LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 10/8 ts. 3-5
  • Dipotso Tseo Di Tlhokang go Arajwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tseo Di Tlhokang go Arajwa
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Batho Ba Ileng Ba Se Dira
  • Bothata Joo Bo Leng Teng mo Mmeleng wa Motho
  • Tsela Eo Ba Bangwe Ba Tlhalosang Seno ka Gone
  • Go Bona Dikarabo
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
    Pogo Yotlhe e Tloga e Fela!
  • Potso 3: Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ntlogela ke Boga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Re ka Solegelwa Molemo fa re Itshokela go Boga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1990
g90 10/8 ts. 3-5

Dipotso Tseo Di Tlhokang go Arajwa

KA NAKO nngwe e e rileng mo botshelong jwa gago, o ka nna wa tswa o ile wa botsa jaana: ‘Fa e le gore Modimo o gone, ke ka ntlha yang fa a letleletse gore go nne le pogo e e kanakana? Mme ke ka ntlha yang fa a e letleletse ka nako e teleletelele jaana, mo hisitoring yotlhe ya batho? A pogo e tla tsamaya e fela?’

Ka ntlha ya go bo ba sa bone dikarabo tse di kgotsofatsang mo dipotsong tse di ntseng jalo, ba le bantsi ba tlala bogale. Ba bangwe ba furalela le go furalela go dumela mo Modimong, kana ba mmona molato ka ntlha ya dilo tse di sa jeseng di welang tseo di ba diragalelang.

Ka sekai, monna mongwe yoo o neng a falotse Polao E E Setlhogo, eleng go bolawa ga batho ba le dimilionemilione ke Banazi mo Ntweng ya Lefatshe II, o ne a tlala bogale mo eleng gore o ne a bolela jaana: “Fa o ne o ka kgona go latswa pelo ya me, e ne e tla go tsenya botlhole.” Monna yo mongwe yo o neng a boga ka ntlha ya go bogisediwa setso, eleng pogiso eo e neng ya baka loso lwa ditsala tsa gagwe mmogo le maloko a lelapa mo Ntweng ya Lefatshe I, o ne a botsa jaana ka bogale: “Modimo o ne o le kae ka nako eo re neng re mmatla ka yone?”

Ka gone, batho ba le bantsi ba tlhakane tlhogo. Go ya ka bone, go lebega go sa utlwale gore Modimo o o tshiamo le o o lorato o letle dilo tse di sa siamang gore di diragale ka nako e teleletelele go le kalo.

Seo Batho Ba Ileng Ba Se Dira

Ke boammaaruri eleruri gore batho ba ile ba dira dilo tse di bosula thata ba di dira mo go ba bangwe go ralala makgolokgolo a dingwaga—tota, ba dirile jalo ka diketekete tsa dingwaga. Selekanyo sa seno sotlhe mmogo le tsela eo se boifisang ka yone di gakgamatsa eletota.

Jaaka fa go ne go ithewa go twe tlhabologo e tswela pele, batho ba ile ba nna ba dira dibetsa tse di maswe le go feta ba di direla gore ba nyeletse ba bangwe kana ba ba golafatse mo go maswe thata: dibetsa, ditlhobolo tsa sematšhini, difofane tsa ntwa, dikanono, dimmisaele, mathombo a a kgwang molelo, dibetsa tsa dikhemikale mmogo le tsa nuklea. Ka ntlha ya seo, mo lekgolong leno la dingwaga fela, dintwa tsa merafe di ile tsa bolaya batho ba ka nna dimilione di le lekgolo! Ba bangwe ba le dimilione di le makgolokgolo ba ile ba gobadiwa kana ba boga ka ditsela tse dingwe. Mme selekanyo sa dilo tseo di senngwang, tse di ntseng jaaka magae mmogo le dithoto, ke tse di senang palo.

A o ke o akanye fela ka kutlobotlhoko, masetlapelo, mmogo le dikeledi tseo di bakilweng ke ntwa! Mo makgetlong a le mantsi ke batho ba ba senang molato bao ba ileng ba boga mo go seno: bannabagolo mmogo le basadibagolo, bana, masea. Mme ebile mo makgetlong a le mantsi, ba le bantsi bao ba bakileng dilo tseo tse di bosula ga ba a ka ba di sekisediwa.

Lefatshe ka bophara, pogo e santse e tswelela pele go tla go fitlha nako kgolo ke eno. Letsatsi le letsatsi, batho ba a bolawa kana ba a gobadiwa mo bokebekweng. Ba a gobala kana ba swa mo ditiragalong tse di maswe, tseo di akaretsang ‘ditiragalo tsa tlholego’ tse di ntseng jaaka dikgwanyape, merwalela, le dithoromo tsa lefatshe. Ba boga ka ntlha ya tshiamololo, go tlhaolwa, lehuma, tlala, kana bolwetsi, kana ka ditsela tse dingwe tse dintsi.

Go ne go ka tla jang gore Modimo o o tshiamo o bo o ile wa bopa sengwe—eleng setho—seo se bogileng mo go maswemaswe jaana, se boga gantsintsi jaana, mo makgolong a dingwaga ka go latelana ga tsone?

Bothata Joo Bo Leng Teng mo Mmeleng wa Motho

Bothata jono bo bonwa le gone mo mmeleng wa motho. Borasaense mmogo le ba bangwe bao ba ileng ba ithuta mmele wa motho ba dumalana gore o dirilwe ka tsela e e gakgamatsang le e e manontlhotlho.

A o ke o akanye ka dikarolo tseno tsa one di sekae fela tse di gakgamatsang: leitlho la motho leo le jesang kgakge, leo go senang setsayaditshwantsho sepe seo se ka le atamelang; boboko jo bo gakgamatsang thata, joo bo dirang gore khomputara eo e leng ya maemo a a kwa godimo thata e fetoge dinyana; tsela eo dikarolo tse di raraaneng tsa mmele di dirisanang mmogo ka gone e se rona re di dirisang seo; kgakgamatso ya tsalo, go nna le lesea le le rategang thata—leo eleng setshwantsho sa batsadi ba lone—mo dikgweding di le robonngwe fela. Batho ba le bantsi ba swetsa ka gore selo seno, eleng mmele wa motho, se se dirilweng ka manontlhotlho se tshwanelwa gore se bo se bopilwe ke Motlhodi yo o dirang tiro e e duleng diatla—ebong Mmopi, Modimo Mothatayotlhe.

Lefa go ntse jalo, ka maswabi, one mmele oo o o jesang kgakge o a senyega. Fa nako e ntse e tsamaya o tlhaselwa ke bolwetsi, botsofe, le loso. Kgabagare o a tlhotlhorega go fetoga lorole. Abo seo se utlwisa botlhoko jang ne! Fela ka yone nako eo motho a neng a tshwanelwa ke gore a bone molemo ka yone go tswa mo boitemogelong jwa gagwe joo a bo boneng go ralala masomesome a dingwaga mme a ke a nne botlhale, mmele o felelwa ke tiro. Abo ke selo se se utlwisang botlhoko jang ne, fa go bapisiwa mmele ka nako eo o felang ka yone, le nako eo o neng o simologa ka yone o na le kgonego ya go ka nna le pholo e e molemo, wa nna le matlhagatlhaga, le go nna montle!

Ke ka ntlha yang fa Mmopi yo o lorato a ne a ka dira sengwe sa maemo a a kwa godimo jaaka mmele wa motho, mme e bo e re morago ga moo a bo a dira gore se felele ka tsela e e utlwisang botlhoko jaana? Ke ka ntlha yang fa a a ne a ka bopa selo se se simololang go dira ka tsela e e molemolemo jaana, ebile o na le kgono e e kanakana, mme o bo o fela ka tsela e e maswemaswe jaana?

Tsela Eo Ba Bangwe Ba Tlhalosang Seno ka Gone

Bangwe ba ile ba bolela gore boikepo mmogo le pogo ke dilo tseo Modimo o di dirisang go tokafatsa botho jwa rona ka masetlapelo. Moruti mongwe wa Methodist o ne a bolela jaana: “Go duela ba ba siameng ka bosula ke bontlhanngwe jwa thulaganyo ya Modimo ya poloko.” O ne a kaya gore go bopa botho jwa batho ba ba molemo mmogo le go dira gore ba bolokwe, ba tshwanetse ba boga ka ntlha ya ditiro tsa batho ba ba sa siamang jaaka bontlhanngwe jwa thulaganyo ya Modimo.

Mme lefa go ntse jalo a motho yoo eleng rre o ne a ka leka go tokafatsa botho jwa bana ba gagwe ka go rulaganyetsa go letla gore ba tlhaselwe ke senokwane sengwe se se bogale? Gape, a o ke o akanye ka ntlha ya gore batho ba le bantsi ba basha ba latlhegelwa ke matshelo a bone mo dikotsing kana ba a bolawa kana go swa kwa ntweng. Basha ba ba ntseng jalo ba ba tlhaselwang jalo ba ne ba se kitla ba tlhola ba nna le sebaka se sengwe sa go ka tokafatsa botho jwa bone ka gonne ba ne ba tla bo ba setse ba sule. Ka gone kgopolo ya gore pogo e letlwa ka maikaelelo a gore go tokafadiwe botho ga e utlwale ka gope.

Ga go na motho ope yoo eleng rre yo o nang le tlhaloganyo ebile a le lorato yoo a neng a ka batla gore baratiwa ba gagwe ba welwe ke pogo kana ke matlhotlhapelo. Tota ebile, rre yoo a ka rulaganyetsang gore baratiwa ba gagwe ba boge e le gore a ke a ‘age botho’ jwa bone o ne a tla tsewa jaaka yo o sa tshwanelang, ebile a sa felela mo tlhaloganyong.

Ka gone a go ne go ka bolelwa ka tsela e e utlwalang gore Modimo, eleng Rre yo mogolo go gaisa botlhe yo o lorato, Mmopi yo o botlhale go gaisa botlhe wa lobopo, o ne a ka rulaganyetsa gore go nne le pogo jaaka bontlhanngwe jwa ‘thulaganyo ya gagwe ya poloko’? Seo e ne e tla bo e le go mo tsenya nonofo ya bosetlhogo jo bo feteletseng le e e tsitsibanyang mmele, eleng nonofo eo rotlhe re e tsayang jaaka e e sa siamang le eleng mo bathong bao ba leng kwa tlase thata ka maemo mo go one.

Go Bona Dikarabo

Ke kae koo re ka retologelang gone go bona dikarabo tsa dipotso tseo di leng malebana le gore ke ka ntlha yang fa Modimo o letleletse gore pogo le boikepo di nne teng? Ereka dipotso tseno di kopanyeletsa Modimo, go a utlwala go bona gore ke dikarabo dife tseo ene ka boene a di neelang.

Re ka bona jang dikarabo tsa gagwe? Ka go ya kwa motsweding wa tshedimosetso oo Modimo o bolelang gore o o kwaletse gore e nne one o gogang batho—eleng Bibela E E Boitshepo, Dikwalo Tse Di Boitshepo. Go sa kgathalesege gore motho a ka tswa a akanyang ka motswedi oo wa tshedimosetso, ke selo se se tshwanelang gore re o tlhatlhobe, ka gonne, jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela jaana: “Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo mme ebile lo mosola . . . go ka lolamisa dilo.” (2 Timotheo 3:16, NW) Gape o ne a kwala jaana: “E rile lo chola lehoko ya taeco mo go rona, eboñ lehoko ya Modimo, loa le amogèla e señ yaka lehoko ya batho, ha e se yaka lehoko ya Modimo hèla, yaka e le yeōna rure.”a—1 Bathesalonia 2:13.

Go bona dikarabo tsa dipotso tseo di leng malebana le gore ke ka ntlha yang fa pogo e letleletswe gore e nne teng ga se selo se se batlang tlhaloganyo fela go ka di bona. Dikarabo tseno di botlhokwa thata gore re ke re tlhaloganye seo se diragalang gone jaanong jaana mo godimo ga lefatshe, gore ke eng seo se tla diragalang mo isagweng, le gore ke tsela efe eo seno se amang mongwe le mongwe wa rona ka gone.

Go mo go rona gore re letle Bibela, eo eleng yone tsela eo Modimo a buisanang le ditshedi tse e leng batho ka yone, gore e ipuelele ka boyone. Ke eng, he, seo e se bolelang malebana le kafa pogo e simologileng ka gone mmogo le lebaka la go bo Modimo a e letlelela?

Selo sa konokono seo se ka re thusang gore re tlhaloganye karabo se amana le kafa re dirilweng ka gone mo mogopolong le mo maikutlong. Bibela e bontsha gore Mmopi o tsentse nonofo eno ya botlhokwatlhokwa mo go rona fa a ne a re dira: go eletsa go nna le kgololesego. A re ke re sekasekeng ka bokhutshwane fela gore tota ke eng seo se kopanyelediwang mo kgololesegong eo batho ba nang le yone ya boikgethelo le gore seno se amana kae le lebaka la go bo Modimo o letleletse pogo gore e nne teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona motlotlo oo o leng malebana le bosupi jwa gore Bibela e tlhotlheleditswe ke Modimo, bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela