Kgaolo 132
Kafa Letsogong Le Legolo la Modimo
GO TSHOLOLWA ga moya o o boitshepo ka Pentekosete ke bosupi jwa gore Jesu o setse a gorogile kwa legodimong. Ponatshegelo e e neng ya bontshiwa morutwa Setefane ka bokhutshwane fela morago ga foo le yone e supa gore O setse a gorogile koo. Pele fela ga gore Setefane a kgobotlediwe ka maje ka baka la go bo a neela bosupi ka boikanyegi, o khutsa ka go re: “Bōnañ, ke bōna magodimo a atlhamologile, le Morwa Motho a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.”
Fa a ntse a le kafa letsogong le legolo la Modimo, Jesu o letetse gore Rraagwe a ntshe taolo eno: “A go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” Mme ke eng se Jesu o se dirang, fa a santse a letetse seo, pele ga a tsaya kgato kgatlhanong le baba ba gagwe? O a busa, kana o laola barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng, a ba kaela mo tirong ya bone ya go rera le go ba baakanyetsa gore fa ba sena go tsosiwa mo baswing ba nne dikgosi le ene mo Bogosing jwa ga Rraagwe.
Ka sekai, Jesu o tlhopha Saulo (yoo moragonyana a neng a itsiwe thata ka leina la gagwe la Seroma, Paulo) gore a tsweledise tiro ya go dira barutwa mo mafatsheng a mangwe. Saulo o tlhaga tota mo go diragatseng Molao wa Modimo, lefa go ntse jalo o timeditswe ke baeteledipele ba Bajuda ba bodumedi. Ka baka leo, Saulo ga a dumalane le go bolawa ga ga Setefane fela mme gape o ya kwa Damaseko a tshotse tetla e e tswang kwa moperesiting yo mogolo Kaiafase ya gore e re fa a boela kwa Jerusalema a bo a tshwere banna le basadi bao a tla ba fitlhelang koo e le balatedi ba ga Jesu. Lefa go ntse jalo, fa Saulo a santse a le mo tseleng, o phatsimelwa ke lesedi le legolo go mo dikologa a bo a wela fa fatshe.
“Saulo, Saulo, u mpogisetsañ?” o bodiwa jalo ke lentswe le a sa itseng kwa le tswang gone. “U mañ Morèna?” Saulo o botsa jalo.
“Ke nna Yesu eo u mmogisañ,” ga tla karabo.
Jesu o bolelela Saulo yo o foufaditsweng ke lesedi leno le le gakgamatsang gore a tsene mo Damaseko mme a letele ditaolo gone. Morago Jesu o bonala ka ponatshegelo mo go Ananiase, mongwe wa barutwa ba gagwe. Jesu o bolelela Ananiase jaana kaga Saulo: “Èna ke seyana sa me se se tlhaocweñ, gore a rwalèlè leina ya me ha pele ga Badichaba, le dikgosi, le bana ba Iseraela.”
Eleruri, Saulo (yoo jaanong a itsiweng jaaka Paulo) mmogo le ba bangwe ba ba rerang efangele ba kgona go atlega thata mo tirong ya bone ya go rera le go ruta gonne Jesu a ba eme nokeng. Ebile tota, morago ga dingwaga tse di ka nnang 25 fa Jesu a sena go bonala mo go ene mo tseleng e e yang kwa Damaseko, Paulo o kwala ka gore “Mahoko a a Molemō” a ‘reretswe lobopo lotlhe kafa tlase ga legodimo.’
Morago ga dingwaga tse dingwe gape tse dintsi, Jesu o bontsha moaposetoloi wa gagwe yo o rategang, ebong Johane tlhatlhamano ya diponatshegelo. Totatota o kgona go bona Jesu fa a boa a le mo maemong a Bogosi ka diponatshegelo tseno tseo Johane a di tlhalosang mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō. Johane o bolela gore ‘o ne a tsenwe ke moya’ mme a isiwa kwa nakong ya isagwe ya “letsatsi ya Morèna.” “Letsatsi” leno ke eng?
Fa re ithuta boperofeti jwa Bibela ka kelotlhoko, go akaretsa le boperofeti jwa ga Jesu ka namana jo bo buang ka malatsi a bokhutlo, re lemoga gore “letsatsi ya Morèna” le ne la simolola mo ngwageng wa ditiragalo wa 1914, ee, mo go yone kokomana eno! Ka gone, Jesu o ne a boa mme a sa bonale ka 1914, kwantle ga go lelediwa megolokwane le diletso ke batho mme batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e le bone fela bao ba lemogang fa a boile. Mo go one ngwaga oo, Jehofa o ne a naya Jesu taolo ya go busa mo gare ga baba ba gagwe!
Jesu o ne a ntsha Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong, ka go mo piriganyetsa kwa tlase mo lefatsheng, a dira jalo go ya ka taolo ya ga Rraagwe. Fa a sena go bona seno se diragala mo ponatshegelong, Johane o utlwa lentswe lengwe la selegodimo le bolela ka go re: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna.” Ee, Keresete o ne a simolola go busa jaaka Kgosi ka 1914!
Abo seno e le mafoko a a molemo jang ne mo baobameding ba ga Jehofa ba ba kwa legodimong! Ba kgothadiwa jaana: “Itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna.” Mme seemo ke sefe ka ba ba leng mo lefatsheng? “A bo go latlhèga lehatshe le lewatle!” lentswe le le tswang kwa legodimong leo le a tswelela, “ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”
Re mo lobakeng lo lokhutshwane loo jaanong. Batho mo nakong eno ba tlhaolelwa go tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo kana go senngwa. Boammaaruri ke gore kafa o arabelang ka gone fa o utlwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a a rerwang jaanong mo lefatsheng lotlhe a kaelwa ke Keresete go atlhola gore o tla felela jang.
Fa go tlhaolwa ga batho go sena go wediwa, Jesu Keresete o tla direla Modimo jaaka Moemedi wa gagwe go tlosa tsamaiso yotlhe ya dilo ya ga Satane le ba ba e tshegetsang mo lefatsheng. Jesu o tla kgona go tlosa boikepo jono jotlhe mo ntweng e Bibela e e bitsang Hara–Magedona kana Aramagedona. Morago ga foo, Jesu, yoo jaanong e leng Motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong kwantle ga Jehofa Modimo fela, o tla tshwara Satane le badimona ba gagwe mme a ba golege ka dingwaga di le makgolo a le lesome mo “moletiñ,” ke gore, ba sa dire sepe jaaka ekete ba sule. Ditihō 7:55-60; 8:1-3; 9:1-19; 16:6-10; Pesalema 110:1, 2; Bahebera 10:12, 13; 1 Petere 3:22; Luke 22:28-30; Bakolosa 1:13, 23; Tshenolō 1:1, 10; 12:7-12; 16:14-16; 20:1-3; Mathaio 24:14; 25:31-33.
▪ Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, o bewa fa kae, mme o letetse eng?
▪ Jesu o busa bomang fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong, mme puso ya gagwe e bonala jang?
▪ “Letsatsi ya Morèna” le ne la simolola leng, mme ke eng seo se neng sa diragala fa le simologa?
▪ Ke tiro efe ya go tlhaola e e dirwang gompieno e e amang mongwe le mongwe wa rona ka namana, mme go tlhaola go dirwa mo motheong ofe?
▪ Fa tiro ya go tlhaola e sena go wediwa, go tlile go diragala eng morago ga yone?