Karolo 1
A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
1, 2. Ke potso efe e batho ba e botsang ka Modimo, mme ka ntlha yang?
KA NAKO nngwe mo botshelong jwa gago, gongwe o ka tswa o kile wa ipotsa jaana: ‘Fa e le gore ruriruri go na le Modimo o o amegang ka rona, ke ka ntlha yang fa o letleletse pogo e e kanakana?’ Rotlhe re ile ra boga ka namana kgotsa re itse mongwe yo o ileng a boga.
2 Ee ruri, go ralala hisitori batho ba ile ba boga botlhoko le go hutsafala ka ntlha ya ntwa, bosetlhogo, tlolomolao, tshiamololo, lehuma, bolwetsi, le loso lwa baratwa ba bone. Mo lekgolong la rona la bo 20 la dingwaga fela, dintwa di ile tsa bolaya batho ba le dimilione di le 100. Dimilione tse di makgolo tsa ba bangwe ba ile ba gobala kgotsa ba latlhegelwa ke magae le ke ditsabone. Dilo tse dintsi tse di maswe di ile tsa diragala mo motlheng ono wa rona, mme tsa baka bohutsana, go lela mo go botlhoko, le moya wa go itlhoboga mo bathong ba le bantsi.
3, 4. Batho ba le bantsi ba ikutlwa jang ka ntlha ya go bo Modimo o letleletse pogo gore e nne teng?
3 Ba bangwe ba ile ba kgopega fela thata mme ba bo ba nna le boikutlo jwa gore fa e le gore Modimo o teng, ga o amege ka rona gotlhelele. Gongwe ba ka nna ba bo ba akanya le gore Modimo ga o yo. Ka sekai, rre mongwe yo o ileng a boga ka ntlha ya dipogiso tsa semorafe tse di ileng tsa baka loso lwa ditsala tsa gagwe le ba lelapa la gagwe mo Ntweng ya Lefatshe I o ne a botsa jaana: “Modimo o ne o le kae ka nako eo re neng re mo tlhoka ka yone?” Mongwe, yo o ileng a falola go bolawa ga dimilionemilione mo go ileng ga dirwa ke Banazi ka Ntwa ya Lefatshe II, o ne a hutsafaditswe thata ke pogisego eo a ileng a e bona mo eleng gore o bile a re: “Fa o ne o ka latswa pelo ya me, e ne e ka go tshela botlhole.”
4 Ka jalo, batho ba le bantsi ga ba kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Modimo o o molemo o ka letlelela dilo tse di maswe go diragala. Ba belaela gore a ruri o amega ka rona le gore a tota o teng. Mme bontsi jwa bone ba re go boga go tla nna go le teng ka dinako tsotlhe e le karolo ya botshelo jwa motho.
[Setshwantsho mo go tsebe 2, 3]
A lefatshe le lesha le go senang pogo mo go lone le gaufi?