KGAOLO 13
Ba ba Neng ba Nna Barutwa ba ga Jesu
Monna yono ke mang, mme o nna jang morutwa wa ga Jesu?
KE MANG motlhanka yo o molemo thata wa Modimo yo o kileng a tshela?— Ee, ke Jesu Keresete. A o akanya gore re ka tshwana le ene?— Baebele ya re o re tlhometse sekao gore re se sale morago. Mme o re kopa gore re nne barutwa ba gagwe.
A o itse gore go nna morutwa wa ga Jesu go rayang?— Go raya dilo di le mmalwa. Sa ntlha, re tshwanetse go ithuta mo go ene. Mme seo ga se a lekana. Gape re tshwanetse go dumela tota se a se buang. Fa re dira jalo, re tla dira se a re bolelelang gore re se dire.
Batho ba le bantsi ba re ba dumela mo go Jesu. A o akanya gore tota botlhe ke barutwa ba gagwe?— Nnyaa, bontsi jwa bone ga se bone. Ba ka tswa ba tsena kereke. Mme ba le bantsi ba bone ga ba ise ba iphe nako ya go ithuta dilo tse Jesu a neng a di ruta. Tota batho ba ba latelang sekao sa ga Jesu ke bone barutwa ba gagwe.
A re bue ka batho bangwe ba e neng e le barutwa ba ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. Mongwe wa ba ntlha go nna morutwa ke Filipo. Filipo o tsamaya a ya go batla tsala ya gagwe Nathanaele (yo gape a bidiwang Barotholomeo), yo o ntseng kafa tlase ga setlhare. Fa Nathanaele a fitlha fa go Jesu, Jesu a re: ‘Bona, monna yo o ikanyegang, Moiseraele ruri.’ Nathanaele o gakgametse mme o botsa jaana: “Go tla jang gore o bo o nkitse?”
Jesu o bitsa bomang go nna barutwa ba gagwe?
Jesu a re: “Pele ga Filipo a go bitsa, fa o ne o sa ntse o le kafa tlase ga setlhare sa mofeige, ke ne ka go bona.” Nathanaele o gakgametse gore Jesu o ne a itse kwa a neng a le teng tota, mme Nathanaele a re: “O Morwa Modimo, o Kgosi ya Iseraele.”—Johane 1:49.
Judase Isekariota, Judase (yo gape a bidiwang Thadaeo), Simone
Ba bangwe ba ne ba nna barutwa ba ga Jesu letsatsi pele ga Filipo le Nathanaele ba nna barutwa. Bao ke Anderea le Petere mmogo le Johane, gongwe le mogoloe Jakobe. (Johane 1:35-51) Le fa go ntse jalo, morago ga nakwana bano ba boela kwa tirong ya bone ya go tshwara ditlhapi. Mme tsatsi lengwe fa Jesu a tsamaya fa thoko ga Lewatle la Galalea, o bona Petere le Anderea ba latlhela letloa la bone la go tshwara ditlhapi mo lewatleng. Jesu o a ba bitsa: “Ntshalang morago.”
Jakobe (morwawe Alefaeo), Thomase, Mathaio
Fa Jesu a tsamaela kwa pele o bona Jakobe le Johane. Ba mo mokorong le rraabone, ba baakanya matloa a go tshwara ditlhapi. Jesu o a ba bitsa gore ba mo sale morago. O ne o tla dirang fa Jesu a ne a go biditse? A o ne o tla tsamaya le ene gone fela foo?— Banna bano ba itse gore Jesu ke mang. Ba itse gore o romilwe ke Modimo. Ka gone ba tlogela tiro ya bone ya go tshwara ditlhapi mme ba sala Jesu morago.—Mathaio 4:18-22.
Nathanaele, Filipo, Johane
Fa banna bano ba ne ba nna balatedi ba ga Jesu, a go ne go raya gore morago ga moo ba ne ba dira se se siameng ka metlha?— Nnyaa. O ka tswa o gakologelwa gore banna bano e bile ba ne ba ganetsana gore ke mang yo mogolo mo go bone botlhe. Mme ba ne ba reetsa Jesu, e bile ba ne ba ikemiseditse go fetoga.
Jakobe (mogoloe Johane), Andrea, Petere
Jesu o ne a kopa batho ba mefuta yotlhe go nna barutwa ba gagwe. Ka nako nngwe, mmusi yo mmotlana yo o humileng o ne a tla kwa go Jesu a mmotsa gore a dire eng go bona botshelo jo bo sa khutleng. Fa mmusi yono yo o humileng a bolela gore o ntse a latela melao ya Modimo go tswa bongwaneng, Jesu o ne a mo raya a re: ‘Tla o nne molatedi wa me.’ A o itse gore go ne ga diragalang?—
Fa monna yono a ne a ithuta gore go nna morutwa wa ga Jesu go ne go tshwanetse ga nna botlhokwa go feta go nna mohumi, o ne a utlwa botlhoko thata. Ga a ka a nna morutwa wa ga Jesu ka gonne o ne a rata madi a gagwe go feta kafa a neng a rata Modimo ka teng.—Luke 18:18-25.
Fa Jesu a sena go rera mo e ka nnang ngwaga le halofo, o ne a tlhopha ba le 12 ba barutwa ba gagwe go nna baaposetoloi. Baaposetoloi e ne e le banna ba a neng a ba roma go ya go dira tiro e e kgethegileng. A o itse maina a bone?— A re a ithute. Leba ditshwantsho tsa bone fano, mme o bone gore a o ka ba bitsa ka maina. Leka go bitsa maina a bone ka tlhogo.
Basadi bano ba ba neng ba thusa Jesu fa a ne a ya go rera ke bomang?
Fa nako e ntse e tsamaya, mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 o ne a nna bosula. E ne e le Judase Isekariota. Morago ga moo, morutwa yo mongwe o ne a tlhophiwa go nna moaposetoloi. A o itse leina la gagwe?— E ne e le Mathiase. Moragonyana, Paulo le Barenabase le bone ba ne ba nna baaposetoloi, mme ba ne ba se mo setlhopheng sa ba ba 12.—Ditiro 1:23-26; 14:14.
Jaaka re ithutile mo go kgaolo 1 ya buka eno, Jesu o ne a rata bana ba bannye. Ke eng fa a ne a ba rata?— Ka gonne o ne a itse gore le bone ba ne ba ka nna barutwa ba gagwe. Tota e bile, gantsi bana ba bua ka tsela e e dirang gore bagolo ba reetse e bile ba batle go ithuta go le gontsi ka Morutisi yo Mogolo.
Basadi ba bantsi le bone ba ne ba nna barutwa ba ga Jesu. Bangwe ba bone ba ne ba tsamaya le ene fa a ne a ya kwa metseng e mengwe a ya go rera. Marea Magadalena, Joana le Susana ba ne ba dira jalo. Gape ba ka tswa ba ne ba mo thusa go apaya dijo le go mo tlhatswetsa diaparo.—Luke 8:1-3.
A o batla go nna morutwa wa ga Jesu?— Gakologelwa gore, go bua fela re re re barutwa ba ga gagwe ga go reye gore re bone. Re tshwanetse go itshwara jaaka barutwa ba gagwe gongwe le gongwe kwa re leng teng, e seng fela fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete. A o ka akanya ka mafelo a mangwe a go leng botlhokwa gore fa re le kwa go one re itshware jaaka barutwa ba ga Jesu?—
Ee, re tshwanetse go itshwara jalo fa re le kwa gae. Mme lefelo le lengwe gape ke kwa sekolong. Nna le wena ga re a tshwanela go lebala gore fa re batla go nna barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu, re tshwanetse go itshwara jaaka a ne a itshwara letsatsi lotlhe, malatsi otlhe, gongwe le gongwe kwa re leng teng.
Re tshwanetse go itshwara jaaka barutwa ba ga Jesu fa re le kae?
Jaanong a re baleng mmogo se Baebele e se buang ka barutwa ba ga Jesu, mo go Mathaio 28:19, 20; Luke 6:13-16; Johane 8:31, 32; le 1 Petere 2:21.