LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 34 ts. 82-ts. 83 ser. 6
  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba ba Lesome le Bobedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba ba Lesome le Bobedi
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Kgetha Baaposetoloi ba Gagwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ba ba Neng ba Nna Barutwa ba ga Jesu
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Jesu o Ruta mo Thabeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba le 12
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 34 ts. 82-ts. 83 ser. 6
Jesu o ya kwa thabeng

KGAOLO 34

Jesu O Tlhopha Baaposetoloi Ba Ba Lesome Le Bobedi

MAREKO 3:13-19 LUKE 6:12-16

  • BAAPOSETOLOI BA BA 12

Go setse go fetile mo e ka nnang ngwaga le halofo fa e sa le Johane Mokolobetsi a itsise gore Jesu ke Kwana ya Modimo. Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe phatlalatsa, banna bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba nna balatedi ba gagwe; banna bao ke Anderea, Simone Petere, Johane, gongwe le Jakobe (mogolowe Johane), Filipo le Barotholomeo (yo gape a bidiwang Nathanaele). Fa nako e ntse e tsamaya, batho ba bangwe ba bantsi ba ne ba nna balatedi ba ga Keresete.—Johane 1:45-47.

Jaanong Jesu o ipaakanyetsa go tlhopha baaposetoloi. Batho bano e tla nna ditsala tse di atamalaneng thata le ene, e bile o tla ba katisa ka tsela e e kgethegileng. Mme pele ga a ba tlhopha, o ya kwa thabeng, gongwe e e gaufi le Lewatle la Galalea gautshwane le Kaperenama. O fetsa bosigo jotlhe a rapela, a ka tswa a kopa Modimo gore a mo fe botlhale e bile a mo segofatse. Letsatsi le le latelang, o biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a bo a tlhopha ba le 12 mo go bone gore e nne baaposetoloi ba gagwe.

Jesu o tlhopha banna ba barataro ba ba umakilweng kwa tshimologong, gammogo le Mathaio, yo Jesu a neng a mmitsa kwa ofising ya lekgetho. Ba bangwe ba batlhano ba a ba tlhophang ke Judase (yo gape a bidiwang Thadaeo e bile a bidiwa “morwa Jakobe”), Simone wa Mokanana, Thomase, Jakobe morwa Alefaeo le Judase Isekariota.—Mathaio 10:2-4; Luke 6:16.

Jesu o a rapela pele ga a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi

Go tla go fitlha mo nakong eno, banna bano ba ba 12 ba ntse ba tsamaya le Jesu, mme o ba itse sentle. Bangwe ba bone ke masika a gagwe. Go bonala Jakobe le Johane e le bontsalae Jesu ba ba atamalaneng thata le ene ka losika. Mme jaaka bangwe ba tlhalosa, fa e le gore Alefaeo e ne e le monnawe Josefa, rraagwe Jesu, seo se raya gore morwa Alefaeo e bong moaposetoloi Jakobe, le ene ke ntsalae Jesu.

Jesu ga a na bothata jwa go gakologelwa maina a baaposetoloi ba gagwe. A wena o kgona go a gopola? O ka thusiwa ke go gopola gore go na le bo-Simone ba babedi, bo-Jakobe ba babedi le bo-Judase ba babedi. Simone (Petere) o na le monnawe e bong Anderea, mme Jakobe (morwa Sebede) le ene o na le monnawe e bong Johane. Eo ke tsela e e ka go thusang go gopola maina a baaposetoloi ba ba robedi. Ba bangwe ba banê ke mokgethisi (Mathaio), (Thomase) yo moragonyana a neng a nna le dipelaelo, (Nathanaele) yo o neng a bidiwa a le ka fa tlase ga setlhare le tsala ya gagwe (Filipo).

Baaposetoloi ba ba 11 ba tswa kwa Galalea, kwa kgaolong e Jesu a tswang kwa go yone. Nathanaele o tswa kwa Kana. Filipo, Petere le Anderea ba tswa kwa Bethesaida. Fa nako e ntse e tsamaya, Petere le Anderea ba fudugela kwa Kaperenama, kwa Mathaio a ka tswang a nna gone. Jakobe le Johane le bone ba nna mo Kaperenama kgotsa gaufi le yone, e bile ba na le kgwebo ya go tshwara ditlhapi teng. Go bonala Judase Isekariota, yo moragonyana a neng a rekisa Jesu, e le ene fela moaposetoloi yo o tswang kwa Judea.

  • Ke tshwetso efe e e masisi e Jesu a e dirang morago ga go fetsa bosigo jotlhe a rapela?

  • Baaposetoloi ba ga Jesu ke bomang, mme ke eng se se ka go thusang go gopola maina a bone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela