LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 14
  • Barutwa ba Ntlha ba ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barutwa ba Ntlha ba ga Jesu
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Simolola go Dira Barutwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ba ba Neng ba Nna Barutwa ba ga Jesu
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Johane o Kolobetsa Jesu
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba ba Lesome le Bobedi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 14

Kgaolo 14

Barutwa ba Ntlha ba ga Jesu

MORAGO ga malatsi a le 40 mo nageng, Jesu o boela kwa go Johane yo a neng a mo kolobetsa. Jaaka a atamela, go lebega Johane a mo supa a bo a tlhaeletsa ba ba leng foo ka go re: “Bōnañ, Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe! Ke èna eo ke buileñ kaga gagwè, ka re, Moragō ga me go tla monna eo o bileñ a nntse pele ga me: gonne o na a leeō pele ga me.” Lemororo Johane a le mogolwanyane mo go ntsalae eleng Jesu, Johane o itse gore Jesu o ne a nna gone pele ga gagwe jaaka motho wa semoya mo legodimong.

Lefa go le jalo, dibeke di sekae pelenyana ga moo, fa Jesu a ne a tla go kolobediwa, go lebega Johane a ne a sa tlhomamise gore Jesu e ne e le ene Mesia. “Me ka bo ke sa mo itse,” Johane o bolela jalo, “me ke tsile ke kolobetsa ka metse, gore a tlè a senolèlwè Iseraela.”

Johane o tswelela go tlhalosetsa bareetsi ba gagwe seo se neng sa diragala fa a ne a kolobetsa Jesu: “Ke bonye Mōea o hologa yaka lephoi, o cwa legodimoñ; me oa nna mo go èna. Me ka bo ke sa mo itse: me èna eo o nthomileñ, gore ke tlè go kolobetsa ka metse, ke èna eo o ntheileñ, a re, Eo u bōnañ Mōea o hologèla mo go èna, o nna go èna, ke èna eo o kolobetsañ ka Mōea o o Boitshèpō. Me ke bonye, ka ba ka shupa ha eo e le Morwa Modimo.”

Letsatsi le le latelang Johane o eme le barutwa ba gagwe ba babedi. Gape, jaaka Jesu a atamela, a re: “Bōnañ, Kwana oa Modimo!” Fa a rialo, barutwa ba babedi bano ba ga Johane Mokolobetsi ba sala Jesu morago. Mongwe wa bone ke Anderea, mme yo mongwe go bonala e le ene motho yo o ileng a kwala tsone dilo tseno, yoo le ene o neng a bidiwa Johane. Go ya kafa bosupi bo bontshang ka teng, Johane yono gape, ke ntsalaa Jesu, ereka go lebega e le morwa morwadiaarraagwe Maria, ebong Salome.

Fa a retologa mme a bona Anderea le Johane ba mo setse morago, Jesu o a botsa: “Lo batlañ?”

“Rabi,” ba a botsa, “u nna kae?”

“A re tsamaeeñ, me lo tla bōna,” Jesu o a araba.

E ka nna ya bo e le nako ya bonè thapama, mme Anderea le Johane ba tlhola le Jesu letsatsi leo lotlhe. Moragonyana Anderea o itumetse fela thata mo a itlhaganelelang go batla monnawe, yo o bidiwang Petere. “Re bonye Mesia,” o mmolelela jalo. Mme o isa Petere kwa go Jesu. Gongwe Johane ka yone nako eno o bona mogolowe eleng Jakobe a bo a mo tlisa kwa go Jesu; lefa go le jalo, jaaka e le mokgwa wa gagwe, Johane o tlogela boikitsiso jono jo bo amanang le ene ka sebele mo Efangeleng ya gagwe.

Letsatsi le le latelang, Jesu o bona Filipo, yo o tswang kwa Bethesaida, one motse o Anderea le Petere ba tswang kwa go one. O ba laletsa ka go re: “Ntshala moragō.”

Go tswa foo Filipo o bona Nathaniele, yo gape a bidiwang Baretholomea, a bo a re: “Re bonye èna eo Moshe o kwadileñ kaga gagwè mo molaoñ, le bonè baperofeti, eboñ Yesu oa Nasaretha, morwa Yosefe.” Nathaniele o a belaela. “A señwe se se molemō se ka cwa Nasaretha?” o a botsa.

“A re tsamaeè, u eè go bōna,” Filipo o a mo rotloetsa. Fa ba tla fa go Jesu, Jesu o raya Nathaniele a re: “Bōnañ Moiseraela oa amarure, eo go senañ boherehere bopè mo go èna!”

“U nkitsile yañ?” Nathaniele o a botsa.

“E rile u le ha tlhatse ga mofeige, Filipo a e se a gu bitse, nna ka go bōna,” Jesu o araba jalo.

Nathaniele o akabetse. “Rabi [se se rayang gore Moruti], u Morwa Modimo, u Kgosi ea Iseraela,” o bolela jalo.

“A u dumèla ka go bo ke gu reile, ka re, Ke gu bonye u le ha tlhatse ga mofeige?” Jesu o a mmotsa. “U tla bōna dilō tse dikgolo bogolo go tse.” Go tswa foo o solofetsa jaana: “Amarure, amarure, kea lo raea, Lo tla bōna legodimo le atlhamologile, le baengele ba Modimo ba tlhatloga, ba ba ba hologèla mo go Morwa Motho.”

Ka bofefo fela morago ga seno, Jesu, mmogo le barutwa ba gagwe ba a sa tswang go nna nabo, ba tswa fa Mokgatšheng wa Joredane ba bo ba tsaya loeto go ya kwa Galalea. Yohane 1:29-51.

▪ Barutwa ba ntlha ba ga Jesu ke bomang?

▪ Petere, gongwe le Jakobe, ba ne ba itsisiwa Jesu jang?

▪ Ke eng se se neng sa tlhatswa Nathaniele pelo gore Jesu e ne e le Morwa Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela