Kgaolo 119
O Isiwa kwa go Anase Go Tswa Foo kwa go Kaiafase
JESU o isiwa kwa go Anase, yo pele e neng e le moperesiti yo mogolo yo o itsegeng thata, a bofilwe fela jaaka senokwane. Anase e ne e le ene moperesiti yo mogolo fa Jesu a ne a gakgamatsa baruti kwa tempeleng ka nako ya fa e ne e santse e le mosimanyana wa dingwaga tse 12. Barwa ba le mmalwa ba ga Anase ba ne ba nna baperesiti ba bagolo moragonyana, mme jaanong mogwe wa gagwe Kaiafase o mo maemong ao.
Go lebega Jesu la ntlha a isiwa pele kwa ntlong ya ga Anase ka gonne moperesiti yo mogolo yoo a ne a setse a na le lobaka lo loleele a le mo maemong a a kwa godimo mo ditsamaisong tsa bodumedi jwa Bajuda. Mo nakong eno fa ba santse ba bona Anase Moperesiti yo Mogolo Kaiafase o nna le sebaka sa go phutha Sanehederine, lekgotla le legolo le le nang le maloko a le 71 la Bajuda, mmogo le go phutha basupi ba maaka.
Moperesiti yo Mogolo Anase jaanong o botsolotsa Jesu kaga barutwa ba gagwe le kaga thuto ya gagwe. Lefa go ntse jalo, Jesu o araba jaana: “Ke buile le lehatshe ka pōnalō; galè ke nntse ke ruta mo matluñ a thutō le mo tempeleñ, kwa Bayuda botlhe ba phuthègèlañ gōna; me ga kea buèla sepè mo sephiriñ. U mpoletsañ? botsa ba ba nkutlwileñ, se ke se buileñ nabō: bōna, bauō ba itse dilō tse ke di buileñ.”
Fa a rialo, mongwe wa maotlana a a emeng gaufi le Jesu o mo phanya mo sefatlhegong, a re: “A u hetola moperisiti eo mogolo yalo?”
Jesu o mo fetola ka go re, “Ha ke buile boshula, shupa kaga boshula: me ha ke buile sentlè, u nkgatlèlañ?” Fa ba sena go fetolana jalo, Anase o romela Jesu kwa go Kaiafase a ntse a golegilwe.
Ka nako eno, baperesiti botlhe ba bagolo le banna ba bagolo le bakwadi, ee, Sanehederine yotlhe, e simolola go phuthega. Go lebega ntlo ya ga Kaiafase e le gone kwa ba phuthegelang gone. Lefa go ntse jalo, molao wa Bajuda o kgatlhanong le gore go tshwarwe tsheko epe mo bosigong jwa Tlolaganyo. Mme seno ga se thibele baeteledipele bano ba bodumedi ka gope mo go direng boikaelelo jwa bone jo bo bosula.
Sanehederine e ne e setse e atlhotse gore Jesu o tshwanetse go swa dibeke pele ga fa a ne a tsosa Lasaro mo baswing. Mme malatsi a le mabedi fela a a fetileng, ka Laboraro, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba gakololana mmogo gore ba tshware Jesu ka maano a boferefere gore ba mmolaye. Akanya fela, o ne a setse a atlhotswe le pele a sekisiwa!
Jaanong go dirwa maiteko a go batla basupi ba ba tla nayang bosupi jwa maaka gore ba nne le se ba ka latofatsang Jesu ka sone. Lefa go ntse jalo, ga ba bone basupi bape ba ba dumalanang le se ba se bolelang. Kgabagare, go tla bangwe ba le babedi mme ba gatelela jaana: “Re mo utlwile a re, Ke tla senya tempela e, e e dihilweñ ka diatla, me e tla re malatsi a le mararo ke be ke age e sele, e e sa dihweñ ka diatla.”
“A ga u hetole sepè?” Kaiafase o a botsa, “Ke eñ se batho ba, ba shupañ kaga gago?” Mme Jesu ga a bue sepe. Le eleng mo tatofatsong eno ya maaka, basupi ga ba dumalane ka seo ba se buang mme seo se tlhabisa Sanehederine ditlhong. Ka jalo moperesiti yo mogolo o leka leano le lengwe.
Kaiafase o itse kafa Bajuda ba sa batleng ka gone gore mongwe a ipolele fa e le Morwa Modimo. Mo makgetlong a mabedi a a fetileng, ba ne ba re Jesu ke motlhapatsi yo o tshwanelwang ke go swa, ebile ka nako nngwe ba ne ba akanya ka phoso gore o ne a ipolela fa a lekana le Modimo. Kaiafase jaanong o mo gwetlha jaana ka boferefere: “Kea gu ikanisa ka Modimo o o tshedileñ, ka re, U re bolèlèlè, go re, a u èna Keresete, Morwa Modimo?”
Go sa kgathalesege gore Bajuda ba akanya eng, Jesu eleruri ke Morwa Modimo. Mme fa a ka didimala fela go ka nna ga tlhalosiwa ka gore o itatola gore ga se ene Keresete. Ka jalo Jesu o araba jaana ka bopelokgale: “Ke nna: me lo tla bōna Morwa Motho a dutse kaha lecogoñ ye legolo ya nonohō, me a tla ka maru a legodimo.”
Fa a rialo, Kaiafase o ikgagola diaparo ka tsela e e tshikinyang maikutlo a bo a khutsa ka go re: “O buile tlhapaco: re sa nntse re dihañ bashupi? bōnañ, yanoñ lo utlwile go tlhapatsa ga gagwè: lo gopola yañ?”
“O chwanetse go shwa,” Sanehederine e bolela jalo. Mme ba simolola go mo sotla, mme ba bua dilo tse dintsi ba mo kgala. Ba mo phanya mo sefatlhegong ba bo ba mo kgwela mathe. Ba bangwe ba bipa sefatlhego sa gagwe sotlhe ba bo ba mmetsa ka mabole ba mo sotla ba re: “Re perofesetsè Kereseta ke wèna, U batocwe e mañ?” Boitshwaro jo jwa bone jwa go mo sotla jo bo seng kafa molaong ba bo dira mo tshekong ya bosigo. Mathaio 26:57-68; 26:3, 4; Mareko 14:53-65; Luke 22:54, 63-65; Yohane 18:13-24; 11:45-53; 10:31-39; 5:16-18.
▪ Jesu o isiwa kae pele, mme o diragalelwa ke eng koo?
▪ Jesu o isiwa kae morago ga foo, mme ka boikaelelo bofe?
▪ Kaiafase o kgona jang go dira gore Sanehederine e bolele gore Jesu o tshwanelwa ke loso?
▪ Ke boitshwaro bofe jwa tshotlo le jo bo seng kafa molaong jo bo diragalang ka nako ya tsheko?