LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 80 ts. 188-ts. 189 ser. 1
  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba le 12

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba le 12
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba ba Lesome le Bobedi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Kgetha Baaposetoloi ba Gagwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Ruta mo Thabeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Ba ba Neng ba Nna Barutwa ba ga Jesu
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 80 ts. 188-ts. 189 ser. 1
Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba le 12

THUTO 80

Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba le 12

Fa Jesu a sena go fetsa ngwaga le dikgwedi di le thataro a ntse a rera, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso nngwe ya botlhokwa. O ne a tshwanelwa ke go tlhopha batho ba ba tla tsamayang le ene le ba ba tla etelelang pele mo phuthegong ya Bokeresete. Jesu o ne a batla gore Jehofa a mo thuse go dira tshwetso eo. Ka jalo, o ne a ya kwa thabeng mme a rapela bosigo jotlhe. Mo mosong, Jesu o ne a phutha barutwa ba gagwe mme a tlhopha ba le 12 go nna baaposetoloi ba gagwe. Ke bafe ba o gopolang maina a bone? Maina a bone e ne e le Petere, Anderea, Jakobe, Johane, Filipo, Barotholomeo, Thomase, Mathaio, Jakobe morwa Alefaeo, Thadaeo, Simone le Judase Isekariota.

Anderea, Petere, Filipo, Jakobe

Anderea, Petere, Filipo, Jakobe

Baaposetoloi bano ba ne ba tla tsamaya le Jesu kwa a yang gone. Fa Jesu a sena go ba ruta, o ne a ba romela gore ba ye go rera. Jehofa o ne a ba naya maatla a go leleka madimona le go fodisa batho.

Johane, Mathaio, Barotholomeo, Thomase

Johane, Mathaio, Barotholomeo, Thomase

Jesu o ne a bitsa baaposetoloi bao a re ke ditsala tsa gagwe e bile o ne a ba tshepa. Bafarasai ba ne ba akanya gore baaposetoloi ga ba a rutega. Mme Jesu o ne a ba rutile go dira tiro eo. Ba ne ba na le Jesu fa a bolawa le fa a sena go tsosiwa. Bontsi jwa bone bo ne bo tswa kwa Galalea jaaka Jesu. Bangwe ba bone ba ne ba na le basadi.

Jakobe morwa Alefaeo, Judase Isekariota, Thadaeo, Simone

Jakobe morwa Alefaeo, Judase Isekariota, Thadaeo, Simone

Baaposetoloi bao ba ne ba dira diphoso. Ka dinako tse dingwe ba ne ba bua ba sa akanye e bile ba dira ditshwetso tse di sa siamang. Ka dinako tse dingwe ba ne ba fela pelo ka bonako. Gape ba ne ba ngangisana ka gore ke mang yo o botlhokwa thata mo go bone. Mme e ne e le batho ba ba siameng ba ba ratang Jehofa. Ba ne ba tla simolola phuthego ya Bokeresete fa Jesu a sena go ya kwa legodimong.

“Ke lo bitsa ditsala, ka gonne ke lo boleletse dilo tsotlhe tse ke di utlwileng kwa go Rre.”​—Johane 15:15

Dipotso: Ke bomang ba Jesu a neng a ba tlhopha go nna baaposetoloi ba gagwe? Jesu o ne a romela baaposetoloi ba gagwe go dira eng?

Mathaio 10:1-10; Mareko 3:13-19; 10:35-40; Luke 6:12-16; Johane 15:15; 20:24, 25; Ditiro 2:7; 4:13; 1 Bakorintha 9:5; Baefeso 2:20-22

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela