LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dg karolo 2 ts. 3-4
  • Lefatshe Le Mo Go Lone Go Tla Bong Go Sena Pogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Mo Go Lone Go Tla Bong Go Sena Pogo
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Lefatshe Le Lesha Leo Le Senang Pogo
    Tsogang!—1990
  • Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
    Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
  • Re ka Solegelwa Molemo fa re Itshokela go Boga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
dg karolo 2 ts. 3-4

Karolo 2

Lefatshe Le Mo Go Lone Go Tla Bong Go Sena Pogo

1, 2. Ke kgopolo efe e e farologaneng e ba le bantsi ba nang nayo?

LEFA go le jalo, dimilione tsa batho lefatshe ka bophara ba na le kgopolo e e farologaneng gotlhelele. Ba solofetse isagwe e e molemolemo e setho se tlileng go nna le yone. Ba re go ise go ye kae gone mo lefatsheng mo boikepo le pogo di tla bo di seo gotlhelele. Ba na le tshepo e e tletseng ya gore dilo tsotlhe tse di maswe di tla tloga di tlosiwa mme go tlhomiwe lefatshe le lesha. Ba bile ba re motheo wa lefatshe le lesha leo o a tlhamiwa gone jaanong jaana!

2 Batho bano ba dumela gore mo lefatsheng le lesha leo go tla bo go sena ntwa, bosetlhogo, tlolomolao, tshiamololo, le lehuma. E tla bo e le lefatshe le mo go lone go tla bong go sena bolwetsi, kutlobotlhoko, selelo, le lone loso tota. Ka nako eo batho ba tla bo ba itekanela go ya pele le go tshelela ruri ka boitumelo mo lefatsheng la paradaise. Ebu, le bao ba suleng le go tsosiwa ba tla tsosiwa mme ba nne le sebaka sa go tshelela ruri!

3, 4. Ke ka ntlha yang fa batho bao ba tlhomamisega ka kgopolo eo ya bone?

3 A kgopolo eno ka isagwe ke toro fela, a ke go ipelela tsie e fofa? Nnyaa, le eseng. E thailwe mo tumelong e e tiileng ya gore Paradaise e e tlang eno ga go na gore e ka tlhoka go nna teng jang. (Bahebera 11:1) Ke ka ntlha yang fa ba tlhomamisegile jaana? Ka go bo e solofeditswe ke Mmopi eleng mothatayotlhe wa lobopo lotlhe.

4 Mabapi le ditsholofetso tsa Modimo, Bibela e a re: ‘Ga go na lepe la mafoko ao a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona le le tlhaetseng. A lo diragaletse fela otlhe. Ga go na lepe la one le le tlhaetseng.’ “Modimo ga se motho eo o ka akañ . . . a o buile, me a ga o ketla o se diha? kgotsa a o ntshitse lencwe, me ga o ketla o le tlhōmamisa?” “Yehofa oa mashomōshōmō o ikanne, a re, Rure yaka ke gopotse, go tla dihala yalo; le yaka ke ikaeletse go tla èma hèla yalo.”—Yoshue 23:14; Dipalō 23:19; Isaia 14:24.

5. Ke dipotso dife tse di tlhokang go arabiwa?

5 Lefa go le jalo, fa e le gore ke boikaelelo jwa Modimo go tlhoma lefatshe la paradaise le mo go lone go tla bong go sena pogo, ke ka ntlha yang fa o ile wa letlelela dilo tse di maswe go diragala? Ke ka ntlha yang fa o ile wa tsaya dingwaga tse di dikete tse thataro pele ga o ka baakanya se se phoso? A makgolokgolo a dingwaga ao a go boga a ka tswa a bontsha gore ruri Modimo ga o amege ka rona, kgotsa gone gore ga o yo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela