo, Jesu, o boa gape a dirisa sebaka seno go ba tlhagisa jaana: “Me ha lo sa ikwatlhaee, le lona lotlhe lo tla nyèlèla hèla yalo.”
Jesu jaanong o tswelela ka go ba naya setshwantsho se se tshwanelang, a tlhalosa jaana: “Monna moñwe o na a na le setlhare sa mofeige se tlhomilwe mo tshimoñ ea gagwè ea mafine; me a tla go batla louñō mo go shōna, me a se ka a hitlhèla sepè. Me a raea mmaakanyi oa mafine, a re, Bōna, dinyaga tse tharo tse, ke nntse ke tla go batla louñō mo setlhariñ se, sa mofeige, me ke sa hitlhele sepè: a se rèñwe; se bile se emeletseñ lehèla mo mbuñ? Me èna a mo hetola, a re, Morèna, a u ko u se lesè, le ka ñwaga ono, ke tlè ke se lemèlè, ke se tsenyè mochutèlō. Me e tla re ha se uñwa, go tla nna molemō; me ha go sa nna yalo, hoñ u tla itse go se rèma.”
Jesu o ne a sentse dingwaga tse di fetang tse tharo a ntse a leka go tlhagolela tumelo mo morafeng wa Bajuda. Mme ke makgolonyana a sekae fela a barutwa a a ka balwang jaaka maungo a tiro ya gagwe. Jaanong, mo ngwageng ono wa bonè wa bodihedi jwa gagwe, o nonotsha maiteko a gagwe, ka tshwantshetso a lemela setlhare sa mofeige wa Bajuda le go se tsenya motshotelo ka go rera le go ruta ka tlhagafalo mo Judea le mo Perea. Mme ga go a thusa sepe! Morafe o gana go sokologa mme ka jalo o tshwanelwa ke tshenyego. Ke masalela a mannye fela a morafe a a arabelang.
Morago ga foo fela Jesu o ruta mo sinagogeng ka Sabata. Koo o bona mosadi mongwe yoo, ka ntlha ya go tlhaselwa ke badimona, a feditseng dingwaga tse 18 a hutagane gabedi. Ka go mo tlhomogela pelo, Jesu o mo raya a re: “Mosadi, u golocwe mo seemereñ sa gago.” Go tswa foo o mmaya diatla, mme o tlhamalala ka bofefo fela a bo a simolola go galaletsa Modimo.
Lefa go ntse jalo, molaodi wa ntlo ya thuto, o galefile. “Go malatsi a le marataro, a batho ba chwanetseñ go diha ka aōna,” o a kgalema. “Ke gōna tlañ lo hodisiwè ka aōna, me e señ ka letsatsi ya Sabata.” Ka jalo molaodi o lemoga nonofo ya ga Jesu ya go fodisa mme o kgala batho fa ba tla go fodisiwa ka Sabata!
“Baitimokanyi ke lona,” Jesu o a araba, “a le moñwe le moñwe oa lona, a ga ea re go le letsatsi ya sabata a golole kgomo ea gagwè le esela ea gagwè mo tluñ ea eōna, a e gōge a ee go e nosa? Me mosadi eo, e le morwadia Aberahame, eo Satane o sa le a mo golega ka dinyaga di le shomè le bohèra mebedi, a ga aa chwanèlwa ke go gololwa mo kgoleñ e, ka letsatsi ya Sabata?”
Ebu, bao ba ganetsang Jesu ba simolola go tlhajwa ke ditlhong fa ba utlwa seno. Lefa go ntse jalo, bontsintsi bo ipelela dilo tsotlhe tse di molemolemo tse di dirwang ke Jesu. Fa a arabela Jesu o boeletsa ditshwantsho di le pedi tsa dipolelelopele tse di mabapi le Bogosi jwa Modimo, tseo a kileng a di bolela a le mo mokorong mo e ka nnang ngwaga pele ga foo mo Lewatleng la Galilea. Luke 13:1-21; Moreri 9:11; Mathaio 13:31-33.
▪ Go umakiwa dikotsi dife fano, mme Jesu o ruta thuto efe ka tsone?
▪ Setlhare se se sa ungweng sa mofeige, le maiteko a a dirilweng go leka go se dira gore se ungwe di tshwantshetsa eng?
▪ Molaodi wa ntlo ya thuto o bontsha jang gore o dumela gore Jesu o na le nonofo ya go fodisa, lefa go le jalo Jesu o senola boitimokanyi jwa monna yoo jang?