LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 107
  • Setshwantsho sa Moletlo wa Lenyalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setshwantsho sa Moletlo wa Lenyalo
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setshwantsho sa Moletlo wa Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kgosi e Biletsa Balalediwa Kwa Moketeng wa Lenyalo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • O Laleditswe ke Mofarasai Mongwe wa Maemo a a kwa Godimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • O Laleditswe ke Mofarasai Mongwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 107

Kgaolo 107

Setshwantsho sa Moletlo wa Lenyalo

JESU o sa tswa go senola bakwadi le baperesiti ba bagolo ka ditshwantsho di le pedi, mme ba batla go mmolaya. Jesu ga a ise a bo a fetse go bua nabo. O tswelela pele go ba bolelela setshwantsho se sengwe gape, a re:

“Bogosi yoa legodimo bo chwantshiwa le kgosi ñwe e e kileñ ea dihèla morwa eōna modihō oa nyalō, Me ea roma batlhanka ba eōna go bitsa ba ba kileñ ba lalèlèdiwa modihoñ wa nyalō: me ba gana go ea.”

Jehofa Modimo ke Kgosi eo e baakanyetsang Morwawe, Jesu Keresete moletlo wa lenyalo. Kgabagare, monyadiwa wa gagwe wa balatedi ba ba tloditsweng ba ba 144 000 o tla kopana le ene kwa legodimong. Babusiwa ba Kgosi eno ke batho ba Iseraele, bao, ba neng ba amogela tshiamelo ya go nna “bogosi yoa baperisiti,” fa ba ne ba tsenngwa mo kgolaganong ya Molao ka 1513 B.C.E. Ka gone, ka yone nako eo, ba ne ba lalelediwa moletlo wa lenyalo.

Lefa go ntse jalo, pitso ya ntlha ya bao ba neng ba laleditswe ga e a ka ya dirwa go fitlha ka letlhafula la 29 C.E., fa Jesu le barutwa ba gagwe (batlhanka ba kgosi) ba ne ba simolola tiro ya go rera ka Bogosi. Mme Baiseraele ba tlholego bao ba neng ba bidiwa ke batlhanka bano go tloga ka 29 C.E. go ya go 33 C.E. ba ne ba gana go tla. Ka jalo Modimo o ne wa naya morafe ono wa balalediwa tshono e nngwe gape, jaaka Jesu a anela:

“Gapè a roma batlhanka ba bañwe a re, Raeañ ba ba laledicweñ, lo re, Bōnañ, ke baakantse modihō oa me; dipholo tsa me le tse di nonneñ di tlhabilwe, dilō cotlhe di baakancwe: tlañ modihoñ oa nyalō.” Taletso eno ya bobedi le ya bofelo ya bao ba laleditsweng e ne ya simolola ka Pentekosete 33 C.E., fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshololelwa moya o o boitshepo. Pitso eno e ne ya tswelela go fitlha ka 36 C.E.

Lefa go ntse jalo, bontsi jwa Baiseraele bao, le bone ba ne ba gana pitso eno. “Ba tlhokomologa hèla, ba itsamaèla hèla,” Jesu a rialo, “moñwe a ea morakeñ oa gagwè, eo moñwe papadiñ ea gagwè: Me ba ba setseñ ba chwara batlhanka ba eōna, ba ba dihaka mo go tlhabisañ ditlhoñ, ba ba bolaea.” “Me,” Jesu o a tswelela, “kgosi ea nna bogale; ea tloga ea bolotsa dintwa tsa eōna, ea senya babolai bauō, ea hisa motse oa bōnè.” Seno se ne sa diragala ka 70 C.E., fa Jerusalema e ne e lalaangwa ke Baroma, mme babolai bao ba ne ba bolawa.

Morago Jesu o tlhalosa seo se neng sa diragala pele ga foo: “Hoñ [kgosi] ea raea batlhanka ba eōna, ea re, Nyalō eōna e baakancwe, me ba ba neñ ba e laleledicwe ba ne ba sa chwanèla. Ke gōna eañ kwa marakaneloñ a ditsela, me botlhe ba lo tla ba hitlhèlañ lo ba reè, lo re, Ba tlè modihoñ oa nyalō.” Batlhanka ba ne ba dira seno, mme “ba ba laledicweñ ba tlala ka ntlo ea modihō.”

Tiro eno ya go phutha baeng go tswa kwa mebileng e e ka kwa ntle ga motse wa ba ba neng ba laleditswe e ne ya simolola ka 36 C.E. Mookamedi wa masole a Roma Korenelio le balelapa la gagwe e ne ya nna bone ba ntlha ba ba sa rupisiwang bao e neng e se Bajuda ba ba neng ba phuthiwa. Go phuthiwa ga batho bano ba e seng Bajuda, botlhe bao e leng batsayasebaka sa bao ba neng ba gana pitso eno kwa tshimologong, go ile ga tswelela go fitlha mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga.

Ntlo ya lenyalo e tlala mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga. Jesu o anela seo se diragalang morago ga foo, a bua jaana: “Me e rile kgosi e tsèna e tla go bōna balalediwa, ea bōna motho gōna eo o sa aparañ seaparō sa nyalō: Me ea mo raea, ea re, Tsala, u tsenye yañ hano u sena seaparō sa nyalō? Me a tlhōka seo o se buañ. Hoñ kgosi ea raea batlhanka, ea re, Mmōheñ mabōgō le maoto, lo mo latlheleñ kwa ntlè, kwa lehihiñ ye le kwa ntlèntlè; go tla nna selelō le phuranyō ea mènō gōna.”

Monna yo o senang seaparo sa nyalo o tshwantshetsa batho ba Labodumedi ba ba itshemang fa e le Bakeresete. Bano Modimo ga o ise o ko o ba lebe jaaka bao ba nang le letshwao le le tshwanetseng la Baiseraele ba semoya. Modimo ga o ise o ko o ba tlotse ka moya wa gagwe o o boitshepo jaaka baruaboswa ba Bogosi. Ka jalo ba latlhelwa kwa ntle mo lefifing koo ba tla senngwang gone.

Jesu o konela setshwantsho sa gagwe ka go re: “Gonne ba ba bidicweñ ba bantsi, me ba ba itshenkecweñ ba bōtlana.” Ee, go ne go laleditswe ba le bantsi go tswa mo morafeng wa Iseraele go tla go nna maloko a monyadiwa wa ga Keresete, mme go ne ga tlhophiwa Baiseraele ba tlholego ba sekae fela. Bontsi jwa baeng ba ba 144 000 bao ba amogelang tuelo ya selegodimo ba itshupa fa e se Baiseraele. Mathaio 22:1-14; Ekesodo 19:1-6; Tshenolō 14:1-3.

▪ Ke bomang bao kwa tshimologong ba lalelediwang moletlo wa lenyalo, mme ba simolola go lalediwa jalo leng?

▪ Ba ba laleditsweng ba simolola go bidiwa leng, mme batlhanka ba ba romiwang go ya go ba bitsa ke bomang?

▪ Pitso ya bobedi e dirwa leng, mme morago ga foo go lalediwa bomang?

▪ Monna yo o senang seaparo sa lenyalo o tshwantshetsa bomang?

▪ Batho ba bantsi bao ba biditsweng, le ba babotlana ba ba tlhophilweng ke bomang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela