KGAOLO 69
A Rraabone Ke Aborahame Kgotsa Ke Diabolo?
BAJUBA BA RE ABORAHAME KE RRAABONE
PELE GA ABORAHAME A NNA GONE, JESU O NE A NTSE A LE GONE
Jesu o mo Jerusalema mo Moletlong wa Metlaagana (kgotsa Diobo), mme o tswelela a ruta batho dithuto tsa boammaaruri. Bajuda bangwe ba ba tlileng mo moletlong ono, ba sa tswa go mo raya ba re: “Re bana ba ga Aborahame mme ga re ise re ko re nne batlhanka ba ga ope.” Jesu o ba raya a re: “Ke a itse gore lo bana ba ga Aborahame. Le fa go ntse jalo, lo batla go mpolaya, ka gonne ga lo amogele dithuto tsa me. Ke bua dilo tse ke di boneng fa ke sa ntse ke na le Rara, mme lona lo dira dilo tse lo di utlwileng mo go rraalona.”—Johane 8:33, 37, 38.
Se Jesu a se buang se motlhofo: Rraagwe o farolgane le rraabone. E re ka Bajuda ba sa tlhaloganye se Jesu a se kayang, ba boeletsa mafoko a bone ba re: “Rraarona ke Aborahame.” (Johane 8:39; Isaia 41:8) Ke ditlogolwana tsa ga Aborahame. Ka jalo, ba akanya gore ba na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame, yo e leng tsala ya Modimo.
Le fa go ntse jalo, Jesu o ba araba ka tsela eno e e gakgamatsang: “Fa lo ne lo le bana ba ga Aborahame, lo ka bo lo dira ditiro tsa ga Aborahame.” Ga go pelaelo gore morwa o etsa rraagwe. Jesu o tswelela ka go ba raya a re: “Mme jaanong lo batla go mpolaya, nna yo ke lo boleletseng boammaaruri jo ke bo utlwileng mo Modimong. Aborahame o ne a ka se ka a dira jalo.” Go tswa foo o ba raya a re: “Lo dira ditiro tsa ga rraalona.”—Johane 8:39-41.
Bajuda ba sa ntse ba sa tlhogaloganye gore Jesu o bua ka mang. Ba akanya gore a re ke bana ba ba tshotsweng kwa ntle ga lenyalo, ka jalo ba mo raya ba re: “Ga re bana ba ba tshotsweng kwa ntle ga lenyalo; re na le Rre a le mongwe, e bong Modimo.” A mme gone Modimo ke Rraabone? Jesu o ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le Rraalona, lo ne lo tla nthata, ka gonne ke tswa kwa Modimong e bile ke fano. Ga ke a tla ka bonna, mme ke romilwe ke Ene yoo.” Go tswa foo o botsa potso a bo a ikaraba a re: “Ke ka ntlha yang fa lo sa tlhaloganye se ke se buang? Ka gonne ga lo kgone go reetsa lefoko la me.”—Johane 8:41-43.
Jesu o lekile go ba bontsha ditlamorago tsa go gana go mo amogela. Jaanong o ba bolelela ka tlhamalalo a re: “Rraalona ke Diabolo e bile lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona.” Rraabone o ntse jang? Jesu o mo tlhalosa sentle a re: “Ene yoo e ne e le mmolai go tloga kwa tshimologong, mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” Go tswa foo a bo a re: “Bana ba Modimo ba reetsa mafoko a Modimo. Mme ga lo batle go reetsa, ka gonne ga lo bana ba Modimo.”—Johane 8:44, 47.
Seno se galefisa Bajuda ba bo ba mo araba ba re: “A ga re bue nnete fa re re, ‘O Mosamarea e bile o na le ledimona’?” Ba bitsa Jesu ba re ‘ke Mosamarea’ e le go bontsha gore ba a mo nyatsa. Mme Jesu o a ba itlhokomolosa a bo a ba raya a re: “Ga ke na ledimona, mme ke tlotla Rre, le fa go ntse jalo, lona lo a ntlontlolola.” Jesu o bontsha gore kgang eno e masisi ka go bua jaana: “Fa mongwe a ikobela lefoko la me, ga a kitla a swa.” Ga a reye gore baaposetoloi le barutwa ba gagwe ba bangwe ga ba kitla ba swa gotlhelele. Go na le moo, o raya gore ga ba kitla ba bona “loso lwa bobedi,” lo mo go lone motho a se nang tsholofelo ya go tsosiwa.—Johane 8:48-51; Tshenolo 21:8.
Mme Bajuda ba tsaya mafoko a ga Jesu fela jaaka a ntse, ka jalo ba mo raya ba re: “Jaanong re a bona gore o na le ledimona. Aborahame o sule, baporofeti le bone ba sule, mme wena o a re, ‘Fa mongwe a ikobela lefoko la me, ga a kitla a swa.’ Ga o mogolo mo go rraarona Aborahame, yo o suleng, gakere? . . . Wena o ithaya o re o mang?”—Johane 8:52, 53.
Ga go pelaelo gore Jesu o ba bontsha gore ke ene Mesia. Mme ga a ba arabe ka tlhamalalo, go na le moo o ba raya a re: “Fa e le gore nna ke a ikgalaletsa, kgalalelo ya me ga se sepe. Rre ke ene yo o nkgalaletsang, ene yo lo reng ke Modimo wa lona. Le fa go ntse jalo, ga lo ise lo mo itse, mme nna ke a mo itse. Fa nkabo ke rile ga ke mo itse, nkabo ke tshwana le lona, ke le moaki.”—Johane 8:54, 55.
Jesu o bua gape ka sekai sa ga rraabonemogolo yo o ikanyegang, a re: “Rraalona e bong Aborahame o ne a itumelela thata go nna le tsholofelo ya go bona letsatsi le ke neng ke tla tla ka lone, mme o ne a le bona a bo a itumela.” E re ka Aborahame a ne a dumela se Modimo a se solofeditseng, o ne a lebile pele go bona Mesia a goroga. Bajuda ba araba Jesu ba sa dumele, ba re: “Ga o ise o nne le dingwaga di le 50, jaanong go tla jang gore o bo o bone Aborahame?” Jesu o ba araba a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, pele ga Aborahame a nna gone, ke ne ke ntse ke le gone.” O bua ka botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong pele ga a tla go tshela mo lefatsheng.—Johane 8:56-58.
Bajuda ba a galefa fa Jesu a re o tshedile pele ga ga Aborahame, ka jalo ba batla go mo kgobotletsa ka maje. Le fa go ntse jalo, o tswa mo gare ga bone a sa gobala.