Kgaolo 117
Tlalelo E E Mahehe mo Tshimong
FA Jesu a fetsa go rapela, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang ba opela dipina go baka Jehofa. Morago ba fologa ba tswa kwa ntlwaneng e e kwa godimo, ba tsena mo lefifing le le tsiditsana la bosigo, ba bo ba boela morago kwa Mokgats̆heng wa Kiderona go ela kwa ntlheng ya Bethania. Mme fa ba le mo tseleng, ba ema fa lefelong le le rategang thata, tshimo ya Gethesemane. Yone e kwa Thoteng ya Motlhware kana mo tikologong ya yone. Jesu o ne a tlhola a kopana le baaposetoloi ba gagwe fano mo gare ga ditlhare tsa motlhware.
Fa a sena go tlogela baaposetoloi ba gagwe ba robabobedi—gongwe gaufi le kgoro ya tshimo—o ba laela jaana: “Lona lo dulè ha, ka nna ke ea hale, ke ea go rapèla.” Jaanong o tsaya ba bangwe ba bararo—Petere, Jakobe, le Johane—a bo a tsenelela kwa teng ga tshimo. Jesu o a hutsafala a bo a tshwenyega fela thata. “Mōea oa me o hutsahetse thata, e le mo go isañ loshuñ hèla,” o ba bolelela jalo. “Nnañ ha, lo lebèlèlè le nna.”
Fa a katogela kwa pelenyana, Jesu o wela fa fatshe mme o simolola go rapela jaana ka tlhoafalo a inamisitse tlhogo: “Rra wè, ha go ka nna yalo, a senwèlō se, se mphetè: leha go nntse yalo, eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.” O kaya eng? Ke ka ntlha yang fa a ‘hutsafetse thata mo go isang losong’? A o tlhanogela tshwetso ya gagwe ya go swa le go ntsha thekololo?
Legoka! Jesu ga a kope gore a falodiwe loso. Le eleng kgopolo ya go tila loso lwa go intsha setlhabelo, seo Petere a kileng a se akantsha, ke sengwe se a sa se rateng gotlhelele. Go na le moo, o mo tlalelong e kgolo ka gonne o boifa gore tsela eo a tla tlogang a swa ka yone—jaaka senokwane se se nyatsegang—e tla tlisa kgobo mo leineng la ga Rraagwe. Jaanong o ikutlwa gore mo diureng di sekae o tlile go pegiwa mo koteng jaaka motho yo o maswe tota—motho yo o tlhapatsang Modimo! Seno ke sone se se mo tshwentseng thata.
Fa a sena go rapela ka nako e telele, Jesu o boela kwa morago mme o fitlhela barutwa ba bararo bale ba robetse. O raya Petere a re: “A lo no lo sa kake loa lebèlèla le nna ka lobakanyana hèla? Lebèlèlañ, lo rapèlè, gore lo se tsene mo thaeloñ.” Lefa go ntse jalo, ereka a lemoga kafa ba tshwenyegileng ka gone le gore go ne go setse go le bosigo thata, o bua jaana: “Mōea ōna o tlhaga, me nama e bokōa.”
Jesu jaanong o tsamaya lekgetlo la bobedi a bo a kopa Modimo gore o tlose “senwèlō se,” ke gore, karolo eo Jehofa a e mo abetseng, kana se a ratang gore a se dire. Fa a boa, o fitlhela ba bararo bale ba robetse gape mo boemong jwa gore ba ka bo ba rapela gore ba se ka ba raelwa. Fa Jesu a bua le bone, ga ba itse gore ba ka mo araba jang.
Labofelo, ka lekgetlo la boraro, Jesu o tloga fa go bone, mme a sa tsamaele kwa kgakala thata, mme o rapela jaana, a khubame ka mangole, a goa ka lentswe le legolo a bile a lela: “Rra, Ha e le go rata ga gago, tlosa senwèlō se mo go nna.” Jesu eleruri o utlwa botlhoko ka ntlha ya kgobo eo go swa ga gagwe jaaka senokwane go tla e lereng mo leineng la ga Rraagwe. Ebu, go latofadiwa jaaka motlhapatsa Modimo—motho yo o hutsang Modimo—ke selo se setona thata go ka itshokelwa!
Lefa go ntse jalo, Jesu o tswelela a rapela jaana: “Eseñ go rata ga me, me a go rata ga gago go dihalè.” Jesu o ineela go dira go rata ga Modimo ka kutlo. Ka nako eno, moengele yo o tswang kwa legodimong o a tlhaga a bo a nonotsha ka mafoko a a kgothatsang. Go lebega moengele a bolelela Jesu gore Rraagwe o a mo amogela.
Lefa go le jalo, abo Jesu a na le boikarabelo jo bogolo thata jang ne! Botshelo jwa gagwe jo bosakhutleng le jwa batho botlhe bo mo kotsing. O tshwenyegile thata mo boikutlong. Ka jalo Jesu o tswelela a rapela ka tlhoafalo, mme mofufutso wa gagwe o fetoga marothodi a madi fa o wela fa fatshe. “Lemororo seno e le selo se se diragalang ka sewelo,” go bolela jalo The Journal of the American Medical Association, “mofufutso wa madi . . . o ka tswa fa o amegile maikutlo thatathata.”
Morago ga foo, Jesu o boela kwa baaposetoloing ba gagwe ka lekgetlo la boraro, mme o ba fitlhela gape ba robetse. Ba lapile ka ntlha ya kutlobotlhoko. ‘A lo robetse ebile lo iketlile mo nakong eno!’ o bua jalo a gakgametse. “Go lekanye: nakō e hitlhile; bōnañ, Morwa Motho o okecwe mo diatleñ tsa baleohi. Nanogañ, re tsamaeeñ: bōnañ, eo o nkōkañ o gauhi.”
Fa a santse a bua jalo, Judase Isekariota o atamela a na le boidiidi jwa batho ba tshotse dipone le dibolao. Mathaio 26:30, 36-47; 16:21-23; Mareko 14:26, 32-43; Luke 22:39-47; Yohane 18:1-3; Bahebera 5:7.
▪ Fa ba sena go tswa kwa kamoreng e e kwa godimo, Jesu o isa baaposetoloi ba gagwe kae, mme o dira eng koo?
▪ Baaposetoloi ba ga Jesu ba dira eng fa a santse a rapela?
▪ Ke ka ntlha yang fa Jesu a utlwile botlhoko, mme o kopa Modimo eng?
▪ Go fetoga ga mofufutso wa ga Jesu madi go supa eng?