Kgaolo 1
Ke ka Ntlha Yang fa Jehofa A Tshwanetse go Nna le Basupi?
BASUPI BA GA JEHOFA ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe ka go bua ga bone le batho gongwe le gongwe ba sa kgaotse ka Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe. Gape ba itsege jaaka batho ba ba ngaparetseng thata mo ditumelong tsa bone lefa ba ka ganediwa ka tsela efe, tota le eleng lefa ba ka bolawa.
“Batho ba ba neng ba bogisiwa go gaisa ba bangwe ba bodumedi kwa United States mo lekgolong leno la bo masome a mabedi la dingwaga e ne e le Basupi ba ga Jehofa,” go bolela jalo buka ya The Court and the Constitution, ya ga Archibald Cox (1987). “Basupi ba ga Jehofa . . . ba ile ba tshwenngwa ba bo ba bogisiwa ke dipuso mo lefatsheng lotlhe,” go bolela jalo Tony Hodges. “Kwa Jeremane ya Ba-Nazi ba ne ba phuthiwa mme ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Ka Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, Mokgatlho [wa Watch Tower] o ne o thibetswe kwa Australia le kwa Canada. . . . Jaanong [mo dingwageng tsa bo1970] Basupi ba ga Jehofa ba tshwenngwa le kwa Afrika.”—Jehovah’s Witnesses in Africa, Tokololo ya 1985.
Ke ka ntlha yang fa ba bogisiwa jaana? Ke ka ntlha yang fa ba rera? A totatota Basupi ba ga Jehofa ba romilwe ke Modimo? Mme gone ke ka ntlha yang fa Jehofa a na le basupi—le gone ebile e le batho ba ba sa itekanelang? Dikarabo tsa seno di amana le dikgang tseo di ntseng di sekiwa mo kgotlatshekelong ya lobopo lotlhe—tsheko e go tla go fitlha jaanong e leng kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa sekiwa. Re tshwanetse ra sekaseka dikgang tseno e le gore re tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a na le basupi le gore ke ka ntlha yang fa basupi bano ba iketleeditse go itshoka tota lefa ba ka ganediwa ka tsela e e maswe go di gaisa tsotlhe.
Bolaodi jwa ga Jehofa Bo A Gwetlhiwa
Dikgang tse di botlhokwatlhokwa tseno di ama go tshwanela ga ga Jehofa Modimo go nna molaodi, kana gore ke molaodi yo mogolo. Ke Molaodi wa Lobopo ka gonne ke Mmopi, ke Modimo, ebile ke Mothatayotlhe. (Gen. 17:1; Ekes. 6:3; Tshen. 4:11) Ka gone o na le tshwanelo ya go laola sengwe le sengwe se se leng kwa legodimong le mo lefatsheng. (1 Ditih. 29:12, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Mme lefa go ntse jalo o dirisa bolaodi jwa gagwe ka tsela e e lorato ka metlha. (Bapisa Yeremia 9:24.) Mme jaanong o batla eng gape mo dibopiweng tsa gagwe tse di botlhale? Gore di mo rate le gore di bontshe gore di rata gore a di laole. (Pes. 84:10) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a gwetlhiwa gore ga a tshwanela go nna molaodi dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Jang? Ke mang? Genesise, buka ya ntlha ya Bibela, e tlhalosa kgang eno.
E bega gore Modimo o ne wa bopa batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, wa ba naya legae la tshimo e ntle. O ne a ba laela gape jaana: “U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Gen. 2:16, 17) “Setlhare sa kicō ea molemō le boshula” e ne e le eng, mme go ja loungo lwa sone go ne go tla bolelang?
E ne e le setlhare sa mmatota, mme Modimo o ne wa se dirisetsa go tshwantshetsa sengwe. Ka gonne o ne a se bitsa “setlhare sa kicō ea molemō le boshula” le ka gonne o ne a laela batho ba babedi bao ba ntlha gore ba se ka ba se ja, setlhare seno se ne se bontsha sentle gore Modimo o na le tshwanelo ya go bolelela batho gore ke eng se se “molemō” (se se itumedisang Modimo) le gore ke eng se se “boshula” (se se sa itumediseng Modimo). Ka jalo go nna teng ga setlhare seno go ne go leka motho go bona gore a o tlotla bolaodi jwa Modimo. Se se utlwisang botlhoko ke gore, batho ba babedi ba ntlha ba ne ba se ka ba utlwa Modimo mme ba ja loungo lo ba neng ba lo ileditswe. Ba ne ba palelwa ke go fenya teko eno e e bonolo mme e le e e akaretsang dilo tse di boteng ya go bona gore a ba a utlwa le gore a ba a anaanela.—Gen. 3:1-6.
Tiro eno e e lebegang ekete e nnye e ne e le go tsuologa kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa. Ka tsela efe? Fa re ka tlhaloganya tsela eo rona batho re dirilweng ka yone seno se tla re thusa go tlhaloganya gore se Adame le Efa ba se dirileng se bolelang. Fa Jehofa a ne a bopa batho ba ntlha ba babedi, o ne a ba naya mpho e kgolo thata—go itlhophela seo ba se ratang. Mo godimo ga mpho eno, Jehofa o ne a ba naya nonofo ya go akanya eo e neng e akaretsa go kgona go lemoga se se siameng le se se sa siamang, go sekaseka mabaka, le go atlhola. (Baheb. 5:14) Ba ne ba sa tshwane le metšhini fela e e dirilweng e e senang tlhaloganyo; ebile ba ne ba sa tshwane le diphologolo, tseo gantsi di dirang selo kwantle ga go akanya pele. Lefa go ntse jalo, kgololesego ya bone e ne e lekanyeditswe, e laolwa ke melao ya Modimo. (Bapisa Yeremia 10:23, 24.) Adame le Efa ba ne ba tlhopha go ja loungo lo ba neng ba lo ileditswe. Ka gone ba ne ba dirisa kgololesego ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. Ke eng se se neng sa dira gore ba dire jalo?
Bibela e tlhalosa gore sebopiwa sengwe sa Modimo sa moya se ne sa nna kgatlhanong le Modimo sa bo sa mo ganetsa ka boomo. Sone sebopiwa seno, se moragonyana se neng sa itsiwe e le Satane, se ne sa bua se dirisa noga kwa Edene mme sa tsietsa Efa, mme morago sa tsietsa Adame se dirisa Efa, gore ba se ka ba ineela mo Modimong gore a ba laole. (Tshen. 12:9) Fa Adame le Efa ba ne ba ja setlhare seno, ba ne ba tsaya tsela e ba atlholang dilo ka yone e gaisa ya Modimo, ba bontsha gore ba ne ba batla go ikatlholela ka bobone gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.—Gen. 3:22.
Ka gone kgang eo e neng ya tsosiwa e ne e le gore, A Jehofa o na le tshwanelo ya go busa batho, mme a tsela e a laolang ka yone e dira gore babusiwa ba gagwe ba solegelwe molemo? Kgang eno e ne ya bonala sentle mo mafokong ano a Noga e neng ya a bolelela Efa: “Kana, eu! A Modimo o rile, lo se ka loa ya ditlhare tsa tshimo?” Se a neng a se bolela e ne e le gore Modimo o ne o thibela mosadi yono le monna wa gagwe sengwe se se ka ba solegelang molemo a ba thibela a sa tshwanela.—Gen. 3:1.
Go tsuologa ga kwa Edene go ne ga tsosa kgang e nngwe gape: A batho ba ka kgona go ikanyega mo Modimong fa ba lekwa? Kgang e e malebana le seno e ne ya kgona go bonala sentle makgolo a le 24 a dingwaga moragonyana mo kgannyeng ya ga Jobe yo o ikanyegang. Satane eleng ‘lentswe’ le le neng le buisa noga, o ne a gwetlha Jehofa phatlalatsa a bolela jaana: “A Yobe o boiha Yehofa ka lehèla?” Satane o ne a mo latofatsa jaana: “A ga ua mmeèla tikologoñ ea gagwè, le ntlo ea gagwè, le cotlhe tse o nañ nacō, ka ntlha cotlhe? U segōhaditse tihō ea diatla tsa gagwè le dithuō tsa gagwè di atile mo lehatshiñ.” Ka gone Satane o ne a bolela gore Jobe o ne a siame fela ka gore a ne a rata go huma. O ne a bolela gape jaana: “Letlalō le tle le ntshediwe letlalō, E, cotlhe tse motho o nañ nacō o tla di ntshetsa botshelō yoa gagwè.” Ereka, jaaka fa Jehofa a ne a bolela, ‘go ne go sena ope yo o tshwanang le Jobe mo lefatsheng,’ totatota Satane o ne a bolela gore o ne a ka kgona go dira gore motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo a katogele kgakala le Ene. (Yobe 1:8-11; 2:4) Ka gone batlhanka botlhe ba Modimo ba ne ba gwetlhiwa jalo ka tsela e e sa tlhamalalang gore a ba tla nna ba thokgame le gore a ba tla ikanyega mo go Ene jaaka molaodi.
