KGAOLO 14
Jesu O Simolola Go Dira Barutwa
BARUTWA BA NTLHA BA GA JESU BA TSAMAYA LE ENE
Morago ga malatsi a le 40 Jesu a le kwa nageng, o boela kwa go Johane yo a neng a mo kolobeditse. Fa Johane a bona Jesu a tla kwa go ene, o a mo supa a bo a raya batho ba ba leng foo a re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe! Yono ke ene yo ke neng ka bua ka ene ke re: ‘Kwa morago ga me go tla monna mongwe yo o tla nnang mogolo go mpheta, ka gonne o ne a nna gone pele ga me.’” (Johane 1:29, 30) Le fa gone Johane a feta Jesu ka dikgwedi di se kae, o a itse gore Jesu o nnile teng pele ga gagwe ka gonne o ne a tshela kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng.
Dibeke di se kae pele ga moo, fa Jesu a ne a ya go kolobediwa, go bonala Johane a ne a sa itse gore Jesu ke ene a tla nnang Mesia. A re: “Tota le nna ke ne ke sa mo itse, mme lebaka la go bo ke kolobetsa mo metsing e ne e le gore batho ba Iseraele ba tle ba mo itse.”—Johane 1:31.
Johane o tswelela a bolelela bareetsi ba gagwe se se neng sa direga fa a kolobetsa Jesu, a re: “Ke ne ka bona moya o o boitshepo o fologa jaaka lephoi o tswa kwa legodimong o bo o nna mo go ene. Tota le nna ke ne ke sa mo itse, mme Ene yo o nthomileng gore ke kolobetse mo metsing o ne a nthaya a re: ‘Fa o bona moya o o boitshepo o fologela mo mothong ope fela o bo o nna mo go ene, yoo ke ene yo o kolobetsang ka moya o o boitshepo.’ Mme ke o bone e bile ke ne ka bolela gore yono ke Morwa Modimo.”—Johane 1:32-34.
Johane o na le barutwa ba gagwe ba babedi fa Jesu a tla kwa go ene mo letsatsing le le latelang. Johane o ba raya a re: “Bonang Kwana ya Modimo!” (Johane 1:36) Ka yone nako eo, barutwa bano ba babedi ba ga Johane Mokolobetsi ba sala Jesu morago. Yo mongwe mo go bone o bidiwa Anderea. Go ka direga gore mongwe wa bone ke ene a ileng a kwala ka tiragalo eno, mme le ene o bidiwa Johane. Go bonala Johane yono e le ntsalae Jesu, ka gonne ke morwa Salome. Salome e ka tswa e le monnawe Marea, mme monna wa gagwe ke Sebede.
Fa Jesu a leba kwa morago mme a bona Anderea le Johane ba mo setse morago, o ba botsa a re: “Lo batla eng?”
Ba mo raya ba re: “Rabi, o nna kae?”
Jesu o ba raya a re: “Tlang, mme lo tla bona.”—Johane 1:37-39.
Ke mo e ka nna ka ura ya bonê motshegare, mme Anderea le Johane ba nna le Jesu go fitlha letsatsi le phirima. Anderea o itumetse thata mo e leng gore fa a kopana le mogolowe e bong Simone, yo gape a bidiwang Petere, o mo raya a re: “Re bone Mesia.” (Johane 1:41) O isa Petere kwa go Jesu. Go bonala moragonyana Johane le ene a ile a isa mogolowe e bong Jakobe kwa go Jesu; mme gone Johane ga a kwala ntlha eno mo pegong ya gagwe.
Mo letsatsing le le latelang, Jesu o kopana le Filipo, yo o tswang kwa Bethesaida. Motse ono o gaufi le Lewatle la Galalea mme ke gone kwa Anderea le Petere ba nnang teng. Jesu o raya Filipo a re: “Nna molatedi wa me.”—Johane 1:43.
Go tswa foo, Filipo o bona Nathanaele, yo gape a bidiwang Barotholomeo, mme o mo raya a re: “Re bone Jesu, morwa Josefa wa kwa Nasaretha. Ene yo Moshe a neng a kwala ka ene mo Molaong le yo Baporofeti ba neng ba bua ka ene.” Nathanaele ga a dumele seo mme o raya Filipo a re: “A go ka tswa sengwe se se molemo kwa Nasaretha?”
Filipo o mo raya a re: “Tla o bone.” Jesu o bona Nathanaele a tla kwa go ene mme o mo raya a re: “Bona Moiseraele tota, yo go se nang boferefere bope mo go ene.”
Nathanaele o mo raya a re: “Go tla jang gore o bo o nkitse?”
Jesu o mo raya a re: “Pele ga Filipo a go bitsa, fa o ne o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, ke ne ka go bona.”
Nathanaele o mo araba a gakgametse a re: “Rabi, o Morwa Modimo, o Kgosi ya Iseraele.”
Jesu o mo raya a re: “A o dumela ka gonne ke go reile ka re ke go bone o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tla bona dilo tse dikgolo go feta tseno.” Go tswa foo Jesu a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, lo tla bona legodimo le bulegile mme baengele ba Modimo ba tlhatlogela e bile ba fologela kwa go Morwa motho.”—Johane 1:45-51.
Ka bonako fela morago ga moo, Jesu le barutwa bano ba gagwe ba a sa tswang go ba tlhopha, ba tswa mo Mokgatšheng wa Joredane ba bo ba ya kwa Galalea.