LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 86 ts. 200-ts. 201 ser. 1
  • Jesu o Tsosa Lasaro

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tsosa Lasaro
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Jesu A ne A Diega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Tla Direga Eng fa re Swa?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • “Ke Dumetse”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • “Tsogo le Botshelo”
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 86 ts. 200-ts. 201 ser. 1
Lasaro yo o tsositsweng a na le bokgaitsadie e bong Marea le Maratha

THUTO 86

Jesu o Tsosa Lasaro

Jesu o ne a na le ditsala tse tharo tse di neng di nna kwa Bethani. E ne e le Lasaro le bokgaitsadie e bong Marea le Maratha. Letsatsi lengwe fa Jesu a le kwa Joredane, Marea le Maratha ba ne ba romela molaetsa kwa go ene ba re: ‘Lasaro o lwala thata. Tsweetswee tla ka bonako!’ Mme Jesu ga a ka a ya ka yone nako eo. Morago ga malatsi a mabedi o ne a raya barutwa ba gagwe a re: ‘A re yeng kwa Bethani. Lasaro o robetse, ke batla go ya go mo tsosa.’ Baaposetoloi ba ne ba re: ‘Fa e le gore Lasaro o robetse, go raya gore o tla tsoga.’ Jesu o ne a ba raya a re: ‘Lasaro o tlhokafetse.’

Fa Jesu a goroga kwa Bethani, Lasaro o ne a na le malatsi a le manê a tlhokafetse e bile a fitlhilwe. Batho ba le bantsi ba ne ba tlile go gomotsa Marea le Maratha. Fa Maratha a utlwa gore Jesu o tlile, o ne a itlhaganela go ya go kopana le ene. O ne a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa swa.” Jesu o ne a mo raya a re: ‘Lasaro o tla tsoga gape. A o a dumela Maratha?’ Maratha o ne a re: ‘Ke a itse gore o tla tsoga ka nako ya fa Modimo a tsosa batho ba ba suleng.’ Jesu o ne a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo.”

Go tswa foo, Maratha o ne a ya kwa go Marea mme a mo raya a re: ‘Jesu o tlile. Marea o ne a tabogela kwa go Jesu mme batho ba ne ba mo setse morago. O ne a wela fa dinaong tsa ga Jesu mme a simolola go lela botlhoko. O ne a re: ‘Morena, fa o ka bo o le fa, kgaitsadiake o ka bo a sa swa!’ Jesu o ne a bona tsela e Marea a neng a utlwile botlhoko ka yone mme le ene o ne a lela. Fa batho ba bona Jesu a lela, ba ne ba re: ‘Ruri o ne a rata Lasaro.’ Mme ba bangwe ba ne ba ipotsa go re: ‘Goreng a ne a sa tla ka bonako go tla go mo thusa?’ Jesu o ne a tla dira eng?

Jesu o ne a ya kwa lebitleng le le neng le tswadilwe ka leje le legolo. O ne a re: ‘Ke kopa lo ntshe leje leno.’ Maratha o ne a re: ‘Lasaro o na le malatsi a le manê a tlhokafetse! Setopo sa gagwe se tshwanetse sa bo se nkga.’ Ba ne ba ntsha leje mme Jesu a rapela a re: ‘Rra, ke a leboga gore o a ntheetsa. Ke a itse gore o tlhola o ntheetsa mme ke buela kwa godimo gore batho bano ba tle ba itse gore ke wena o nthomileng.’ O ne a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Lasaro, tswa!” Go ne ga direga sengwe se se gakgamatsang: Lasaro o ne a tswa mo lebitleng, a phuthetswe ka matsela. Jesu o ne a re: “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye.”

Batho ba ba neng ba bona tiragalo eno ba ne ba dumela mo go Jesu. Mme bangwe ba ne ba ya go bolelela Bafarasai. Go tloga ka nako eo, Bafarasai ba ne ba batla go bolaya Lasaro le Jesu. Mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu yo o bidiwang Judase Isekariota o ne a ya kwa Bafarasaing a bo a re: ‘Lo tla mpha bokae fa nka lo thusa go tshwara Jesu?’ Ba ne ba mo solofetsa madi a selefera a le 30 mme Judase o ne a nna a batla ditsela tsa go ba thusa go tshwara Jesu.

“Mo go rona, Modimo wa boammaaruri ke Modimo yo o bolokang; e bile Morena Molaodimogolo Jehofa o re golola mo losong.”​—Pesalema 68:20

Dipotso: Tlhalosa gore Lasaro o ile a tsosiwa jang. Bafarasai ba ne ba batla go dira eng fa ba utlwa gore Lasaro o tsositswe?

Mathaio 26:14-16; Johane 11:1-53; 12:10

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela