LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 110 ts. 254-ts. 255 ser. 2
  • Letsatsi la Bofelo la ga Jesu Kwa Tempeleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi la Bofelo la ga Jesu Kwa Tempeleng
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Weditse Bodihedi jwa kwa Tempeleng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Weditse Bodihedi jwa kwa Tempeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Nako e Tlile!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go Gopola Malatsi a ga Jesu a Bofelo mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 110 ts. 254-ts. 255 ser. 2
Jesu o lebile motlholagadi wa mohumanegi a tsenya madinyana a mabedi a tshipi mo letloleng la matlotlo

KGAOLO 110

Letsatsi La Bofelo La Ga Jesu Kwa Tempeleng

MATHAIO 23:25–24:2 MAREKO 12:41–13:2 LUKE 21:1-6

  • JESU O SA NTSE A KGALA BAETELEDIPELE BA BODUMEDI

  • TEMPELE E TLILE GO SENNGWA

  • MOTLHOLAGADI WA MOHUMANEGI O NTSHA MADINYANA A MABEDI

Ke lekgetlo la bofelo Jesu a le mo tempeleng, mme o tswelela ka go senola boitimokanyi jwa bakwadi le Bafarasai e bile o bua phatlalatsa gore ke baitimokanyi. O dirisa puo ya tshwantshetso, a re: “Lo tshwana le dijana tse di tlhatswitsweng ka fa ntle fela mme mo teng di le leswe. Mo teng ga lona go tletse bopelotshetlha le go tlhoka boikgapo. Mofarasai ke wena yo o foufetseng, tlhatswa dijana ka fa teng pele, gore di tle di nne phepa le ka fa ntle.” (Mathaio 23:25, 26) Le fa gone Bafarasai ba le kelotlhoko thata fa go tla mo kgannyeng ya go iphepafatsa go ya ka Molao wa ga Moshe, ba tlhokomologa motho yo ba leng ene mo teng e bile ba palelwa ke go phepafatsa pelo ya bone ya tshwantshetso.

Boitimokanyi jwa bone bo bonala sentle ka gonne ba iketleeleditse go aga le go kgabisa mabitla a baporofeti. Mme fela jaaka Jesu a boletse, ke “bana ba batho ba ba neng ba bolaya baporofeti.” (Mathaio 23:31) Seno se bonala mo maitekong a bone a go batla go bolaya Jesu.—Johane 5:18; 7:1, 25.

Jesu o bolelela baeteledipele bano ba bodumedi gore ba tla diragalelwa ke eng fa ba sa ikwatlhae, a re: “Dinoga ke lona, bana ba dinoga tse di botlhole, lo tla falola jang katlholo ya Gehena?” (Mathaio 23:33) Mokgatšha o o fa gautshwane wa Hinoma go fisediwa matlakala mo go one, mme seo se tlhalosa kafa Bafarasai le bakwadi bano ba ba bosula ba tla fedisediwang ruri ka gone.

Barutwa ba ga Jesu e tla nna baemedi ba gagwe e le “baporofeti le batho ba ba botlhale le batlhatlheledi.” Batho ba tla ba tshwara jang? Fa Jesu a bua le baeteledipele ba bodumedi a re: “Bangwe ba [barutwa ba me] lo tla ba bolaya lo bo lo ba pega mo dikoteng, mme bangwe ba bone lo tla ba kgwathisa mo disinagogeng tsa lona lo bo lo ba bogisa mo metseng ka go latelana, gore lo tle lo nne le molato wa madi a batho botlhe ba ba siameng ba ba bolailweng mo lefatsheng, go simolola ka madi a ga Abele yo o siameng go fitlha ka madi a ga Sekarea . . . yo lo neng lwa mmolaya.” O ba tlhagisa jaana: “Ammaaruri ke a lo bolelela, dilo tseno tsotlhe di tla diragalela kokomana eno.” (Mathaio 23:34-36) Seno se ne sa direga ka 70 C.E. fa masole a Roma a ne a tlhasela Jerusalema a bo a bolaya Bajuda ba le bantsintsi.

Seno se dira gore Jesu a tshwenyege. O bua jaana a utlwile botlhoko: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, wena yo o neng wa bolaya baporofeti wa bo wa kgobotletsa ba ba rometsweng kwa go wena ka maje, ke gantsi tota ke batla go phutha bana ba gago mmogo jaaka koko e namagadi e phuthela dikokwana tsa yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa gana. Bonang, Modimo o tla tlogela tempele eno.” (Mathaio 23:37, 38) A batho ba ba utlwang mafoko ano, ba ka tswa ba ipotsa gore a tota o bua ka tempele eno e e mo Jerusalema, e go lebegang Modimo a e sireleditse?

Jesu o tswelela a re: “Ke a lo bolelela, go tloga jaanong ga lo kitla lo tlhola lo mpona go fitlha lo re, ‘A go bakwe yo o tlang ka leina la ga Jehofa!’” (Mathaio 23:39) O nopola mafoko a a mo go Pesalema 118:26, a a reng: “A yo o tlang mo leineng la ga Jehofa a segofadiwe; re lo segofatsa re le mo ntlong ya ga Jehofa.” Fa tempele eno e e kwa Jerusalema e sena go senngwa ga go na ope yo o tla tlholang a tla kwa go yone ka leina la Modimo.

Jesu o ya kwa karolong ya tempele e e nang le matlole a a bopegileng jaaka diterompeta. Batho ba kgona go tsenya moneelo mo diphatleng tse di fa godimo ga matlole. Jesu o bona Bajuda ba dira sone seo, “batho ba le bantsi ba ba humileng ba tsenya madi a tshipi a le mantsi” e le dimpho. Jesu o bona motlholagadi mongwe wa mohumanegi “a tsenya madinyana a le mabedi a tshipi a boleng jo bo kwa tlase thata.” (Mareko 12:41, 42) Ntle le pelaelo Jesu o a itse gore Modimo o itumelela mpho ya motlholagadi yono.

Jesu o bitsa barutwa ba gagwe a bo a ba raya a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, motlholagadi yono wa mohumanegi o tsentse madi a a fetang a botlhe ba a tsentseng mo matloleng a matlotlo.” Ka tsela efe? O tlhalosa jaana: “Botlhe ba tsentse se se tswang mo dikhumong tsa bone, mme ene le fa a sotlega, o tsentse madi otlhe a a nang le one, e leng sotlhe se a itshedisang ka sone.” (Mareko 12:43, 44) Ruri tsela e mosadi yono a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone e farologane thata le ya baeteledipele ba bodumedi!

Fa letsatsi la Nisane 11 le ntse le tsweletse, Jesu o tswa mo tempeleng lekgetlo la bofelo. Mongwe wa barutwa ba gagwe o mo raya a re: “Moruti, bona maje ano le dikago tseno tse di kgatlhang!” (Mareko 13:1) Eleruri, maje a mangwe a a neng a agile dipota tsa tempele a ne a le magolo thata, a dira gore e lebege e nonofile e bile e ka nnela ruri. Mme gone, go lebega go gakgamatsa go bo Jesu a re: “A o bona dikago tseno tse dikgolo? Ga go kitla go tlogelwa leje lepe fano mo godimo ga le lengwe mme le sa digelwa fa fatshe.”—Mareko 13:2.

Fa Jesu a sena go bua dilo tseno, o kgabaganya Mokgatšha wa Kiderona le baaposetoloi ba gagwe ba bo ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware. Fa ba ntse ba tsamaya, go direga gore a bo a na le baaposetoloi ba gagwe ba le banê, ebong Petere, Anderea, Jakobe le Johane. Fa ba le foo, ba kgona go bona tempele eno e e kgatlhang sentle.

  • Ke eng se Jesu a se dirang fa a le kwa tempeleng lekgetlo la bofelo?

  • Ke eng se Jesu a se bolelelang pele ka tempele?

  • Goreng Jesu a re motlholagadi yono o ntshitse madi a a fetang a bahumi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela