Kgaolo 101
Kwa Bethania, mo Ntlong ya ga Simone
FA JESU a tswa kwa Jeriko, o leba kwa Bethania. Loeto lo lo mo tsayang mo e ka nnang letsatsi lotlhe, ereka tsela e le e e palamelelang ka selekanyo sa dikilometara tse di ka nnang 19 mo lefelong le le tsamaiwang ka bothata. Jeriko e ka nna dimetara di le 250 kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle, mme Bethania e dimetara tse 760 kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle. Bethania, jaaka o ka gakologelwa, ke legae la ga Lasaro le bokgaitsadie. Motse o monnye ono o ka nna dikilometara di le tharo go tswa mo Jerusalema, mme o kafa phologelelong e e kafa botlhaba jwa Thota ya Lotlhware.
Ba bantsi ba setse ba gorogile mo Jerusalema go tla Tlolaganyong. Ba tlile go sa le nako gore ba tle ba iphepafatse kafa mokgweng. Gongwe ba ile ba tshwara setopo kana ba dirile sengwe fela se se ba leswefaditseng. Jalo ba latela ngwao e e tlwaelegileng ya go intlafatsa e le gore ba tle ba kgone go keteka Tlolaganyo kafa tshwanelong. Jaaka bao ba tlileng go sale gale bano ba kgobokana kwa tempeleng, bontsi bo ipotsa gore a Jesu o tla tla Tlolaganyong.
Jesu ke kgangkgolo mo Jerusalema. Ke selo se se itsiweng ke mongwe le mongwe gore baeteledipele ba bodumedi ba batla go mo tshwara mme ba mmolae. Ebile tota, ba setse ba laotse gore motho ope yo a ka itseng kwa a leng gone, a ba bolelele. Baeteledipele bano ba ne ba setse ba lekile go mmolaya ka makgetlo a mararo mo dikgweding tse di sa tswang go feta—kwa Moletlong wa Metlaagana, kwa Moletlong wa Boineelo, le fa a sena go tsosa Lasaro. Jalo, batho ba ipotsa gore a Jesu o tla boa a ba itshenolela gape? “Lo gopolañ?” ba a botsana.
Ka nako eo, Jesu o goroga mo Bethania malatsi a le marataro pele ga Tlolaganyo, eo e tlileng go nna ka Nisane 14 go ya ka khalendara ya Sejuda. Jesu o fitlha kwa Bethania nako nngwe mo maitseboeng a Labotlhano, eo e leng mo tshimologong ya Nisane 8. O ne a ka seka a tsaya loeto lwa go ya kwa Bethania ka Matlhatso ka gonne go tsamaya ka Sabata—eo e simologang ka Labotlhano maitseboa, go fitlha ka Matlhatso maitseboa—ga go dumelelwe go ya ka molao wa Sejuda. Go lebega Jesu a ya kwa ntlong ya ga Lasaro, jaaka a kile a dira pele, mme o robala bosigo jwa Labotlhano koo.
Lefa go ntse jalo, mongwe wa baagi ba Bethania o laletsa Jesu le ditsala tsa gagwe gore ba tle go ja nae dijo mo maitseboeng a Matlhatso. Monna yono ke Simone, yo a kileng a bo a na le lepero, yoo gongwe pelenyana ga foo a ileng a fodisiwa ke Jesu. Ka go bo e le motho yo o senatla, Maratha jaaka gale o tlhokometse baeng. Mme, Marie ene, jaaka a tlwaetse, o tlhokometse Jesu, mme mo nakong eno a dira jalo ka tsela e e tsosang kgang.
Marie o bula sedibelwana sa alebasetara, kana nkgwana e nnye, eo e ka tshelang lookwane lo lo nkgang monate lwa bokete jo bo ka nnang halofo ya kilogerama, eleng “naredo.” Ke e e tlhwatlhwakgolo fela thata. Eleruri, boleng jwa yone bo lekana le tuelo ya modiri ya ngwaga otlhe! Fa Marie a tshela lookwane lono mo tlhogong ya ga Jesu mo dinaong tsa gagwe mme a bo a mo phimola dinao ka moriri wa gagwe, ntlo e tlala ka monko o o monate.
Barutwa ba a galefa ba bo ba botsa ba re: “Ana tshenyo e ke ea go reñ?” Go tswa foo Judase Isekariota ene a re: “Ana setlōlō se se ne se sa rekisediweñ sa bōna dipondo di le mashomè mararo, me ga abèlwa bahumanegi?” Me ga se gore Judase totatota o amegile ka bahumanegi, ka go bo o ne a ntse a utswa madi mo letloleng la barutwa.
Jesu o buelela Marie. “Mo leseñ,” o ba laela jalo. “Lo mo chwenyetsañ? O dihile tihō e e molemō mo go nna. Gonne bahumanegi lo na nabō ka metlha eotlhe, me lo ka ba dihèla molemō ka metlha eotlhe kaha lo ratañ ka gōna; me nna ga ke nne le lona ka metlha eotlhe. O dihile kaha o nonohileñ ka gōna: mmele oa me o o tloleditse phitlhō go sale galè. Me amarure kea lo raea, Goñwe le goñwe kwa Mahoko a a Molemō a tla rèrwañ gōna mo lehatshiñ yeotlhe hèla, le shōna se mosadi eo o se dihileñ, se tla bolèlwa gōna, gore e nnè segopodishō kaga gagwè.”
Jaanong Jesu o ne a setse a na le diura di feta 24 a ntse a le mo Bethania, mme go setse go itsege gore o gone. Ka gone, ba bantsi ba tla kwa ntlong ya ga Simone go tla go bona Jesu, mme gape ba tlile go bona le Lasaro, yo le ene a leng teng. Jalo baperesiti ba bagolo ba buisana gore ba bolaye Jesu le ene Lasaro tota. Seno ke ka gonne bontsi jwa batho bo dumela mo go Jesu ka gonne ba bona motho yo o tshelang yo a mo tsositseng mo baswing! Ka boammaaruri, abo baeteledipele bao ba le boikepo jang ne! Yohane 11:55–12:11; Mathaio 26:6-13; Mareko 14:3-9; Ditihō 1:12.
▪ Ke eng se go buisanngwang ka sone mo tempeleng kwa Jerusalema, mme ka ntlhayang?
▪ Ke ka ntlhayang fa Jesu a ka ne a ile a goroga mo Bethania ka Labotlhano mme eseng ka Matlhatso?
▪ Fa Jesu a goroga mo Bethania, ke kae koo go bonalang a nnela Sabata gone?
▪ Ke eng seo Marie a se dirang seo se tsosang kgang, mme Jesu o mmuelelela jang?
▪ Ke eng seo se supang boikepo jo bogolo jwa baperesiti ba bagolo?