LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 110
  • O Weditse Bodihedi jwa kwa Tempeleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Weditse Bodihedi jwa kwa Tempeleng
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Weditse Bodihedi jwa kwa Tempeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Letsatsi la Bofelo la ga Jesu Kwa Tempeleng
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • “Nako e Tlile!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jesu O ja Le Mofarasai
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 110

Kgaolo 110

O Weditse Bodihedi jwa kwa Tempeleng

JESU o bonala labofelo kwa tempeleng. Ebile tota, o wetsa bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa jwa mo lefatsheng fa e se fela ditiragalo tsa go lekwa ga gagwe le go bolawa ga gagwe mo malatsing a mararo a a tla latelang. Jaanong o tswelela ka go kgala bakwadi le Bafarasai.

O bua ka makgetlo a mangwe gape a mararo a re: “A bo go latlhèga lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi!” Lantlha, o bolela fa ba latlhegile ka gonne ba tlhatswa “bokahantlè yoa senwèlō le seyana, me mo teñ go bo go tletse tse di cwañ patikoñ le tlhapeloñ.” Ka jalo o kgothatsa ka go re: “Tlhacwa pele bokahateñ yoa senwèlō le seyana, gore bokahantlè yoa cōna le yōna bo nnè bontlè.”

Morago o bolela fa bakwadi le Bafarasai ba latlhegile ka ntlha ya go bo ba bodile mo teng ba bile ba nkga sebodu mme ba leka go fitlha seo ka boineelotumelong jwa kafa ntle fela. “Lo chwana le diphupu tse di shweuhadicweñ,” o bolela jaana, “tse di bōnalañ di le dintlè kaha ntlè, me mo teñ di tletse marapō a bashwi, le boitshekologō yotlhe hèla.”

Kgabagare, boitimokanyo jwa bone bo bonala fa ba batla go aga mabitla a baperofeti ba bo ba a kgabisa e le gore ditiro tsa bone tsa bopelontle di tle di bonwe. Lefa go le jalo, jaaka Jesu a senola, ke “bana ba batho ba ba bolaileñ baperofeti.” Eleruri, mongwe le mongwe yo o lekang go senola boitimokanyo jwa bone o mo kotsing!

Fa a tswelela, Jesu o bua mafoko a a bogale go feta otlhe a a a buileng a go kgala. “Dinōga ke lona, le lotsalō loa dishaushawane,” o bolela jalo, ‘lo tla falola jang katlholo ya Gehenna?’ Gehenna ke mokgatšha o go neng go latlhelwa matlakala mo go one kwa Jerusalema. Ka jalo Jesu o bolela gore bakwadi le Bafarasai bao ba latelelang tsela ya bone e e boikepo, ba tla senyediwa ruri.

Mabapi le bao a ba romang jaaka baemedi ba gagwe, Jesu a re: “Bañwe ba bōnè lo tla ba bolaea lo ba bapola; bañwe ba bōnè lo tla ba seola mo matluñ a lona a thutō, lo ba bogisa go cwa motsiñ go ea motsiñ o moñwe: Gore go wèlè mo go lona molato otlhe oa madi a basiami, a a cholocweñ mo lehatshiñ, go simolola ka madi a ga Abele mosiami, go tla madiñ a ga Sakaria morwa Barakia [yoo o bidiwang Yehoiade mo go Ditihalō wa Bobedi], eo lo mmolaetseñ ha gare ga helō ga boitshèpō le sebesho. Amarure kea lo raea, Dilō cotlhe tse di tla wèla losika lo.”

Ka gonne Sakaria a ne a kgala baeteledipele ba Baiseraele thatathata, ba ne ba “mo ikgōlaganyetsa, ba mo kgobotletsa ka mayè mo lwapeñ loa ntlo ea ga Yehofa.” Mme jaaka Jesu a bolelelapele, Baiseraele ba tla duelela madi ano otlhe a basiami a ba a tsholotseng. Ba duela dingwaga di le 37 moragonyana, ka 70 C.E., fa masole a Baroma a ne a senya Jerusalema mme go bolawa Bajuda ba ba fetang milione.

Fa Jesu a akanya ka seemo seno se se tshosang, o a tlalelwa. “Yerusalema wè! Yerusalema wè!,” o bua jalo gape, “Ke ratile gantsintsi yañ go phutha bana ba gago, hèla yaka koko e tle e phuthe mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna, me lo ganne! Bōnañ, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.”

Go tswa foo Jesu o oketsa jaana: “Ga lo ketla lo tlhōla lo mpōna, go tlo go tsamaeè lo re, A go bakwè èna eo o tlañ mo leineñ ya ga Yehofa.” Letsatsi leo e tla bo e le mo go nneng gone ga ga Keresete fa a tla mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo mme batho ba mmona ka matlho a tumelo.

Jesu jaanong o ya kwa lefelong leo a kgonang go bona letlole la tempele gone le boidiidi jwa batho ba ba ntseng ba tsenya madi mo go lone. Ba ba humileng ba tsenya madi a mantsi. Mme jaanong go tla motlholagadi yo o humanegileng a bo a latlhela madinyana a le mabedi a eseng a sepe.

Fa a bitsa barutwa ba gagwe, Jesu a re: “Amarure kea lo raea, Motlhōlagadi eo, oa sehumanegi, o tsentse bogolo go botlhe ba ba tsenyañ mo letlodiñ ya madi.” Ba tshwanetse ba bo ba gakgamala gore ke ka ntlhayang fa go ka nna jalo. Ka jalo Jesu o a tlhalosa: “Bōnè botlhe ba tsentse ga letlōtlō ya bōnè; me èna o tsentse ga lehuma ya gagwè, a tsenya gotlhe mo o nañ nagō, eboñ gotlhe mo o tshelañ ka gōna.” Morago ga go bua dilo tseno, Jesu o tswa mo tempeleng labofelo.

Fa ba gakgamalela bogolo le bontle jwa tempele, mongwe wa barutwa ba gagwe a khutsa ka go re: “Moruti, Bōna mayè a, kaha a nntseñ ka gōna, le dikagō tse, kaha di nntseñ ka gōna.” Eleruri, go bolelwa fa maje ano a le mo e ka nnang dimetara di le 11 ka boleele, le dimetara tse di fetang tse 5 ka bophara, le bogodimo jwa dimetara tse di fetang tse 3!

“A ua di bōna dikagō tse di kgolo tse?” Jesu o a araba. “Ga go ketla go tlogèlwa ha lencwè lepè le tlhatlaganye le ye leñwe, ye le se ketlañ le digwa.”

Morago ga go bua dilo tseno, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ralala Mokgatšha wa Kiderona mme ba palama Thaba ya Lotlhware. Fa ba le koo ba kgona go bona tempele e ntle eo. Mathaio 23:25–24:3; Mareko 12:41–13:3; Luke 21:1-6; 2 Ditihalō 24:20-22.

▪ Jesu o dira eng mo loetong lwa gagwe lwa bofelo kwa tempeleng?

▪ Boitimokanyo jwa bakwadi le Bafarasai bo ne jwa bonala jang?

▪ ‘Katlholo ya Gehena’ e raya eng?

▪ Ke ka ntlha yang fa Jesu a bolela gore motlholagadi o ntshitse go gaisa bahumi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela