Kgaolo 92
Balepero Ba Ba Lesome Ba Fodisiwa mo Loetong lwa ga Jesu lwa Bofelo kwa Jerusalema
JESU o tshwarisa Lekgotla la Bajuda lephoro mo maitekong a lone a go mmolaya ka go tloga mo Jerusalema mme a ya kwa motsemogolong wa Eferaima, oo o neng o ka nna fela dikilometara di le 24 kana go feta kafa bokonebotlhaba jwa Jerusalema. O nna koo le balatedi ba gagwe, kgakala le baba ba gagwe.
Lefa go ntse jalo, nako ya Tlolaganyo ya 33 C.E. e ntse e atamela, mme ka bonako fela Jesu o setse a le mo tseleng gape. O tsamaya go ralala Samaria go fitlha kwa Galilea. Leno ke loeto lwa gagwe lwa bofelo mo kgaolong eno pele ga loso lwa gagwe. Fa a le mo Galilea, go lebega ene le barutwa ba gagwe ba kopana le ba bangwe bao ba leng mo tseleng go ya moletlong wa Tlolaganyo kwa Jerusalema. Ba tsaya tsela e e ralalang kgaolo ya Perea, kafa botlhaba jwa Noka ya Joredane.
Pelenyana mo loetong lono, fa Jesu a tsena mo motseng mongwe o e ka nnang Samaria kana Galilea, o kgatlhantshiwa ke banna ba le lesome bao ba nang le lepero. Bolwetsi jono jo bo boitshegang bo ja dikarolo tsa mmele wa motho—menwana ya gagwe ya diatla, menwana ya maoto, ditsebe, nko, le dipounama. Go sireletsa ba bangwe gore ba seka ba tshwaediwa, Molao wa Modimo o bua jaana malebana le molepero: “A a bipè pounama ea godimo, me a kuè, a re, Itshekologō! Itshekologō! Metlheñ eotlhe e sebecō se nntseñ mo go èna ka eōna, . . . a a nnè esi.”
Balepero ba ba lesome ba tlhokomela Molao oo o thibelang balepero mme ba emela kgakala le Jesu. Lefa go le jalo, ba goa ka lentswe le le kwa godimo ba re: “Yesu, Morèna, re utlwèlè botlhoko.”
Fa a ba bona ba le kgakala jalo, Jesu o ba laela jaana: “Tsamaeañ, lo eè go ichupetsa baperisiti.” Jesu o bua seno ka gonne Molao wa Modimo o ne o file baperisiti thata ya go bolela fa molepero a fodile mo bolwetsing jwa gagwe. Ka tsela eno ba ba ntseng jalo ba amogelwa go tshela gape le batho ba ba itekanetseng.
Balepero ba ba lesome ba na le tsholofelo mo maatleng a ga Jesu a go dira dikgakgamatso. Ka jalo ba sianela go ya go bona baperisiti, lemororo ba ise ba fodisiwe. Fa ba le mo tseleng, tumelo ya bone mo go Jesu e a duelwa. Ba simolola go ipona le go ikutlwa ba fodile gape!
Ba le robonngwe ba balepero bano ba ba fodisitsweng ba tswelela mo tseleng ya bone, mme molepero yo mongwe, wa Mosamaria, o a boa go ya go senka Jesu. Ka ntlhayang? Ka gonne o lebogela seo se mo diragaletseng. O galaletsa Modimo ka lentswe le le kwa godimo, mme fa a bona Jesu, o wela fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga.
Jesu o bua jaana, fa a araba: “A ba ne ba sa ntlahadiwa boo ba shomè? Me ba ba hèrañ o le moñwe ba kae? A go no go sa bonwe opè eo o boeañ a tla go baka Modimo, ha e se moeñ eo?”
Go tswa foo o raya Mosamaria a re: “Nanoga, u tsamaeè; tumèlō ea gago e gu hodisitse.”
Fa re bala ka go fodisa ga ga Jesu balepero ba le lesome, re tshwanetse go akanya ka tlhoafalo ka potso e a e botsang eno: “Ba ba hèrañ o le moñwe ba kae?” Go tlhoka tebogo go go ileng ga bontshiwa ke ba ba robonngwe bao ke bokoa jo bo masisi. A le rona, jaaka Mosamaria, re tla itshupa re lebogela dilo tseo re di amogelang mo Modimong, go akaretsa le tsholofetso e e tlhomameng ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo? Yohane 11:54, 55; Luke 17:11-19; Lefitiko 13:16, 17, 45, 46; Tshenolō 21:3, 4.
▪ Jesu o fenya maiteko a go mmolaya jang?
▪ Morago Jesu o tsamaela kae, mme o ya kae?
▪ Ke ka ntlhayang fa balepero ba emela kgakala, mme ke ka ntlhayang fa Jesu a ba bolelela gore ba ye kwa baperisiting?
▪ Ke thuto efe eo re tshwanetseng go e ithuta go tswa mo boitemogelong jono?