Kgaolo 105
Tshimologo ya Letsatsi le le Masisi
FA JESU a tswa mo Jerusalema mo maitseboeng a Mantaga, o boela kwa Bethania a feta ka phatana e e kafa botlhaba jwa Thota ya Lotlhware. Malatsi a mabedi a bodihedi jwa gagwe jwa bofelo mo Jerusalema a wetse. Kwantle ga pelaelo Jesu o lala bosigo joo gape kwa tsaleng ya gagwe Lasaro. Fa a sale a goroga mo Jeriko ka Labotlhano, jono ke bosigo jwa gagwe jwa bonè mo Bethania.
Jaanong, mo mosong wa Labobedi, ka Nisane 11, ene le barutwa ba gagwe ba mo tseleng gape. Leno go bonala e le letsatsi le le masisi thata mo bodiheding jwa ga Jesu, leo a nang le dilo tse dintsi go di dira. Ke letsatsi la gagwe la bofelo go bonala kwa tempeleng. Ebile ke letsatsi la bofelo la bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa pele ga a lekiwa le go bolawa.
Jesu le barutwa ba gagwe ba tsaya tsela e e tshwanang e e tlolaganyang Thota ya Lotlhware go leba Jerusalema. Mo tseleng eo e e tswang kwa Bethania, Petere o bona setlhare seo Jesu a neng a se hutsa mo mosong wa maabane. “Moruti, bōna,” o tlhaeletsa jalo, “mofeige o u letseñ u o hutsitse, o bile o omeletse.”
Mme ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a bolaya setlhare seo? O supa lebaka la gone fa a tswelela pele a re: “Amarure kea lo raea, Ha lo na le tumèlō, lo sa belaele, lo tla diha, e señ mo go dihecweñ setlhare se sa mofeige go le gosi, me leha lo ka raea thaba e, [Thota ya Lotlhware e ba emeng mo go yone] lo re, Manologa, u thabuègèlè mo lewatleñ go tla dihala. Le gōna dilō cotlhe tse lo di lōpañ mo thapeloñ, ka go dumèla, lo tla di amogèla.”
Jalo ka go dira gore setlhare se omelele, Jesu o naya barutwa ba gagwe sekao se se supang gore ba tlhoka go nna le tumelo mo Modimong. Jaaka a bolela: “Dilō cotlhe tse lo di rapèlèlañ, lo di lōpa, lo dumèlè ha lo di amogetse, me lo tla di bōna.” Abo ba ne ba ithuta thuto e e botlhokwa jang ne, segolobogolo ka ntlha ya diteko tse dikgolo tse di tlang! Lefa go le jalo, go santse go na le sengwe gape ka setlhare se se omeletseng sa mofeige le go nonofa ga tumelo ya bone.
Tebego ya morafe wa Iseraele, ke e e tsietsang fela jaaka setlhare seno sa mofeige. Lefa morafe ono o le mo kamanong ya kgolagano le Modimo ebile o lebega kafa ntle ekete o obamela melao ya gagwe, o itshupile fa o sena tumelo, o sena maungo a a molemo. Ka gonne o tlhoka tumelo, o setse o gana le eleng Morwa yo eleng wa Modimo tota! Ka ntlha ya moo, ka go omeletsa ga gagwe setlhare se se sa ungweng sa mofeige, Jesu o tshwantsha ka moo morafe o o senang maungo, le o o senang tumelo ono o tla felelang ka gone.
Go ise go e kae, Jesu le barutwa ba gagwe ba tsena mo Jerusalema, mme jaaka ka tlwaelo, ba ya kwa tempeleng, koo Jesu a simololang go ruta gone. Ga go belaetse gore baperesiti ba bagolo le banna ba bagolo ba batho bao, ba santse ba akantse ka seo Jesu a se dirileng kgatlhanong le ba ba ananyang madi, mo letsatsing le le fetileng, ka ba mo gwetlha jaana: “Ana dilō tse u di diha ka taolō ehe? me emañ eo o gu neileñ taolō e?”
Jesu o araba jaana: “Le nna ke tla lo botsa lehoko leñwe, ye e tla reñ ha lo ka le mpolèlèla, le nna ke lo bolèlèle taolō e ke dihañ dilō tse ka eōna. Ana kolobeco ea ga Yohane e ne e cwa kae? A e ne e cwa legodimoñ? kgotsa mo bathuñ?”
Baperesiti le banna ba bagolo ba simolola go botsana gore ba ka araba jang. “E tla re ha re re, E cwa legodimoñ, a re ree a re, Me lo no lo sa mo dumeleleñ? Me ha re re, E cwa mo bathuñ, re bo re boiha batho; gonne botlhe ba kaea Yohane ha e le moperofeti.”
Baeteledipele ga ba itse gore ba ka araba jang. Jalo ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.”
Jesu, le ene, o bua jaana: “Le nna ga ke lo bolelele taolō e ke dihañ dilō tse ka eōna.” Mathaio 21:19-27; Mareko 11:19-33; Luke 20:1-8.
▪ Ke eng se se leng botlhokwa ka Labobedi, Nisane 11?
▪ Ke thuto efe eo Jesu a e rutang fa a dira gore setlhare sa mofeige se omelele?
▪ Jesu o araba bao ba mmotsang gore o dira dilo tseo ka taolo efe jang?