Ereka dikgang tseno di setse di tsositswe, di ne di tlhoka go rarabololwa. Lobaka lwa nako lo lo ileng lwa feta—mo e ka nnang dingwaga di le 6 000 jaanong—le go palelwa ka tsela e e utlwisang botlhoko ga dipuso tsa batho di bontsha sentle gore batho ba tlhoka gore ba laolwe ke Modimo. Mme a ba a go batla? A go na le batho ba ba tla bontshang go tswa mo pelong gore ba lemoga gore Jehofa ke molaodi yo o siameng? Ee! Jehofa o na le basupi ba gagwe! Mme pele re ka sekaseka bosupi jwa bone, mma pele re bone gore go nna mosupi go akaretsa eng.
Seo go Nna Mosupi go Se Bolelang
Mafoko a puo ya ntlhantlha a a ranotsweng ka gore “mosupi” a bontsha gore go nna mosupi wa ga Jehofa go bolelang. Mo Dikwalong tsa Sehebera, leina le le ranotsweng ka gore “mosupi” (ʽedh) le tserwe go tswa mo lediring (ʽudh) le le bolelang “go boa” kana “go boeletsa, go dira gape.” Theological Wordbook of the Old Testament e bolela jaana ka leina leno (ʽedh): “Mosupi ke motho, yo, gangwe le gape o tlhomamisang bosupi jwa gagwe ka tsela e e nonofileng. Lefoko leno [ʽedh] le dirisiwa thata kwa dikgotlatshekelo.” A Comprehensive Etymological Dictionary of the Hebrew Language for Readers of English e oketsa jaana: “Go bonala bokao jwa ntlhantlha [jwa lediri leno ʽudh] bo ne bo bolela gore ‘o ne a bua a boeletsa ebile a bua ka tsela e e nonofileng.’ ”
Mo Dikwalong tsa Bokeresete, mafoko a Segerika ao a ranotsweng ka gore “mosupi” (marʹtys) le “go neela bosupi” (mar·ty·reʹo) le one a ne a na le bokao jwa semolao, le mororo e ne ya re fa nako e ntse e tsamaya a ne a simolola go kaya dilo dingwe gape tse di oketsegileng. Go ya ka Theological Dictionary of the New Testament, “kgopolo ya lefoko mosupi [e dirisiwa] ka tlhaloganyo ya go neela bosupi ka dintlha tse di ka tlhomamisiwang ebile o neela bosupi ka boammaaruri, ke gore, o itsise ebile o bolela dilo tse o tlhatswegileng pelo ka tsone phatlalatsa.” Ka jalo mosupi o bolela dintlha tsa dilo tse a di itseng ka tlhamalalo, kana o bolela dikgopolo kana boammaaruri jo a tlhatswegileng pelo ka jone.a
Go ikanyega ga Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga go ne go supa se se kaiwang ke lefoko leno “mosupi” ka tsela e e phepafetseng. Bakeresete ba bantsi mo go bao ba ntlha ba ne ba neela bosupi jono ba bogisiwa ebile ba lebanwe le ke loso. (Dit. 22:20; Tshen. 2:13) Ka ntlha ya moo, mo e ka nnang ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., lefoko la Segerika le le kayang mosupi (marʹtys, leo gape go ntshitsweng lefoko “martyr” [moswelatumelo] mo go lone) le ne la kaya gape sengwe se se neng se ka raya batho ba ba neng ba iketleeditse go “tlhomamisa kafa bosupi jwa bone kana go ipolela ga bone go neng go le masisi ka teng ka go swa.” Ba ne ba sa bidiwe basupi ka gonne ba ne ba swa; ba ne ba swa ka gonne e ne e le basupi ba ba ikanyegang.
Mme jaanong basupi ba ntlha ba ga Jehofa e ne e le bomang? Ke bomang ba ba neng ba iketleeditse go bolela “gangwe le gape ebile ba nonofile”—ka mafoko le ka tsela e ba neng ba tshela ka yone—gore Jehofa ke Molaodi yo o siameng le yo o tshwanelang? Ke bomang ba ba neng ba iketleeditse go boloka bothokgami jwa bone mo Modimong, tota le go fitlha ba swa?
Basupi ba Ntlha ba ga Jehofa
Moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Re dikanyedicwe ke boidiidi yo bo kalo kalo [Seg., neʹphos, se se bolelang maru a magolo] yoa bashupi.” (Baheb. 12:1) ‘Boidiidi jono’ jwa basupi bo ne jwa simolola go nna teng go tloga fela fa bolaodi jwa Modimo bo sena go tsuologelwa kwa Edene.
Mo go Bahebera 11:4, Paulo o tlhalosa gore Abele ke mosupi wa ntlha wa ga Jehofa, a bolela jaana: “Ka tumèlō Abele a isetsa Modimo setlhabèlō se se gaisañ sa ga Kaine; me a shupiwa ka gōna ha a le tshiamō, Modimo e le ōna o o shupileñ kaga dinèō tsa gagwè: me leha a shule o sa nntse a bua ka eōna.” Abele o ne a direla jang jaaka mosupi wa ga Jehofa? Karabo e bonwa mo lebakeng la go bo setlhabelo sa ga Abele se ne se ‘gaisa’ sa ga Kaine.
Fa re bua ka tlhamalalo fela, Abele o ne a dira tshupelo e e siameng a na le boikaelelo jo bo siameng mme mo godimo ga moo a dira ditiro tse di siameng. Jaaka mpho ya gagwe, o ne a neela setlhabelo sa madi se se neng se emela botshelo jwa maitibolo a letsomane la gagwe—mme Kaine ene o ne a ntsha dijalo tse di sa tsheleng. (Gen. 4:3, 4) Kaine o ne a sa dire setlhabelo sa gagwe a tlhotlhelediwa ke tumelo eo e neng ya dira gore tshupelo ya ga Abele e amogelwe. Kaine o ne a tshwanetse go fetola tsela e a neng a obamela ka yone. Go na le gore a dire jalo, o ne a bontsha gore pelo ya gagwe e ne e sa siama ka go gana kgakololo ya Modimo le tlhagiso ya gagwe le ka go bolaya Abele yo o neng a ikanyega.—Gen. 4:6-8; 1 Yoh. 3:11, 12.
Abele o ne a supa fa a na le tumelo e batsadi ba gagwe ba neng ba sena yone. Go ikanyega ga gagwe go ne go supa ka moo a tlhatswegileng pelo ka gone gore Jehofa ke molaodi yo o siameng le yo o tshwanetseng. Mo lobakeng lwa dingwaga di le lekgolo kana go feta loo Abele a neng a lo tshela, o ne a bontsha gore motho a ka kgona go ikanyega mo Modimong a bo a tlhomamise bosupi jwa seo ka go swa. Mme madi a ga Abele a santse a tswelela a ‘bua,’ ka gonne pego e e tlhotlheleditsweng e e buang ka tsela eo a neng a swela tumelo ka yone e ne ya kwalwa mo Bibeleng gore e balwe ke dikokomana tse di tla tlang.
Mo e ka nnang dingwaga di le makgolo a le matlhano morago ga loso lwa ga Abele, Enoke o ne a simolola go ‘sepela le Modimo,’ a tshela ka tsela e e neng e dumalana le melao ya ga Jehofa ya se se molemo le se se bosula. (Gen. 5:24) Ka nako eo, go gana ga batho gore Modimo e nne molaodi wa bone go ne ga dira gore boikepo bo oketsege mo gare ga batho. Enoke o ne a tlhatswegile pelo gore Molaodi yo Mogolo o ne a tla tsaya kgato kgatlhanong le batho ba ba boikepo, mme moya wa Modimo o ne wa mo tlhotlheletsa gore a bolele gore o ne a tla ba nyeletsa mo isagweng. (Yude 14, 15) Enoke o ne a tswelela e ntse e le mosupi yo o ikanyegang go fitlha a swa, ka gonne go bonala gore Jehofa o ne a mo ‘tshola,’ gore a se ka a swa loso lo lo maswe a bolawa ke baba ba gagwe. (Baheb. 11:5) Ka jalo leina la ga Enoke le ne le ka tsenngwa mo lenaaneng le le oketsegang la ‘boidiidi jo bogolo jwa basupi’ ba metlha ya pele ga Bokeresete.
Batho ba ne ba tswelela ba dira dilo ka moya wa bone wa go rata go dira boikepo. Ka nako ya fa Noa yoo a neng a tsholwa mo e ka nnang dingwaga di le 70 morago ga loso lwa ga Enoke, barwa ba Modimo ba baengele ba ne ba tla mo lefatsheng, go bonala sentle gore ba ne ba iphetola ba nna le mebele ya batho, mme ba tshela le basadi ba bantle. Bana ba ba neng ba ba tshola ba ne ba itsege jaaka Banefelimo; e ne e le diganka mo bathong. (Gen. 6:1-4) Ke eng se se neng sa felela se diragetse ka go kopana gono go e seng ga tlholego ga ditshedi tsa moya le batho le bana ba ba neng ba ba tshola? Pego e e tlhotlheleditsweng e araba jaana: “Me Yehofa a bōna ha boikèpō yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe. Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.” (Gen. 6:5, 12) Abo go utlwisa botlhoko jang ne go bo lefatshe, le e leng sebeo sa dinao sa Modimo, le ne le “tletse thubakanyō.”—Gen. 6:13; Isa. 66:1.
Go farologana le seo, “Noa e ne e le monna eo o siameñ,” yo o neng a “itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè.” (Gen. 6:9) O ne a bontsha gore o ne a ineetse ka fa tlase ga Modimo ka go dira ‘fela jaaka Modimo o mo laotse.’ (Gen. 6:22) O ne a “baakanya ntlo e e kokobalañ gore a tlè a bolokè ba ntlō ea gagwè” gonne a ne a na le tumelo. (Baheb. 11:7) Mme Noa o ne a dira se sengwe kwantle ga go aga; jaaka “moreri [kana mmueledi] oa tshiamō,” o ne a tlhagisa ka tshenyego e e tlileng go tla. (2 Pet. 2:5) Lefa go ntse jalo, lefa Noa a ne a neela bosupi ka bopelokgale, batho ba ba boikepo bao “ba ne ba sa tseye tsia go fitlha morwalela o tla mme o ba nyeletsa botlhe fela.”—Math. 24:37-39, NW.
Morago ga motlha wa ga Noa, Jehofa o ne a na le basupi mo gare ga ditlhogo tsa lotso morago ga Morwalela. Aberahame, Isake, Jakobe, le Josefa ba umakiwa jaaka karolo ya ntlha ya boidiidi jwa basupi ba pele ga motlha wa Bokeresete. (Baheb. 11:8-22; 12:1) Ba ne ba bontsha gore ba ne ba tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa, ba dira jalo ka go boloka bothokgami. (Gen. 18:18, 19) Ka gone ba ne ba nna le seabe mo go tlotlomatseng leina la ga Jehofa. Mo boemong jwa gore ba batle go sirelediwa ke bogosi bongwe jwa lefatshe, ba ne ba “ipolèla ha ba le baeñ le baeti mo lehatshiñ,” ka tumelo ba “lebèlèla motse o e leñ ōna o o nañ le methèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.” (Baheb. 11:10, 13) Ba ne ba amogela Jehofa jaaka Mmusi wa bone, ba tlhomile tsholofelo ya bone mo Bogosing jo bo solofeditsweng jwa selegodimo jaaka jo a supang ka jone gore o tshwanela go nna molaodi.
Mo lekgolong la bo 16 la dingwaga B.C.E., bana ba ga Aberahame e ne e le batlhanka ba ba neng ba tlhoka go gololwa mo botshwarong jwa Egepeto. Ka nako eo Moshe le mogolowe ebong Arone ba ne ba etelela pele mo go ‘lweng le medimo.’ Ba ne ba tlhagelela fa pele ga Faro mme ba mmolelela se Jehofa a ba laetseng go se mmolelela: “Lesa batho ba me ba tsamaeè.” Mme Faro yo o neng a ikgogomosa o ne a thatafatsa pelo ya gagwe; o ne a sa batle go tlogela morafe o mogolo ono wa batlhanka ba ba neng ba mo direla. “Yehofa e be e le mañ,” o ne a araba jalo, “ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè ka lesa Baiseraela ba tsamaea? ga ke itse Yehofa, gapè ga nketla ke lesa Baiseraela ba tsamaea.” (Ekes. 5:1, 2) Ka go araba ka tsela e e lonyatso jalo, Faro, yo go neng go dumelwa gore ene ka boene ke modimo o o tshelang, o ne a gana go dumela gore Jehofa ke Modimo.
Ereka jaanong kgang ya gore ke mang yo e leng Modimo e ne e tsositswe, Jehofa o ne a tswelela a bontsha gore ke ene Modimo wa boammaaruri. Faro o ne a dirisa baperesiti ba gagwe ba ba neng ba dirisa boloi go kopanya maatla a medimo ya Egepeto gore e tle go gwetlha Jehofa gore a o na le maatla. Mme Jehofa o ne a romela dipetso di le lesome, tseo nngwe le nngwe ya tsone e neng ya itsisiwe ke Moshe le Arone, gore a supe gore o laola dibopiwa tsotlhe tse di mo lefatsheng le gore o mogolo thata mo medimong ya Egepeto. (Ekes. 9:13-16; 12:12) Morago ga dipetso tse di lesome, Jehofa o ne a ntsha Iseraele mo Egepeto ka “lecōgō ye le thata.”—Ekes. 13:9.
Moshe, yo o neng ‘a le boikokobetso thata go feta botlhe,’ o ne a tshwanela gore a nne pelokgale a bo a nne le tumelo tota gore a kgone go ya kwa go Faro, eseng gangwe fela mme makgetlo a le mmalwa. (Dipa. 12:3) Lefa go ntse jalo, Moshe o ne a bolelela Faro molaetsa wa ga Jehofa fela jaaka a ne a o mmoleletse. Tota lefa a ne a tshosediwa ka gore o tla bolawa seno ga se a ka sa mo dira gore a se ka a tlhola a neela bosupi ka tsela eno! (Ekes. 10:28, 29; Baheb. 11:27) Moshe e ne e le mosupi tota go ya ka se se kaiwang ke lefoko leno; o ne a neela bosupi “gangwe le gape ebile e le ka tsela e e nonofileng” gore Jehofa ke Modimo.
Moshe o ne a kwala buka ya Genesise fa ba sena go gololwa kwa Egepeto ka 1513 B.C.E. Ka go dira jalo o ne a simolola motlha o mosha—motlha wa go kwalwa ga Bibela. Ereka go bonala Moshe a ne a kwala buka ya Yobe, o ne a na le kitsonyana kaga kgangkgolo e e fa gare ga Modimo le Satane. Mme e ne ya re fa Bibela e ntse e kwalwa, dikgang tse di kaga bolaodi jwa Modimo le go ikanyega ga motho di ne di tla kwalwa ka tsela e e utlwalang; ka jalo botlhe ba ba amegang ba ne ba tla kgona go itse ka botlalo dikgang tse dikgolo tse di neng di akarediwa. Mo godimo ga moo, ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a thaya motheo wa go nna le morafe wa basupi.
Morafe wa Basupi
Mo kgweding ya boraro morago ga fa ba sena go tswa kwa Egepeto, Jehofa o ne a dira gore Baiseraele ba nne le kamano le ene ka kgolagano, a ba dira gore ba nne “boshwa bo chwerwe.” (Ekes. 19:5, 6) Jaanong o ne a dirisana le bone jaaka morafe a dirisa Moshe, a ba neela puso ya bomodimo eo e neng e thailwe mo kgolaganong ya Molao jaaka molaotheo wa morafe wa bone. (Isa. 33:22) E ne e le batho ba ba itlhophetsweng ke Jehofa, ba rulaganyeditswe gore ba mo emele jaaka Morena Molaodi wa bone.
Lefa go ntse jalo, mo makgolokgolong a dingwaga a a neng a latela, morafe ono ga o a ka wa bontsha ka metlha gore o tsaya Jehofa jaaka molaodi. Fa ba sena go nna mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, Baiseraele ka dinako tse dingwe ba ne ba obamela medimo ya bodimona ya merafe e mengwe. Ka gonne ba ne ba paletswe ke go mo utlwa jaaka yo o tshwanetseng go nna Molaodi wa bone, Jehofa o ne a ba letla gore ba thopiwe, mme ka ntlha ya moo go ne ga bonala ekete medimo ya merafe eno e ne e le maatla go gaisa Jehofa. (Isa. 42:18-25) Mme mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a gwetlha medimo ya merafe eno phatlalatsa e le gore a kgone go tlosa tsela e e phoso eo batho ba neng ba akanya ka yone mme a kgone go araba potso e e reng, Modimo wa boammaaruri ke Mang?
Jehofa o ne a bolela mafoko ano a a gwetlhang ka moperofeti Isaia: “Emañ mo go bōnè [medimo ya merafe] eo o ka bolèlañ go mo [a bolela boperofeti jaaka bo ntse], a re shupetsa dilō tsa pele [ke gore, nako ya tsone e ise e tle]? A [jaaka medimo] ba tlisè bashupi ba bōnè, gorè ba tlè ba siamisiwè: kgotsa a [batho ba merafe] ba utlwè, me a ba re, Ke boamarure.” (Isa. 43:9) Ee, a medimo ya merafe e tlise basupi ba ba neng ba ka supa gore boperofeti jwa medimo ya bone, “Ke boamarure.” Mme go ne go sena modimo ope mo medimong eo o o neng o ka kgona go tlisa basupi ba boammaaruri ba ba supang gore ke medimo!
Jehofa o ne a dira gore go bonale sentle gore boikarabelo jwa Baiseraele ke bofe mo go supeng karabo ya potso e e reng, Modimo wa boammaaruri ke mang? O ne a bolela jaana: “Lona lo bashupi ba me, . . . u bile u motlhanka oa me eo ke gu itshenketseñ; gore lo tlè lo itse, lo ntumèlè, lo bo lo tlhaloganyè ha ke le èna: e rile pele ga me ga bo go sa bopiwa modimo opè, le gōna ga go ketla go nna opè moragō ga me. Nna, e leñ Nna, ke Yehofa; me kwa ntlè ga me ga go na mmoloki opè. Ke kakantse, ke bolokile, ke shupile, me go no go sena modimo opè oa seeñ mo go lona; ke gōna lo leñ bashupi ba me, . . . me ke Nna Modimo.”—Isa. 43:10-12.
Ka jalo batho ba ga Jehofa ebong Baiseraele ba ne ba bopa morafe wa basupi. Ba ne ba ka kgona go tlhomamisa ba nonofile gore bolaodi jwa ga Jehofa bo siame le gore o na le tshwanelo ya go busa. Ba ne ba ka kgona go bolela ba tlhatswegile pelo ka ntlha ya dilo tse Jehofa a neng a di ba diretse gore ke Mogolodi yo Mogolo wa batho ba gagwe le Modimo yo boperofeti jwa one bo leng boammaaruri.
Go Neela Bosupi Kaga Mesia
Le mororo go na le bosupi jo bontsintsi jono jwa ‘boidiidi’ jwa basupi ba motlha wa pele ga Bokeresete, dikgang tseno di ne di sa rarabololwa ka botlalo kafa letlhakoreng la Modimo. Ke ka ntlha yang fa go sa nna jalo? Ka gonne Jehofa o ne a tla diragatsa katlholo ya gagwe ka nako e Modimo a e tlhomileng mo go botlhe ba ba ganang go mo utlwa jaaka molaodi fa go sena go bonala sentle ka phepafalo gore batho ba tlhoka go busiwa ke Jehofa, le gore ga ba kgone go ipusa sentle kwantle ga gagwe. Mo godimo ga moo, dikgang tse di neng tsa tsosiwa ga di ame batho fela. Ereka moengele mongwe a ile a tsuologa kwa Edene seno se ile sa dira gore go nne le kgang ya bothokgami mo bolaoding jwa Modimo eo e neng ya akaretsa le dibopiwa tsa Modimo tsa selegodimo. Ka ntlha ya moo, Jehofa o ne a romela morwa mongwe wa semoya mono mo lefatsheng mo Satane a neng a newa tshono e ntle ya go mo leka. Morwa yoo wa semoya o ne a tla newa tshono ya gore a arabe potso eno ka tsela e e kgotsofatsang le ka botlalo, A go na le motho ope fela yo o tla ikanyegang mo Modimong fa a lekwa ka tsela epe fela? Ereka a tla bo a itshupile ka tsela e e ntseng jalo gore o a ikanyega, morwa yono wa Modimo o ne a tla newa nonofo e kgolo jaaka yo o ileng a tlotlomatsa Jehofa go gaisa botlhe, yo o neng a tla nyeletsa baikepi mme a diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka lefatshe ka botlalo.
Mme gone o ne a tla bonwa jang gore ke ene? Jehofa o ne a solofeditse kwa Edene gore go tla nna le “losika” loo lo neng lo tla tapeta Mmaba yo o tshwanang le noga mo tlhogong mme lo tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo. (Gen. 3:15) Jehofa o ne a bolela dintlha tse dintsi kaga “losika” loo lwa Bomesia a dirisa baperofeti ba Bahebera—dintlha kaga botshelo jwa gagwe le seo a neng a tla se dira, tota le eleng le nako eo a neng a tla tla ka yone.—Gen. 12:1-3; 22:15-18; 49:10; 2 Sam. 7:12-16; Isa. 7:14; Dan. 9:24-27; Mika 5:2.
Mo bogareng jwa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., fa go ne go wediwa Dikwalo tsa Sehebera, go ne go kwadilwe boperofeti jo Mesia a neng a tla bo diragatsa fa a tla. Go tla tlotliwa ka bosupi jwa mosupi yono—yo tota e leng mosupi yo mogolo go gaisa botlhe wa Modimo—mo kgaolong e e latelang.
[Ntlhanyana e e kwa tlase]
a Ka sekai, Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba ka neela bosupi ka dintlha dingwe tsa dilo tse di neng tsa diragalela Jesu—tse di amang botshelo jwa gagwe, loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe—ba bolela ka dilo tse ba di itseng ka bobone. (Dit. 1:21, 22; 10:40, 41) Lefa go ntse jalo, batho ba moragonyana ba neng ba dumela mo go Jesu ba ne ba ka neela bosupi ka go bolelela ba bangwe kafa botshelo jwa gagwe, loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe di leng botlhokwa ka gone.—Dit. 22:15.
[Mafoko a a mo go tsebe 11]
Batho ba ka tlhopha go solegelwa molemo ke bolaodi jwa ga Jehofa. Mme sa ntlha ba tshwanetse ba utlwa ka jone
[Mafoko a a mo go tsebe 13]
Abele e ne e le mosupi wa ntlha wa ga Jehofa
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
Enoke o ne a neela bosupi a bolela kaga dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le baikepi
[Mafoko a a mo go tsebe 17]
Jehofa o ne a dira gore morafe otlhe o itse sentle boikarabelo jwa one jaaka basupi ba gagwe
[Mafoko a a mo go tsebe 18]
“Lona lo bashupi ba me, . . . me ke Nna Modimo”
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ditiragalo tsa kwa Edene di ne tsa tsosa dikgang tseno tse di botlhokwa: A Jehofa o tshwanela go nna molaodi? A dibopiwa tsa gagwe di ne di tla ikanyega mo go ene?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Noa e ne e le moreri wa tshiamo pele Modimo o senya lefatshe ka morwalela
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Moshe le Arone ba ne ba neela bosupi ka tsela e e nonofileng mo go Faro jwa gore Jehofa ke Modimo