LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 81
  • Maiteko a Mangwe a go Bolaya Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maiteko a Mangwe a go Bolaya Jesu
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a Mangwe a go Bolaya Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jesu o Seoposengwe le Rraagwe
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Buka ya Bibela ya bo 43—Yohane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • A Rraabone ke Aborahame Kgotsa ke Diabolo?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 81

Kgaolo 81

Maiteko a Mangwe a go Bolaya Jesu

EREKA e le nako ya mariga, Jesu o tsamaya fa loobong lo lo bidiwang mathudi a ga Solomone. Le bapile le tempele. Bajuda ba mo phuthaganela fano ba bo ba simolola go re: “U tla re akgaakga mo pelaeloñ ka lobaka lo lo kaee? Ha u le èna Keresete, re bolèlèlè ka thanolō.”

“Ke lo boleletse,” Jesu o a araba, “me ga lo dumele.” Jesu o ne a sa ba bolelela ka tlhamalalo gore ke ene Keresete, jaaka a ne a bolelela mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng. Lefa go le jalo, totatota o ne a setse a senotse gore ke mang fa a ne a ba tlhalosetsa gore o ne a tswa kwa legodimong le gore o ne a nnile gone pele ga Aberahame.

Lefa go ntse jalo, Jesu, o batla gore batho ba itirele tshwetso ka bobone gore ke ene Keresete ka go bapisa ditiro tsa gagwe le seo Bibela e se boleletseng pele gore se tla diragadiwa ke Keresete. Ke gone ka moo a neng a bolelela barutwa ba gagwe pele ga foo gore ba seka ba bolelela ope gore ke ene Keresete. Mme ke gone ka moo jaanong a tswelelang ka go bolelela Bajuda bano ba ba galefileng a re: “Ditihō tse ke di dihañ ka leina ya ga Rrè, cōna di shupa kaga me. Me ga lo dumele.”

Ke ka ntlhayang fa ba sa dumele? A ke ka ntlha ya go bo go se na bosupi jwa gore Jesu ke ene Keresete? Nnyaa, mme ke ka ntlha ya lebaka leo Jesu a le ba nayang fa a ba raya a re: “Ka go bo lo se ba dinku tsa me. Dinku tsa me di utlwa lencwe ya me, me kea di itse, me di ntshale moragō: Me ke di naea botshelō yo bo sa khutleñ; me ga di ketla di nyèlèla gopè, e bile ga go opè eo o tla di phamolañ mo seatleñ sa me. Rrè eo o di nneileñ, o mogolo go botlhe; me ga go opè eo o nonohileñ go di phamola mo seatleñ sa ga Rara.”

Jesu jaanong o tlhalosa go atamalana ga gagwe thata le Rraagwe fa a tlhalosa jaana: “Nna le Rara re moñwe hèla.” Ereka Jesu a le mo lefatsheng mme Rraagwe a le kwa legodimong, seno ka phepafalo ga se reye gore totatota ene le Rraagwe, ka sebele, ba bangwe fela. Go na le moo, o raya gore ba boikaelelo bongwe fela, ba a utlwana.

Ba galefisitswe ke mafoko a ga Jesu, Bajuda ba sela maje go mmolaya, fela jaaka ba ile ba dira pelenyana, ka nako ya Moletlo wa Metlaagana kana ya Diobo. Jesu o bolelela bao e tlileng go nna babolai ba gagwe ka bopelokgale, a re: “Ke lo bontshitse ditihō di le dintsi tse di molemō tsa ga Rara; lo nkgobotleletsa tihō efe ea cōna?”

“Ga re gu kgobotleletse tihō e e molemō,” ba araba jalo, “ha e se tlhapaco, le ka ntlha ea go bu u re u le motho, u itiha Modimo.” Ereka Jesu a ise a ko a iphake gore ke modimo, ke ka ntlhayang fa Bajuda ba bua seno?

Ka phepafalo ke ka gonne Jesu a bolela gore o na le dinonofo tseo ba dumelang gore ke Modimo fela a ka nnang natso. Ka sekai, o fetsa go re ka “dinku,” “ke di naea botshelō yo bo sa khutleñ,” eleng selo seo motho ope a ka se kang a se dira. Lefa go ntse jalo, Bajuda, ba itlhokomolosa lebaka la gore Jesu o bolela fa a newa maatla ke Rraagwe.

Go bontsha gore Jesu o itsaya a sa lekane le Modimo, o bontsha seo morago ka go ba botsa a re: “A ga goa kwalwa mo molaoñ [mo go Pesalema 82:6] oa lona, ga twe, Ke rile, Lo medimo? Ha a biditse bōnè medimo ba lehoko ya Modimo le tsileñ kwa go bōnè . . . A lo raea èna eo Rara o mo itshepisitseñ, a mo roma mo lehatshiñ, loa re, Ua tlhapatsa; ka go bo ke rile Ke Morwa Modimo?”

Ereka Dikwalo di bitsa le eleng baatlhodi ba batho ba ba sa siamang “medimo,” Bajuda bano ba ka bona Jesu molato jang fa a re, “Ke Morwa Modimo”? Jesu o oketsa jaana: “Ha ke sa dihe ditihō tsa ga Rrè, lo se ka loa ntumèla. Me ha ke diha cōna, leha lo sa dumele nna, dumèlañ ditihō; gore lo itse, lo bo lo tlhaloganyè, ha Rara a le mo go nna, le nna mo go Rara.”

Fa Jesu a bua seno, Bajuda ba leka go mo tshwara. Mme o falola jaaka a falotse pelenyana kwa Moletlong wa Metlaagana. O tswa mo Jerusalema a bo a kgabaganya Noka ya Joredane go ya koo Johane a neng a simolola go kolobetsa gone mo e ka nnang dingwaga di ka nna nnè tse di fetileng. Go lebega ekete lefelo leno ga le kgakala le lotshitshi lo lo kafa borwa jwa Lewatle la Galilea, mo e ka nnang mosepele wa malatsi a le mabedi go tswa mo Jerusalema.

Batho ba le bantsi ba tla kwa go Jesu mo lefelong leno ba bo ba simolola go re: “Le galè Yohane ga a ka a diha seshupō sepè: me dilō cotlhe hèla tse Yohane o di buileñ kaga monna eo, e ne e le boamarure.” Ka jalo ba le bantsi fano ba dumela mo go Jesu. Yohane 10:22-42; 4:26; 8:23, 58; Mathaio 16:20.

▪ Jesu o ne a batla gore batho ba supe fa e le Keresete ka eng?

▪ Jesu le Rraagwe ba bangwe fela ka tsela efe?

▪ Ke ka ntlhayang fa Bajuda ba bolela gore Jesu o itira modimo?

▪ Fa Jesu a tsopola mo go Dipesalema o bontsha jang gore ga a iphake gore o lekana le Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela