Kgaolo 102
Go Tsena ga ga Keresete mo Jerusalema ka Phenyo
MO MOSONG o o latelang, ka Sontaga, Nisane 9, Jesu o tswa mo Bethania le barutwa ba gagwe mme ba feta fa Thoteng ya Lotlhware go leba kwa Jerusalema. Mo nakong e khutshwane, ba atamela Bethefage, e e leng mo Thoteng ya Lotlhware. Jesu o raya barutwa ba gagwe ba le babedi a re:
“Eañ mo motsaneñ o lo lebaganyeñ naō, me lo tla akoha lo hitlhèla esela e golegilwe, e na le eselana ea eōna; di gololeñ, lo tlè nacō kwano go nna. Me ha moñwe a bua señwe le lona, lo re, Morèna oa di batla: me o tla akoha a di lesa.”
Lefa kwa tshimologong barutwa ba sa lemoge gore ditaolo tseno di amana le go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela, moragonyana ba lemoga jalo. Moperofeti Sekaria o ne a boleletse pele gore Kgosi e e solofeditsweng ya Modimo e ne e tla tsena mo Jerusalema e pagame esela, ee, “e pagame esela, le eselana, ñwana oa esela.” Ka mo go tshwanang kgosi Solomone le ene fa a ya go tlodiwa o ne a palame ngwana wa esela.
Fa barutwa ba tsena ka Bethefage mme ba tsaya eselana le mmaayo, bangwe ba bao ba emeng foo ba bua ba re: “Lo dihañ?” Mme fa ba bolelelwa gore diphologolo tseo di isediwa Morena, banna ba lesa barutwa gore ba di ise kwa go Jesu. Barutwa ba ala diaparo tsa bone tsa kafa ntle mo godimo ga esela le ngwana wa yone, mme Jesu ene o pagama eselana.
Fa Jesu a pagame jalo a lebile Jerusalema, boidiidi jwa batho bo a oketsega. Bontsi jwa batho bo ala diaparo tsa bone mo tseleng, fa ba bangwe ba kgaola dikala tsa ditlhare mme ba di ala fa fatshe. “Go bakwè Kgosi e e tlañ ka leina ya ga Yehofa” ba a tlhaeletsa. “Kagishō kwa legodimoñ, le kgalalèlō kwa bogodimodimoñ.”
Bafarasai bangwe ba ba leng mo bontsintsing jwa batho ba galefisiwa ke kgoeletso eno mme ba ngongoregela Jesu jaana: “Moruti, kgalemèla barutwa ba gago.” Me Jesu o ba araba jaana: “Kea lo bolèlèla, go re, ha ba, ba ka didimala, mayè a tla akoha a goa.”
Fa Jesu a atamela Jerusalema, o bona motsemogolo oo mme o simolola go o lelela, a re: “Ao! u kabo u itsile, E, e leñ wèna, mo tsatsiñ yeno ye ya gago, u ka bo u itsile dilō tse e leñ tsa kagishō! me yanoñ di shubecwe matlhō a gago.” Ka ntlha ya boganana jwa gagwe jwa ka boomo, Jerusalema e tshwanetse go otlhaiwa, jaaka Jesu a bolelela pele jaana:
“Baba ba gago [Baroma kafa tlase ga Mogenerala Titus] ba tla tlhatlosa lomōta tikologoñ ea gago, ba tla gu dika, ba gu kganèlèla ka ntlha cotlhe, Me ba tla gu piriganyetsa ha hatshe, le bana ba gago ba le mo teñ ga gago; me ga ba ketla ba tlogèla mo go wèna lencwè lepè le tlhatlaganye le ye leñwe.” Tshenyego eno ya Jerusalema e e neng ya bolelelwa pele ke Jesu e ne ya diragala ka mmatota dingwaga di le 37 moragonyana, ka 70 C.E.
Mme mo e ka nnang dibeke di le mmalwa fela pele ga foo, bontsi jwa boidiidi jono jwa batho bo ne bo bone fa Jesu a ne a tsosa Lasaro. Jaanong bano ba ntse ba bolelela ba bangwe ka kgakgamatso eo. Jalo fa Jesu a tsena mo Jerusalema, motse otlhe o tlala modumo. “Eo, ea bo e le mañ?” batho ba batla go itse. Mme bontsintsi jwa batho bo ba raya bo re: “Eo, ke èna moperofeti, Yesu eo o cwañ kwa Nasaretha oa Galilea.” Bafarasai fa ba bona se se diragalang, ba utlwa botlhoko ka gore ba a latlhegelwa, ka go bo ba bua jaana: “Lehatshe le ile go mo sala moragō.”
Jaaka e le tlwaelo ya gagwe fa a etetse mo Jerusalema, Jesu o ya kwa tempeleng go ya go ruta gone. Koo difofu le digole di tla kwa go ene, mme o a di fodisa! Fa baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dikgakgamatso tse Jesu a di dirang le fa ba utlwa basimane ba ba mo tempeleng ba tlhaeletsa ba re, “Hosana, Morwa Dafide,” ba a galefa. “A ua utlwa se ba se buañ ba?” ba a ngongorega.
“E,” Jesu o araba jalo. “A ga lo e se lo ko lo bale ha go reñ, U lekantse pakō ka a a cwañ melomoñ ea banyana le ba ba anyañ?”
Jesu o tswelela pele a ruta, mme o leba mo tikologong ya tempele le dilo tsotlhe tse di mo go yone. Go ise go e kae nako e setse e ile. Jalo o tsamaya le ba ba 12, mme o boela gape dikilometara tse di ka nnang tharo kana go feta go ya kwa Bethania. Koo o lala bosigo jwa Sontaga gone, gongwe mo ntlong ya tsala ya gagwe Lasaro. Mathaio 21:1-11, 14-17; Mareko 11:1-11; Luke 19:29-44; Yohane 12:12-19; Sekaria 9:9.
▪ Jesu o tsena leng ebile e le ka mokgwa o o ntseng jang mo Jerusalema jaaka Kgosi?
▪ Go bakiwa ga ga Jesu ke bontsintsi jwa batho go botlhokwa jang?
▪ Jesu o ikutlwa jang fa a leba Jerusalema, mme o bua boperofeti bofe?
▪ Go diragala eng fa Jesu a ya kwa tempeleng?