LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 105 ts. 244-ts. 245 ser. 9
  • O Dirisa Setlhare sa Mofeige go Ruta ka Tumelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Dirisa Setlhare sa Mofeige go Ruta ka Tumelo
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo ya Letsatsi le le Masisi
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tshimologo ya Letsatsi le le Masisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Mongwe le Mongwe o Tla Nna Kafa Tlase ga Setlhare sa Gagwe sa Mofeige
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • O Phepafatsa Tempele Gape
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 105 ts. 244-ts. 245 ser. 9
Jesu le barutwa ba gagwe ba lemoga gore setlhare sa mofeige se se se nang maungo se swabile

KGAOLO 105

O Dirisa Setlhare Sa Mofeige Go Ruta Ka Tumelo

MATHAIO 21:19-27 MAREKO 11:19-33 LUKE 20:1-8

  • SETLHARE SA MOFEIGE SE SE SWABILENG—THUTO KA TUMELO

  • BAGANETSI BA IPOTSA GORE JESU O TSAYA KAE TETLA YA GO DIRA DILO

Fa Jesu a tswa kwa Jerusalema mo tshokologong ya Mantaga, o boela kwa Bethani e e mo mokgokoloseng o o ka fa botlhaba jwa Thaba ya Lotlhware. A ka tswa a letse kwa legaeng la ditsala tsa gagwe e bong Lasaro, Marea le Maratha.

Jaanong ke mo mosong wa Nisane 11. Jesu le barutwa ba gagwe ba mo tseleng gape ba ya Jerusalema, mme e tla bo e le la bofelo a le kwa tempeleng. Gape leno ke letsatsi la bofelo a dira bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa pele ga a keteka Tlolaganyo, a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe, go tswa foo a bo a sekisiwa le go bolawa.

Fa ba le mo tseleng ba tswa Bethani ba feta mo Thabeng ya Lotlhware ba ya Jerusalema, Petere o bona setlhare se Jesu a neng a se hutsa mo mosong wa letsatsi le le fetileng. O raya Jesu re: “Rabi, bona! setlhare sa mofeige se o neng wa se hutsa se swabile.”—Mareko 11:21.

Ke eng fa Jesu a ne a dira gore setlhare seo se swabe? O tlhalosa lebaka la seo mo karabong ya gagwe, a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, fa lo na le tumelo e bile lo sa belaele, ga lo kitla lo dira fela se ke se dirileng setlhare seno sa mofeige, mme le fa lo ka raya thaba eno lo re, ‘Tsholetsega mme o itigele mo lewatleng,’ go tla nna jalo. Mme dilo tsotlhe tse lo di kopang fa lo rapela lo na le tumelo, lo tla di newa.” (Mathaio 21:21, 22) Tota o boeletsa ntlha e a ileng a e umaka pele ga moo ya gore tumelo e kgona go sutisa thaba.—Mathaio 17:20.

Ka jalo fa Jesu a ne a dira gore setlhare seo se swabe, o ne a batla go ruta ka botlhokwa jwa go nna le tumelo mo Modimong. A re: “Dilo tsotlhe tse lo di rapelelang le tse lo di kopang, nnang le tumelo ya gore lo setse lo di amogetse, mme lo tla nna le tsone.” (Mareko 11:24) Ruri eno ke thuto ya botlhokwa thata mo balateding botlhe ba ga Jesu! Thuto eno e botlhokwa thata segolobogolo mo baaposetoloing ka gonne go ise go ye kae ba tlile go lebana le diteko tse di boima. Go na le tsela e nngwe gape e go swaba ga setlhare seno le go nna le tumelo di amanang ka gone.

Fela jaaka setlhare seno sa mofegie, tsela e setšhaba sa Iseraele se lebegang ka yone e a tsietsa. Batho ba setšhaba seno ba mo kgolaganong le Modimo, mme go ka lebega e kete ba ikobela Molao wa gagwe. Le fa go ntse jalo, setšhaba seno ka kakaretso se itshupile gore ga se na tumelo e bile ga se na maungo a a molemo. Tota e bile ga ba amogele Morwa Modimo! Ka jalo, fa Jesu a ne a dira gore setlhare sa mofeige se swabe, o ne a bontsha gore go tla felela jang ka setšhaba seno se se sa ungweng e bile se se na tumelo.

Go ise go ye kae, Jesu le barutwa ba gagwe ba goroga mo Jerusalema. Jesu o ya kwa tempeleng a bo a simolola go ruta, jaaka a tlwaetse go dira. Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba batho, ba gongwe ba ka tswang ba akantse ka se Jesu a se dirileng baananyi ba madi mo letsatsing le le fetileng, ba a mo gwetlha, ba re: “A o na le tetla ya go dira dilo tseno? Mme ke mang yo o go romileng gore o di dire?”—Mareko 11:28.

Jesu o ba raya a re: “Ke tla lo botsa potso e le nngwe. Lo nkarabe, mme ke tla lo bolelela gore ke tsaya kae tetla ya go dira dilo tseno. A kolobetso ya ga Johane e ne e tswa kwa Modimong kgotsa mo bathong? Nkarabeng.” Jaanong Jesu ke ene a gwetlhang baganetsi ba gagwe. Baperesiti bano le baeteledipele ba buisana gore ba ka mo araba jang, ba re: “Fa re ka re, ‘E ne e tswa kwa Modimong,’ o tla re raya a re, ‘Jaanong ke ka ntlha yang fa lo ne lo sa mo dumele?’ Kgotsa a gongwe re re, ‘E ne e tswa mo bathong’?” Ba bua jalo ka gore ba boifa batho, “ka gonne batho botlhe ba ne ba dumela gore ruri Johane e ne e le moporofeti.”—Mareko 11:29-32.

Baganetsi bano ba ga Jesu ba palelwa ke go mo naya karabo e e maleba. Ka jalo ba mo raya ba re: “Ga re itse.” Jesu le ene o ba raya a re: “Le nna ga ke lo bolelele gore ke tsaya kae tetla ya go dira dilo tseno.”—Mareko 11:33.

  • Ke eng fa letsatsi la Nisane 11 le le botlhokwa?

  • Ke dithuto dife tse Jesu a di rutang ka setlhare sa mofeige se a neng a dira gore se swabe?

  • Jesu o araba jang batho ba ba mmotsang gore o tsaya kae tetla ya go dira dilo tse a di dirang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela