LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 5/15 ts. 8-9
  • Kafa Letsogong Le Legolo la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Letsogong Le Legolo la Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Letsogong Le Legolo la Modimo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Keresete O ka Fa Seatleng sa Modimo sa Moja
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Mo Tseleng e e Yang Damaseko
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • A Batho ba ba Dirang Dilo Tse di Bosula ba ka Fetoga?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 5/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Kafa Letsogong Le Legolo la Modimo

GO TSHOLOLWA ga moya o o boitshepo ka Pentekosete ke bosupi jwa gore Jesu o setse a gorogile kwa legodimong. Ponatshegelo e e neng ya bontshiwa morutwa Setefane le yone e supa gore O setse a gorogile koo. Setefane o tlhaeletsa jaana pele fela fa a kgobotlediwa ka maje ka go bo a ne a neela bosupi ka boikanyegi: “Bōnañ, ke bōna magodimo a atlhamologile, le Morwa Motho a eme kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo.”

Fa a le kafa letsogong le legolo la Modimo, Jesu o emetse gore Rraagwe a ntshe taolo eno: “A go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” Mme Jesu o dira eng mo lobakeng loo lwa pele ga fa a tsaya kgato kgatlhanong le baba ba gagwe? O a busa, kana o laola barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng, a ba kaela mo tirong ya bone ya go rera le go ba baakanyetsa gore fa ba sena go tsosiwa mo baswing ba nne dikgosi le ene mo Bogosing jwa ga Rraagwe.

Ka sekai, Jesu o tlhopha Saulo (yoo moragonyana a neng a itsiwe thata ka leina la gagwe la Seroma, Paulo) gore a tsweledise tiro ya go dira barutwa kwa dinageng tse dingwe. Saulo o tlhaga tota mo Molaong wa Modimo, lefa go ntse jalo o timeditswe ke baeteledipele ba Bajuda ba bodumedi. Go felela ka gore Saulo a se felele fela ka go letla gore Setefane a bolawe mme o ya kwa Damaseko a tshotse tetla ya moperesiti yo mogolo Kaiafase ya gore a busetse banna le basadi bao a ba fitlhelang ba latela Jesu kwa Jerusalema a ba golegile. Lefa go ntse jalo, fa Saulo a santse a le mo tseleng, lesedi le le bogale le phatsima go mo dikologa mme o wela fa fatshe.

“Saulo, Saulo, u mpogisetsañ?” o bodiwa jalo ke lentswe le a sa itseng kwa le tswang gone. “U mañ Morèna?” Saulo o a botsa.

“Ke nna Yesu eo u mmogisañ,” karabo e tla jalo.

Jesu o bolelela Saulo yo o foufaditsweng ke lesedi leno le le gakgamatsang gore a tsene mo Damaseko mme a emele ditaolo gone. Morago Jesu o itlhagisa ka ponatshegelo mo go Ananiase, mongwe wa barutwa ba gagwe. Jesu o bolelela Ananiase jaana kaga Saulo: “Èna ke seyana sa me se se tlhaocweñ, gore a rwalèlè leina ya me ha pele ga Badichaba, le dikgosi, le bana ba Iseraela.”

Eleruri, Saulo (yoo jaanong a itsiweng jaaka Paulo) mmogo le ba bangwe ba ba rerang efangele ba kgona go atlega thata mo tirong ya bone ya go rera le go ruta gonne Jesu a ba eme nokeng. Totatota, morago ga dingwaga tse di ka nnang 25 fa Jesu a sena go itlhagisa mo go ene mo tseleng e e yang kwa Damaseko, Paulo o kwala gore “Mahoko a a Molemō” a ‘reretswe lobopo lotlhe kafa tlase ga legodimo.’

Morago ga dingwaga tse dingwe gape tse dintsi, Jesu o bontsha moaposetoloi yo a mo ratang thata ebong Johane diponatshegelo. Totatota o kgona go bona fa Jesu a boa mme a tlhomiwa jaaka kgosi mo Bogosing ka diponatshegelo tseno tseo Johane a di tlhalosang mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō. Johane o bolela gore ‘o ne a tsenwe ke moya’ mme o ne a isiwa kwa nakong ya isagwe ya “letsatsi ya Morèna.” “Letsatsi” leno ke eng?

Go ithuta boperofeti jwa Bibela ka kelotlhoko, go akaretsa le boperofeti jwa ga Jesu jo bo buang ka malatsi a bokhutlo, go senola gore “letsatsi ya Morèna” le ne la simolola mo ngwageng wa ditiragalo wa 1914, ee, mo go yone kokomana eno! Ka gone, Jesu o ne a boa mme a sa bonale ka 1914, kwantle ga megolokwane le diletso mme batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ke bone fela bao ba neng ba lemoga fa a boile. Mo go one ngwaga oo, Jehofa o ne a naya Jesu taolo ya go busa mo gare ga baba ba gagwe!

Jesu o ne a dira go ya ka taolo ya ga Rraagwe, mme a ntsha Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong, a ba piriganyetsa mo lefatsheng. Fa a sena go bona seno se diragala mo ponatshegelong, Johane o utlwa lentswe lengwe la selegodimo le tlhaeletsa jaana: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna.” Ee, Keresete o ne a simolola go busa jaaka Kgosi ka 1914!

Abo seno e le mafoko a a molemo jang ne mo baobameding ba ga Jehofa ba ba kwa legodimong! Ba kgothadiwa jaana: “Itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna.” Mme go tweng ka ba ba leng mo lefatsheng? “A bo go latlhèga lehatshe le lewatle!” lentswe le le tswang kwa legodimong le tswelela jalo, “ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”

Re mo lobakeng lo lokhutshwane loo jaanong. Batho jaanong ba tlhaolelwa go tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo kana go senngwa. Boammaaruri ke gore se o se dirang fa o utlwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a a rerwang jaanong mo lefatsheng lotlhe a kaelwa ke Keresete se tla atlhola gore o tla felela kae.

Fa go tlhaolwa ga batho go sena go wediwa, Jesu Keresete o tla direla Modimo jaaka Moemedi wa gagwe go tlosa tsamaiso ya dilo ya ga Satane le ba ba e tshegetsang mo lefatsheng. Jesu o tla kgona go tlosa boikepo jono jotlhe mo ntweng e Bibela e e bitsang Hara–Magedona. Morago ga foo, Jesu, Motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong kwantle ga Jehofa Modimo fela, o tla tshwara Satane le badimona ba gagwe mme a ba golege mo “moletiñ” ka dingwaga di le makgolo a a some, ke gore, ba sa dire sepe jaaka ekete ba sule. Ditihō 7:55-60; 8:1-3; 9:1-19; 16:6-10; Pesalema 110:1, 2; Bahebera 10:12, 13; 1 Petere 3:22; Luke 22:28-30; Bakolosa 1:13, 23; Tshenolō 1:1, 10; 12:7-12; 16:14-16; 20:1-3; Mathaio 24:14; 25:31-33.

◆ Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, o bonwa a le kae, mme o emetse eng?

◆ Jesu o busa bomang fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong, mme puso ya gagwe e bonwa jang?

◆ “Letsatsi ya Morèna” le ne la simolola leng, mme ke eng seo se neng sa diragala fa le simologa?

◆ Ke tiro efe ya go tlhaola e e dirwang gompieno e e amang mongwe le mongwe wa rona ka namana, mme go tlhaola go dirwa mo motheong ofe?

◆ Fa tiro ya go tlhaola e sena go wediwa, go tlile go diragala eng morago ga yone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela