Kgaolo 127
O Ne A Fitlhwa ka Labotlhano, Sontaga Lebitla la bo le Sena Sepe
JAANONG ke Labotlhano thapama, mme Sabata ya Nisane 15 e tlile go simolola fa letsatsi le wela. Serepa sa ga Jesu se lepeletse mo koteng, mme dinokwane tse pedi tse di fa thoko ga gagwe di santse di tshela. Labotlhano thapama e bidiwa Iketleetso gonne ke nako ya fa batho ba baakanya dijo le go wetsa ditiro dipe fela tse di tshwanetseng go dirwa tseo di ka se kang tsa letisiwa morago ga Sabata.
Sabata se se tla tlogang se simolola ga se Sabata se se tlwaelegileng fela (eleng letsatsi la bosupa la beke) mme gape ke Sabata e e gabedi, kana e “kgolo.” E bidiwa jaana gonne Nisane 15, eo e leng letsatsi la ntlha la Moletlo wa malatsi a le supa wa Dinkgwe Tse Di Sa Bedisiwang (mme ka metlha ke Sabata, go sa kgathalesege gore o nna mo letsatsing lefe la beke), o nna mo letsatsing le le lengwe la Sabata e e tlwaelegileng.
Go ya ka Molao wa Modimo, ditoto ga di a tshwanela go tlogelwa di lepeletse mo koteng bosigo jotlhe. Ka jalo Bajuda ba kopa Pilatwe gore batho ba ba atlholetsweng loso bao ba robiwe maoto gore ba tle ba swe ka bonako. Ka gone, masole a roba maoto a dinokwane tse pedi tseo. Mme ereka Jesu a lebega a sule, maoto a gagwe ga a robiwe. Seno se diragatsa lokwalo lo lo reng: “Ga go ketla go rōywa lesapō lepè ya gagwè.”
Lefa go ntse jalo, lengwe la masole le mo tlhaba ka lerumo kafa thoko go tlosa pelaelo ya gore Jesu a eleruri o sule. Lerumo leno le tlhaba mo pelong ya gagwe, mme ka bonako fela go tshologa madi le metsi. Moaposetoloi Johane, yoo eleng mosupi yo o boneng ka matlho o bega gore seno se diragatsa lokwalo lono lo longwe gape: “Ba tla leba èna eo ba mo tlhabileñ.”
Josefa wa motse wa Arimathea, yo e leng leloko le le itsegeng thata la Sanehederine le ene o teng kwa polaong eno. O ne a gana go bua tumalanong le tiro e e sa siamang eno ya kgotlatshekelokgolo kgatlhanong le Jesu. Tota Josefa ke morutwa wa ga Jesu, lemororo a ne a boifa go ipolela gore ke ene. Lefa go ntse jalo, jaanong, o nna pelokgale mme o ya go kopa serepa sa ga Jesu kwa go Pilatwe. Pilatwe o roma molaodi yo o ikarabelelang wa masole, mme fa molaodi a sena go tlhomamisa gore Jesu o sule, Pilatwe o mo naya setopo sa gagwe.
Josefa o tsaya serepa seno a bo a se phuthela ka letsela le lentle la leloba a se baakanyetsa phitlho. O thusiwa ke Nikodemo, leloko le lengwe la Sanehederine. Nikodemo le ene o paletswe ke go ipolela gore o dumela mo go Jesu gonne a ne a boifa gore o tla latlhegelwa ke maemo a gagwe. Mme jaanong o tlisa sephuthelwana se se nang le mera sa bokete jwa diponto di le lekgolo tsa Roma (dikilogerama di le 33) le mekgopha ya tlhwatlhwa e e kwa godimo. Serepa sa ga Jesu se phuthelwa ka matsela a a nang le dinkgisamonate tseno, e le tsela fela eo Bajuda ba tlwaetseng go dira ka yone fa ba baakanyetsa serepa go fitlhiwa.
Serepa jaanong se robadiwa mo lebitleng la ga Josefa la kgakologelo leo le santseng le le lesha leo le gabilweng mo lefikeng le le mo tshimong e e fa gaufi. Kwa bokhutlong, go pitikelwa letlapa le legolo fa pele ga lebitla. Ba baakanya serepa seno ka bonako, gore e tle e re pele ga Sabata ba bo ba setse ba mo fitlhile. Ka gone, Maria Magadalena le Maria mmaagwe Jakobe yo Mmotlana, bao gongwe ba neng ba ntse ba thusa fa go ntse go baakanngwa, ba itlhaganelela kwa gae go ya go baakanya dinkgisamonate tse di oketsegileng le mafura a a nkgang monate. Morago ga Sabata, ba rulaganya go ya go tshasa serepa sa ga Jesu gape gore se nne nne lobakanyana se ise se senyege.
Letsatsi le le latelang, leo e leng la Matlhatso (Sabata), baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba ya kwa go Pilatwe ba bo ba bolela jaana: “Morèna, re gakologecwe ha e rile leherehere yeuō le sa nntse le tshedile, ya re, Moragō ga malatsi a le mararo ke tla ba ke coga. Ke gōna laola, gore phupu e disiwè thata, go ea go hitlha mo letsatsiñ ya boraro, e ka tla ea re goñwe barutwa ba gagwè ba ea go mo ucwa, me ba rèe batho, ba re, O cogile mo loshuñ: me timeco ea moragō ea tla ea beha bogolo go ea ntlha.”
“Lo na le lekōkō ya badisa,” Pilatwe o araba jalo. “Tsamaeañ, lo eè go disa kaha lo itseñ ka gōna.” Ka jalo ba ya ba sireletsa phupu eno ka go kanela letlapa le go baya masole a Baroma go le disa.
Sontaga mo mosong Maria Magadalena le Maria mmaagwe Jakobe, mmogo le Salome, le Joana, le basadi ba bangwe, ba tla ka dinkgisamonate go tla go tshasa mmele wa ga Jesu. Mo tseleng ba raana ba re: “Mañ eo o tla re tlosetsañ lencwè ha molomuñ oa phupu?” Mme fa ba goroga ba fitlhela gore go ne ga nna le thoromo ya lefatshe mme moengele wa ga Jehofa o tlositse letlapa. Badisa ba ile, mme lebitla ga le na sepe! Mathaio 27:57–28:2; Mareko 15:42–16:4; Luke 23:50–24:3, 10; Yohane 19:14, 31–20:1; 12:42; Lefitiko 23:5-7; Duteronome 21:22, 23; Pesalema 34:20; Sekaria 12:10.
▪ Ke ka ntlha yang fa Labotlhano e bidiwa Iketleetso, mme Sabata “e kgolo” ke eng?
▪ Ke dikwalo dife tse di diragadiwang mabapi le serepa sa ga Jesu?
▪ Josefa le Nikodemo ba amana jang le phitlho ya ga Jesu, mme ba amana jang le Jesu?
▪ Baperesiti ba kopa eng mo go Pilatwe, mme o arabela jang?
▪ Go diragala eng ka Sontaga mo mosong?