LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/1 ts. 8-9
  • “O Chwanetse go Shwa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Chwanetse go Shwa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Isiwa kwa go Anase Go Tswa Foo kwa go Kaiafase
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • O Isiwa Kwa go Anase, Morago Kwa go Kaiafase
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Moperesiti yo Mogolo yo o Neng a Atlholela Jesu Loso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Fa Lasaro A Tsosiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

“O Chwanetse go Shwa”

JESU o isiwa kwa go Anase, moperesiti yo mogolo yo o kgonang go tlhotlheletsa batho thata, a bofilwe fela jaaka senokwane. Anase e ne e le ene moperesiti yo mogolo fa Jesu a ne a gakgamatsa baruti kwa tempeleng ka nako ya fa e ne e santse e le mosimanyana wa dingwaga tse 12. Barwa ba le mmalwa ba ga Anase ba ne ba nna baperesiti ba bagolo moragonyana, mme jaanong mogwe wa gagwe Kaiafase o mo maemong ao.

Go lebega Jesu a isiwa pele kwa ntlong ya ga Anase ka gonne moperesiti yo mogolo yoo a ne a setse a na le lobaka lo loleele a eteletse botshelo jwa Bajuda jwa bodumedi pele. Nako e ba e senyang ba ile go bona Anase eno e naya Moperesiti yo Mogolo Kaiafase sebaka sa go phutha Sanehederine, lekgotla le legolo le le nang le maloko a le 71 la Bajuda, mmogo le go phutha basupi bangwe ba maaka.

Moperesiti yo Mogolo Anase jaanong o botsolotsa Jesu kaga barutwa ba gagwe le kaga thuto ya gagwe. Lefa go ntse jalo, Jesu o araba jaana: “Ke buile le lehatshe ka pōnalo; galè ke nntse ke ruta mo matluñ a thutō le mo tempeleñ, kwa Bayuda botlhe ba phuthègèlañ gōna; me ga kea buèla sepè mo sephiriñ. U mpoletsañ? botsa ba ba nkutlwileñ, se ke se buileñ nabō: bōna, bauō ba itse dilō tse ke di buileñ.”

Fa Jesu a rialo, mongwe wa maotlana a a emeng gaufi le ene o mo itaya ka legofi mo sefatlhegong, a re: “A u hetola moperisiti eo mogolo yalo?”

“Ha ke buile boshula, shupa kaga boshula: me ha ke buile sentlè, u nkgatlèlañ?” Fa ba sena go fetolana jalo, Anase o romela Jesu kwa go Kaiafase a ntse a golegilwe.

Jaanong, baperesiti botlhe ba bagolo le banna ba bagolo le bakwadi, ee, Sanehederine yotlhe, e simolola go phuthega. Go lebega ntlo ya ga Kaiafase e le jone bophuthegelo jwa bone. Lefa go ntse jalo, molao wa Bajuda o kgatlhanong le gore go tshwarwe tsheko epe mo bosigong jwa Tlolaganyo. Mme seno ga se thibele baeteledipele bano ba bodumedi ka gope mo go direng boikaelelo jwa bone jo bo sa siamang.

Sanehederine e ne e setse e boletse gore Jesu o tshwanetse go swa dibeke pele ga foo fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo baswing. Mme malatsi a le mabedi fela a a fetileng, ka Laboraro, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba gakololana mmogo gore ba tshware Jesu ka maano gore ba mmolae. Akanya fela, o ne a setse a atlhotswe le pele a sekisiwa!

Jaanong go dirwa maiteko a go batla basupi ba ba tla nayang bosupi jwa maaka gore ba nne le se ba ka latofatsang Jesu ka sone. Lefa go ntse jalo, ga ba bone mosupi ope yo o dumalanang le bosupi jwa bone. Kgabagare go tla bangwe ba le babedi mme ba gatelela jaana: “Re utlwile a re, Ke tla senya tempela e, e e dihilweñ ka diatla, me e tla re malatsi a le mararo ke be ke age e sele, e e sa dihweñ ka diatla.”

“A ga u hetole sepè?” Kaiafase o a botsa, “Ke eñ se batho ba, ba shupañ kaga gago?” Mme Jesu ga a bue sepe. Le eleng mo tatofatsong eno ya maaka, basupi ga ba dumalane ka seo ba se buang mme seo se tlhabisa Sanehederine ditlhong. Ka jalo moperesiti yo mogolo o leka leano le lengwe.

Kaiafase o itse kafa Bajuda ba sa batleng ka gone gore mongwe a ipolele fa e le Morwa Modimo. Mo makgetlong a mangwe a mabedi a a fetileng ba ne ba re Jesu o tlontlolola Modimo ebile o tshwanela go swa ebile ka nako nngwe ba ne ba akanya ka phoso gore o ne a gatelela gore o lekana le Modimo. Kaiafase jaanong o mmotsa jaana ka maano: “Kea gu ikanisa ka Modimo o o tshedileñ, ka re, U re bolèlèlè, go re, a u èna Keresete, Morwa Modimo?”

Go sa kgathalesege gore Bajuda ba akanya eng, Jesu eleruri ke Morwa Modimo. Mme fa a ka didimala fela go ka nna ga kaya gore o itatola gore ga se ene Keresete. Ka jalo Jesu o araba jaana ka bopelokgale: “Ke nna: me lo tla bōna Morwa Motho a dutse kaha lecogoñ ye legolo ya nonohō, me a tla ka maru a legodimo.”

Fa a rialo, Kaiafase o ikgagola diaparo ka tsela e e tla tshikinyang maikutlo a ba bangwe a bo a tlhaeletsa jaana: “O buile tlhapaco: re sa nntse re dihañ bashupi? bōnañ, yanoñ lo utlwile go tlhapatsa ga gagwè: lo gopola yañ?”

“O chwanetse go shwa,” Sanehederine e bolela jalo. Mme ba simolola go mo sotla, mme ba bua dilo tse dintsi ba mo kgala. Ba mo itaya mo sefatlhegong ka magofi le go mo kgwela mathe. Ba bangwe ba khurumetsa sefatlhego sa gagwe ba bo ba mmetsa ka mabole ba mo sotla ba re: “Re perofesetsè Kereseta ke wèna, U batocwe e mañ?” Ba mo tshwara le go mo kgoba mme ebile e se kafa molaong kwa tshekong ya bosigo. Mathaio 26:57-68; 26:3, 4; Mareko 14:53-65; Luke 22:54, 63-65; Yohane 18:13-24; 11:45-53; 10:31-39; 5:16-18.

◆ Jesu o isiwa kae pele, mme o diragalelwa ke eng koo?

◆ Jesu o isiwa kae morago ga foo, mme ka boikaelelo bofe?

◆ Kaiafase o kgona jang go dira gore Sanehederine e bolele gore Jesu o tshwanelwa ke loso?

◆ Ka nako ya tsheko ba ne ba mo tshwara jang ka go mo sotla mme ebile e se kafa molaong?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela