LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 79 ts. 186-ts. 187 ser. 2
  • Jesu o Dira Dikgakgamatso Tse Dintsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Dira Dikgakgamatso Tse Dintsi
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Tsosa Baswi
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne a Rata Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Re ka Tsoga mo Losong!
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Dikeledi tsa Fetoga Boitumelo jo Bogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 79 ts. 186-ts. 187 ser. 2
Batho ba ba lwalang ba tla kwa go Jesu gore a ba fodise

THUTO 79

Jesu o Dira Dikgakgamatso Tse Dintsi

Jesu o ne a tla mo lefatsheng go tla go bolelela batho ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Jehofa o ne a naya Jesu moya o o boitshepo gore a dire dikgakgamatso go bontsha batho gore o tla dira eng fa e le Kgosi. O ne a kgona go fodisa malwetse otlhe. Gongwe le gongwe kwa a neng a ya gone, batho ba ba lwalang ba ne ba tla kwa go ene gore a ba fodise. O ne a fodisa batho ba ba sa boneng, ba ba sa utlweng, ba ba golafetseng le go thusa ba ba tsenweng ke madimona. Tota le fa ba ne ba tshwara seaparo sa gagwe, ba ne ba fola. Gongwe le gongwe kwa Jesu a neng a ya gone, o ne a setswe morago ke batho. Tota le fa a ne a tlhoka go ikhutsa, o ne a sa ba leleke.

Nako nngwe batho ba ne ba tlisa monna yo o golafetseng kwa ntlong e Jesu a neng a etetse kwa go yone. Mme ga ba a ka ba kgona go tsena botlhe ka gonne ba ne ba le bantsi. Ka jalo, ba ne ba bula marulelo mme ba tsenya monna yoo. Jesu o ne a raya monna yo o golafetseng a re: ‘Ema o tsamaye.’ Batho ba ne ba gakgamala fa ba bona monna yoo a tsamaya.

Nako nngwe fa Jesu a tsena mo motseng, banna ba le lesome ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jwa lepero ba ne ba goa ba re: ‘Jesu, re thuse!’ Ka nako eo, batho ba ba tshwerweng ke bolwetse joo ba ne ba sa letlelelwe go atamela batho. Jesu o ne a ba raya a re ba ye kwa tempeleng ka gonne Molao wa ga Jehofa o ne o re motho a dire jalo fa a sena go fodisiwa. Ba ne ba fola fa ba le mo tseleng ba ya kwa tempeleng. Fa mongwe wa bone a lemoga gore o fodile, o ne a boa a ya go leboga Jesu le go galaletsa Modimo. Ke ene fela yo o ileng a leboga Jesu.

Mosadi mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 12 a lwala o ne a batla go fola. O ne a setse Jesu morago mme a tshwara seaparo sa gagwe. O ne a fola ka yone nako eo. Jesu o ne a botsa a re: “Ke mang yo o nkamileng?” Mosadi yoo o ne a tshogile mme o ne a ya kwa go Jesu a bo a mmolelela boammaaruri. Jesu o ne a mo gomotsa a re: ‘Morwadiaka, tsamaya ka kagiso.’

Modiredi mongwe yo o bidiwang Jairo o ne a kopa Jesu jaana: ‘Tla kwa ntlong ya me! Morwadiake yo mmotlana o a lwala.’ Ngwana wa ga Jairo o ne a tlhokafala pele Jesu a fitlha kwa ntlong ya gagwe. Fa Jesu a goroga, o ne a bona batho ba le bantsi ba tlile go gomotsa lelapa leo. Jesu o ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa lela, mosetsana yono o robetse.’ O ne a mo tshwara ka seatla a bo a re: ‘Mosetsana, tsoga!’ O ne a tsoga mme Jesu a raya batsadi ba gagwe a re ba mo neye dijo. Batsadi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota!

Jesu a tsosa morwadie Jairo

“Yo Modimo a neng a mo tlotsa ka moya o o boitshepo a bo a mo naya maatla. O ne a tsamaya mo nageng eo yotlhe a dira dilo tse di molemo e bile a fodisa botlhe ba ba neng ba gateletswe ke Diabolo, ka gonne Modimo o ne a na le ene.”​—Ditiro 10:38

Dipotso: Goreng Jesu a ne a kgona go fodisa malwetse otlhe? Go ne ga diragalang ka ngwana wa ga Jairo?

Mathaio 9:18-26; 14:36; Mareko 2:1-12; 5:21-43; 6:55, 56; Luke 6:19; 8:41-56; 17:11-19

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela