Kgaolo 84
Boikarabelo jwa go nna Morutwa
MORAGO ga go tloga kwa ntlong ya Mofarasai wa maemo a a kwa godimo, yo go bonalang e le leloko la Sanehederine, Jesu o tsweledisa loeto lwa gagwe lwa go ya Jerusalema. Boidiidi jo bogolo jwa batho bo mo sala morago. Mme maikaelelo a bone ke eng? Ke eng seo tota se kopanyelediwang mo go nneng molatedi wa gagwe wa boammaaruri?
Fa ba ntse ba tsamaya, Jesu o retologela kwa boidiiding jwa batho mme gongwe o ba gakgamatsa fa a re: “Ha motho, leha e le mañ, a tla kwa go nna, me a sa ile rragwè, le mmagwè, le mosadi oa gagwè, le bana, le bana ba ga rragwè ba basimane, le ba basetsana, E, le yōna botshelō yoa gagwè, ga a kake a nna morutwa oa me.”
Jesu o raya jang? Fa Jesu ga a reye gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go ila bamasika a bone ka mmatota. Go na le moo, ba tshwanetse go ba ila ka tlhaloganyo ya gore ba ne ba sa tshwanela go ba rata jaaka ba mo rata. Go bolelwa fa rremogologolwane wa ga Jesu ebong Jakobe a ne a ‘ila’ Lea mme a rata Ragele, seo se neng se raya gore Lea o ne a sa ratwe jaaka morwadiarraagwe ebong Ragele.
Tlhokomela, gape, gore Jesu o boletse gore morutwa o tshwanetse go ila “moya wa gagwe,” (NW) kana botshelo. Jesu gape o raya gore morutwa wa boammaaruri o tshwanetse go Mo rata le eleng go feta jaaka a rata botshelo jwa gagwe. Ka jalo Jesu o gatelela gore go nna morutwa wa gagwe ke boikarabelo jo bo masisi. Ga se selo se se tshwanetseng go tsewa motho a sa ikakanya sentle.
Mathata le go bogisiwa di a kopanyelediwa mo go nneng morutwa wa ga Jesu, jaaka a tswelela go bontsha a re: “Leha e le mañ eo o sa sikareñ mokgōrō o e leñ oa gagwè, me a ntshala moragō, ga a kake a nna morutwa oa me.” Ka jalo, morutwa wa boammaaruri o tshwanetse go bo a ikemiseditse go rwala mokgweleo wa go sotliwa o o tshwanang le o Jesu a neng a o itshokela, go kopanyeletsa, fa go tlhokega, le eleng go swa a bolawa ke baba ba Modimo, eleng seo Jesu a tla tlogang a se dira.
Ka jalo, go nna morutwa wa ga Keresete ke kgang eo boidiidi jwa batho ba ba mo setseng morago bo tlhokang go e sekaseka ka kelotlhoko. Jesu o gatelela ntlha eno ka setshwantsho. A re, “Gonne ke ohe oa lona eo e ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ, me a se ke a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekanyeñ go e shwetsa. E se re kgotsa a sena go e thaea, a retelèlwe ke go e shwetsa; me botlhe ba ba e bōnañ ba simolole go mo shotla, Ba re, Monna eo, o simolotse go aga, me a bo a sa nonoha go shwetsa.”
Jalo Jesu o tshwantshetsa boidiidi jwa batho ba ba mo setseng morago gore pele ga ba ka fetoga barutwa ba gagwe, ba tshwanetse go fetsa mogopolo gore ba tla kgona go diragatsa se se kopanyelediwang, fela jaaka monna yo o batlang go aga kago e e godileng a tlhomamisa pele a simolola gore o na le madi a a tla kgonang go e fetsa. Fa a naya setshwantsho se sengwe gape, Jesu o tswelela ka go re:
“Kgotsa kgosi ke ehe, e e ka reñ e ea go tlhabana le kgosi e ñwe, e e se keñ e dula pele, e senka kgakololō ea go re, a e nonohile ka e na le ba ba bothousanda ba le shomè, go ea go kgatlhantsha e e tlañ kwa go eōna e na le ba ba bothousanda ba mashomè mabedi. E tle e re ha go sa nna yalo, e re e ñwe e sa nntse e le kgakala, e rome batho ba èe go lōpa mo go ka agisanyañ.”
Jesu jaanong o gatelela ntlha ya setshwantsho sa gagwe, ka go re: “Go nntse hèla yalo, leha e le mañ mo go lona eo o sa tlogeleñ dilō cotlhe tse o nañ nacō, ga a kake a nna morutwa oa me.” Ke seo boidiidi jwa batho ba ba mo setseng morago, ee, le mongwe le mongwe yo o ithutang kaga Keresete, a tshwanetseng a bo a ikemiseditse go se dira. Ba tshwanetse ba bo ba ikaeletse go ithontsha sengwe le sengwe seo ba nang naso—dilo tsotlhe tsa bone, go akaretsa le botshelo ka bojone—fa ba batla go nna barutwa ba gagwe. A o ikemiseditse go dira seno?
“Le galè lecwai le molemō,” Jesu o a tswelela. Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ke “lecwai ya lehatshe,” a raya gore ba na le tlhotlheletso e e ka bolokang batho, fela jaaka letswai la mmatota le kgona go boloka dilo mo go senyegeng. “Me ha lecwai le senyegile molodi, lea bo le ka lokwa ka eñ? Ga le na tihō, leha e le mo tshimoñ, leha e le mo thutubuduñ ea bubi,” Jesu o digela jalo. “Batho ba tle ba le latlhèle kwa ntlè. Èna eo o nañ le ditsèbè go utlwa, a a utlwè.”
Jalo Jesu o bontsha gore le eleng bao e neng e ntse e le barutwa ba gagwe ka nako e e rileng ga ba a tshwanela gore ba boele kwa morago mo maikaelelong a bone a go tswelela. Fa ba dira jalo, ba tla nna ba ba senang mosola, eleng ba ba tla sotliwang ke lefatshe leno mme ba sa tshwanele Modimo, totatota, ba tlisetsa Modimo kgobo. Ka gone, jaaka letswai le le senang molodi, le le leswe, ba tla latlhelwa kwa ntle, ee, ba senngwa. Luke 14:25-35; Genesise 29:30-33; Mathaio 5:13.
▪ Go “ila” balosika lwa gago le go ikila go rayang?
▪ Ke ditshwantsho dife tse pedi tseo Jesu a di neelang, mme di raya eng?
▪ Ntlha ya mafoko ao Jesu a konelang ka one kaga letswai ke efe?