Kgaolo 4
Botenegi Jo Bogolo Bo A Simologa
“GO MORÈNA a le moñwe hèla, tumèlō e le ñwe hèla.” (Baef. 4:5) Fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhotlhelediwa go kwala mafoko ao (mo e ka nnang ka 60-61 C.E.), go ne go na le tumelo e le nngwe fela ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, gompieno re bona go tletsetletse mekgatlho ya bodumedi, ditlhopha tsa bodumedi, le ditlwaelo tsa bodumedi tseo di ipolelang gore ke tsa Bokeresete, le mororo di ruta dithuto tse di ganetsanang ebile di latela melao e e farologaneng ya boitshwaro. Abo ba farologane thata jang le phuthego e le nngwe e e utlwanang ya Bokeresete eo e neng ya simolola ka Pentekosete ya 33 C.E.! Go ne ga tla jang gore ba kgaogane jaana? Go bona karabo, re tshwanetse ra boela kwa lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng.
Go tloga fela kwa tshimologong, Mmaba, Satane, o ne a leka go didimatsa bosupi jwa basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ka go dira gore ba bogisiwe ke batho bao ba neng ba se mo phuthegong. (1 Pet. 5:8) Kwa tshimologong e ne e tswa mo Bajudeng mme morago ya tswa mo Pusong ya Baditšhaba ya Roma. Bakeresete ba ntlha ba ne ba atlega go itshokela mofuta mongwe le mongwe wa pogiso. (Bapisa Tshenolō 1:9; 2:3, 19.) Mme Mmaba ga a ka a ineela. Fa a ka se ka a kgona go ba didimatsa ka go dira gore ba ba kwa ntle ba ba gatelele, ke ka ntlha yang fa a sa ba senye go tswa mo teng? Fa phuthego ya Bokeresete e ne e santse e simolola go nna teng, go nna gone ga yone go ne go tshosediwa ke mmaba yo o neng a le mo teng ruri—botenegi.a
Lefa go ntse jalo, botenegi ga bo a ka jwa tsena mo phuthegong bo sa itsisiwa pele. Jaaka Tlhogo ya phuthego, Keresete o ne a tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba ne ba tlhagisiwa e santse e le pele.—Bakol. 1:18.
“Mo go Lona go Tla Nna Baruti Ba E Señ Bōnè”
“Lo itisè,” Jesu o ne a tlhagisa jalo, “mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku.” (Math. 7:15) Jesu o ne a itse gore Satane o ne a ka leka go kgaoganya balatedi ba Gagwe le go ba tsenya mekgwa e e bosula. Ka jalo go tloga fela ka nako ya fa a ne a simolola bodihedi jwa gagwe, o ne a ba tlhagisa ka barutisi ba maaka.
Barutisi bano ba maaka ba ne ba tla bo ba tswa kae? “Mo go lona ka losi,” go ne ga rialo moaposetoloi Paulo mo e ka nnang ka 56 C.E., fa a ne a bua le balebedi ba Efeso. Ee, gone mo teng ga phuthego, “go tla coga banna ba ba buañ dilō tse di shōkameñ, go tla ba itshadisa barutwa moragō.” (Dit. 20:29, 30) Batenegi bao ba ba ipatlelang dilo ka bobone fela ba ne ba se kitla ba kgotsofalela go itirela barutwa bao eleng ba bone; ba ne ba tla leka go “itshadisa barutwa moragō,” ke gore, barutwa ba ga Keresete.
Moaposetoloi Petere (mo e ka nnang ka 64 C.E.) le ene o ne a bolela ka go senyega go go neng go tla direga mo teng ga phuthego a bo a tlhalosa le tsela eo botenegi jono bo neng bo tla nna ka yone: “Le mo go lona go tla nna baruti ba e señ bōnè, ba ba tla tsenyañ dithutō tse di senyañ, . . . me mo boiphetlhoñ yoa bōnè ba tla lo ntsha tlhwatlhwa, ka mahoko a boitimokanyō.” (2 Pet. 2:1, 3) Jaaka ditlhodi kana dirai mo kampeng ya mmaba, barutisi ba maaka, le mororo ba ne ba tsoga gone mo phuthegong, ba ne ba tla tsenya dithuto tsa bone tse di leswe ka sephiri kana ka tsela e e sa bonaleng.
Ditlhagiso tseno tsa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe di ne tsa direga fela jaaka di boletswe. Kganetso eo e neng e tswa mo bathong ba ba mo phuthegong e ne ya simolola e le nnye, mme e ne ya tlhagelela ka bonako fela mo phuthegong ya Bokeresete.
“Bo Setse bo Diha”
Go ise go fete dingwaga di le 20 morago ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore maiteko ao a dirwang ke Satane a go baka dikgaogano le go dira gore batho ba katogele kgakala le tumelo ya boammaaruri ‘a setse a dira.’ (2 Bathes. 2:7) Mo e ka nnang ka 49 C.E., mo lekwalong leo le neng la romelelwa diphuthego, setlhopha se se laolang se ne sa kwala jaana: “Ereka re utlwile ha bañwe ba ba duleñ mo go rona, ba lo chwentse ka mahoko, ba hudua meōea ea lona; me e le ba re sa ba naeañ taolō epè.” (Dit. 15:24) Ka jalo bangwe mo teng ga phuthego ba ne ba bua dikgopolo tsa bone tse di ganetsang ba gagametse—mo lekgetlong leno go bonala e ne e le ka kgang ya gore a Bakeresete ba Baditšhaba ba ne ba tshwanetse go rupisiwa mme ba boloke Molao wa ga Moshe.—Dit. 15:1, 5.
Jaaka fa lekgolo la ntlha la dingwaga le ntse le tsweletse pele, mokgwa wa go akanya o o bakang dikgaogano o ne wa anama jaaka ntho e e kekelang. (Bapisa 2 Timotheo 2:17.) Mo e ka nnang ka 51 C.E., bangwe mo Thesalonika ba ne ba bonetse pele ka tsela e e phoso gore “go nna gone” ga Morena Jesu go ne go setse go fitlhile. (2 Bathes. 2:1, 2) Mo e ka nnang ka 55 C.E., bangwe kwa Korintha ba ne ba ganne thuto e e utlwalang sentle ya Bokeresete ya go tsoga ga baswi. (1 Bakor. 15:12) Mo e ka nnang ka 65 C.E., bangwe ba ne ba bolela gore baswi ba ne ba setse ba tsogile ka tsela ya tshwantshetso e e neng e diragalela Bakeresete ba ba tshelang.—2 Tim. 2:16-18.
Ga go na dipego dipe tse di tlhotlheleditsweng tse di re bolelelang gore go ne ga diregang mo phuthegong ya Bokeresete mo dingwageng di le 30 tse di latelang. Mme ka nako ya fa moaposetoloi Johane a kwala makwalo a gagwe (mo e ka nnang ka 98 C.E.), go ne go na le ‘batho ba ba ganetsang Keresete ba le bantsi’—batho ba ba neng ba ganetsa ba re ‘Yesu ga se Keresete’ ebile ba ganetsa gore Jesu ga se Morwa Modimo, yo o neng a “tsile mo nameñ.”—1 Yoh. 2:18, 22; 4:2, 3.
Baaposetoloi ba ne ba ‘kganetse’ botenegi ka dingwaga tse di fetang 60 ba leka go bo thibela gore bo se ka jwa nna teng. (2 Bathes. 2:7; bapisa 2 Yohane 9, 10.) Mme e ne ya re fa phuthego ya Bokeresete e ne e setse e tla tloga e tsena mo lekgolong la bobedi la dingwaga, moaposetoloi wa bofelo yo o neng a tshela, ebong Johane o ne a swa, mo e ka nnang ka 100 C.E. Botenegi jo bo neng bo simolotse go tsena ka iketlo mo phuthegong jaanong bo ne bo siametse go tsena fela bo sa thibelwe ke ope, bo tsena ka diphoso tsa jone mo thulaganyong le mo dithutong tsa motheo.
Baruti le Batho Fela Ba Ba Tsenang Kereke
“Lona lotlhe lo bana ba monna,” Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jalo. “Muñ oa lona o moñwe hèla, eboñ Keresete.” (Math. 23:8, 10) Ka jalo go ne go sena setlhopha sa baruti mo diphuthegong tsa Bokeresete tsa lekgolo la ntlha la dingwaga. Jaaka bakaulengwe ba ba tlhophilweng ke moya ba ga Keresete, Bakeresete botlhe ba ntlha ba ne ba lebeletse go ya go nna baperesiti le Keresete. (1 Pet. 1:3, 4; 2:5, 9) Fa e le ka tsela eo ba neng ba rulagantswe ka yone, phuthego nngwe le nngwe e ne e kaelwa ke setlhopha sa balebedi, kana bagolwane ba semoya.b Bagolwane botlhe ba ne ba na le thata e e lekanang ebile go ne go se na lefa a le mongwe mo go bone yo o neng a laetswe gore a ‘rene’ mo letsomaneng leo ba le tlhokometseng. (Dit. 20:17; Bafil. 1:1; 1 Pet. 5:2, 3) Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa botenegi bo ntse bo gola, dilo di ne tsa simolola go fetoga—ka bofefo.
Mo gare ga dilo tse dingwe tse di bontshang go tswa mo tseleng tse di neng tsa direga mo nakong e e fetileng e ne e le go kgaoganya mafoko ano “molebedi” (Segerika, e·piʹsko·pos) le “monna yo o godileng,” kana “mogolwane” (Segerika, pre·sbyʹte·ros), mo eleng gore ga a tlhole a dirisiwa go bolela boemo jo bo tshwanang jwa boikarabelo. Mo e ka nnang fela dingwaga di le lesome kana go feta morago ga loso lwa ga moaposetoloi Johane, Ignatius ebong “mobishopo” wa Antioka, mo lekwalong la gagwe leo a neng a le kwalela Basemerena, o ne a kwala jaana: “Lo tlhokomele gore lotlhe lo latele mobishopo [molebedi], fela jaaka fa Jesu Keresete le ene a latela Rara, le bagolwane [setlhopha sa banna ba ba godileng] jaaka fa e ne e ka bo e le Baaposetoloi.” Ka gone Ignatius o ne a buelela gore phuthego nngwe le nngwe e kaelwe ke mobishopo a le mongwe,c kana molebedi, yo o neng a tshwanetse a lejwa jaaka yo o farologaneng le bagolwane, kana banna ba ba godileng, ebile a na le thata e kgolwane mo go ya bone.
Lefa go ntse jalo, go kgaoganya maina ano go simologile jang? Augustus Neander mo bukeng ya gagwe ya The History of the Christian Religion and Church, During the Three First Centuries, o tlhalosa seo se neng sa diragala jaana: “Mo lekgolong la bobedi la dingwaga . . . , maemo a a kwa godimo a go nna moeteledipele wa bagolwane a tshwanetse a bo a ne a le teng, yo, ka gonne a ne a neilwe gore a nne molebedi wa sengwe le sengwe, a neng a newa leina la [e·piʹsko·pos], ka go dira jalo o ne a tlhaolwa mo bagolwaneng ba bangwe botlhe.”
Ka gone go ne ga simololwa ga nna le setlhopha sa baruti ka iketlo. Mo e ka nnang lekgolo la dingwaga moragonyana, Cyprian, “mobishopo” wa Carthage, kwa Bokone jwa Afrika, o ne a buelela taolo eo bobishopo ba nang le yone—a re ke setlhopha se se farologaneng le bagolwane (bao moragonyana ba neng ba itsiwe jaaka baperesitid), badiakone, le batho fela ba ba mo kerekeng. Mme o ne a sa rate gore mobishopo yo mongwe a bo a le mogolo mo go yo mongwe.e
Jaaka fa bobishopo le bagolwane ba ntse ba tlhatlogela kwa godimo mo maemong a bone a kereke ba ne ba tlogela badumedi botlhe mo phuthegong mo maemong a a kwa tlase. Seno se ne sa felela ka gore baruti (bao ba di gogang kwa pele) ba kgaogane le batho ba kereke (setlhopha sa bodumedi se se sa direng sepe). Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e tlhalosa jaana: “Fa e sa le go tloga ka nako ya ga Cyprian [yo o suleng mo e ka nnang ka 258 C.E.], yo e leng ene a simolotseng thulaganyo ya maemo mo kerekeng, go kgaoganya batho jaaka baruti le batho fela ba kereke go ne ga nna ga bonala go ya pele, mme go ise go ye kae go ne ga amogelwa mo lefatsheng lotlhe. Eleruri, go tloga ka lekgolo la boraro la dingwaga go ya kwa pele, lefoko clerus . . . le ne le batla le dirisiwa fela mo bodiheding go le kgaoganya le motho fela wa kereke. Jaaka fa maemo a kereke ya Roma a ne a ntse a gola, moruti o ne a simolola go nna eseng fela motho yo o tlhomologileng . . . mme gape a tsewa e le ene fela moperesiti.”
Ka gone, mo e ka nnang mo lobakeng lwa dingwaga di le 150 kana di le mmalwanyana morago ga loso lwa moaposetoloi wa bofelo, go ne ga direga diphetogo di le pedi tse dikgolo mo thulaganyong ya phuthego: ya ntlha, go kgaoganya mobishopo le mogolwane, mobishopo a tsaya boemo jo bo kwa godimodimo mo maemong a kereke; ya bobedi, go kgaoganya moruti le motho fela wa kereke. Mo boemong jwa gore e nne badumedi botlhe ba ba tsetsweng ka moya bao ba neng ba bopa ‘boperesiti jwa segosi,’ baruti jaanong ba ne ba lejwa e le “bone fela baperesiti.”f—1 Pet. 2:9.
Diphetogo tse di ntseng jalo di ne di supa phoso ya go fapoga mokgwa wa Dikwalo wa go laola diphuthego wa metlha ya baaposetoloi. Lefa go ntse jalo diphetogo tse di neng di direga mo thulaganyong e ne e se tsone fela matswela a botenegi.
Dithuto tsa Boheitene Di A Tsenelela
Dithuto tse di itshekileng tsa ga Keresete di kwadilwe—di bolokilwe mo Dikwalong Tse Di Boitshepo. Ka sekai, Jesu o ne a ruta gore Jehofa ke ene fela “Modimo o o osi o o boamarure” le gore moya wa motho o a swa. (Yoh. 17:3; Math. 10:28) Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa baaposetoloi ba swa le tsela e phuthego e rulagantsweng ka yone e ne e koafala, dithuto tse di ntseng jalo tse di phepafetseng di ne tsa senngwa fa dithuto tsa motheo tsa boheitane di ne di tsenelela mo Bokereseteng. Selo se se ntseng jalo se ne se ka direga jang?
Selo se segolo se se bakileng seno e ne e le tlhotlheletso e e neng e sa iponatse ya botlhajana jwa Segerika. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Go tloga ka nako ya bogare jwa lekgolo la bobedi la dingwaga AD Bakeresete bao ba neng ba katisitswe ka botlhajana jwa Gerika ba ne ba simolola go utlwa go tlhokega go tlhalosa tumelo ya bone ka mafoko a bone, e le gore ba tle ba kgone go kgotsofatsa go batla go ithuta ga bone le gore ba kgone go fetola baheitane ba ba rutegileng gore ba akanye jaaka bone.” Fa batho ba ba ratang matlhajana ano ba simolola go nna Bakeresete, ga go a ka ga tsaya lobaka lo loleele gore botlhajana jwa Segerika le “Bokeresete” di kopane tota.
Ka ntlha ya go kopana gono, dithuto tsa boheitane tse di tshwanang le Tharonngwe le go sa sweng ga moya di ne tsa tsenelela mo Bokereseteng jo bo neng bo setse bo senyegile. Lefa go ntse jalo, dithuto tseno di simologile kgakajana go feta boramatlhale ba Bagerika. Totatota Bagerika ba ne ba di tsaya go tswa mo ditlwaelong tsa bogologolo, ka gonne go na le bosupi jwa gore dithuto tseno di ne di le teng mo ditumelong tsa bogologolo tsa Egepeto le Babelona.
Jaaka fa dithuto tsa boheitane di tswelela di ntse di tsenelela mo Bokereseteng, dithuto tse dingwe tsa Dikwalo le tsone di ne tsa sokamisiwa kana tsa tlogelwa.
Go Solofela Bogosi go a Fela
Barutwa ba ga Jesu ba ne ba itse sentle gore ba ne ba tshwanetse go nna ba lebeletse “go tla” ga ga Jesu go go solofeditsweng le go tla ga Bogosi jwa gagwe. Ka bonakonyana fela ba ne ba lemoga gore Bogosi jono bo tla busa mo lefatsheng ka dingwaga di le sekete ebile bo tla le busetsa mo boemong jwa paradaise. (Math. 24:3; 2 Tim. 4:18; Tshen. 20:4, 6) Bakwadi ba Bibela ba Bakeresete ba ne ba kgothatsa basupi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Bakeresete gore ba nne ba ntse ba le tlhaga semoyeng le gore ba nne ba farologane le lefatshe. (Yak. 1:27; 4:4; 5:7, 8; 1 Pet. 4:7) Mme e ne ya re ka bonako fela fa baaposetoloi ba sena go swa, go solofela ga Bakeresete gore Keresete o tla nna teng le go tla ga Bogosi jwa gagwe go ne ga fela. Ka ntlha yang?
Lebaka le lengwe e ne e le go leswefala semoyeng go go neng ga bakiwa ke thuto ya Segerika ya go sa sweng ga moya. Jaaka fa e ne e simololwa go dumelwa ke Bakeresete, tsholofelo ya puso ya mileniamo e ne ya fela ka iketlo. Ka ntlha yang? The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhalosa jaana: “Thuto ya motheo ya gore moya ga o swe e ne ya tsenelela go emela thuto ya TN [Tesetamente E Ntšha] ya [“Dilo tsa Bofelo”] ka tsholofelo ya yone ya tsogo ya baswi le popo e ntšha (Tshen. 21 le kgaolo e e latelang), mo eleng gore moya o a atlholwa morago ga loso mme o tsena kwa paradaiseng eo jaanong go akanngwang gore ke lefatshe le lengwe.” Ka mafoko a mangwe, Bakeresete ba batenegi ba ne ba akanya gore moya o ne o tswa mo mmeleng fa motho a swa, mme ka gone masego a Puso ya ga Keresete ya Mileniamo a tshwanetse a bo a amana le dilo tsa semoya. Ka gone ba ne ba tlosa Paradaise mo lefatsheng ba e isa kwa legodimong, leo, ba neng ba dumela gore moya o o falotseng o ya kwa go lone fa motho a swa. Ka gone he, go ne go sa tlhokege gore go lebelelwe gore Keresete o tla nna teng gape le gore Bogosi jwa gagwe bo tla tla, ereka fa motho a swa botlhe ba ne ba lebeletse gore ba tla ya go nna mmogo le Keresete kwa legodimong.g
Lefa go ntse jalo, go ne go na le ntlha e nngwe gape e e neng e dira gore go bonale go sa utlwale go lebelela go tla ga Bogosi jwa ga Keresete. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Se se neng se [bonala] ekete ke go diega ga Go Nna Teng go ne ga felela go dirile gore go lebelela ga kereke ya ntlha go koafale. Mo tiragalong eno ya go ‘koafala ga thuto ya Dilo tsa Bofelo,’ mokgatlho oo wa kereke o ne wa bewa mo maemong a Bogosi jo bo solofetsweng jwa Modimo ka bonya ka bonya. Go simologa ga Kereke ya Katoliki jaaka mokgatlho o o kgaogantsweng ka maemo go amana ka tlhamalalo le go nyelela ga tsholofelo eno e e neng e tla tloga e diragadiwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo ga se fela gore masego a mileniamo a ne a tlosiwa mo lefatsheng go ya kwa legodimong mme gape Bogosi bo ne jwa tlosiwa kwa legodimong jwa bewa mo lefatsheng. “Go fetolwa gono ga boemo” go ne ga wediwa ke Augustine wa kwa Hippo (354-430 C.E.). Mo bukeng ya gagwe eo e itsegeng thata e e reng The City of God, o ne a bolela jaana: “Le gone jaanong Kereke e e mo lefatsheng ke bogosi jwa ga Keresete ebile ke bogosi jwa legodimo.”
Mo godimo ga moo, mo e ka nnang ka 313 C.E., ka nako ya fa go ne go busa Mmusimogolo wa Roma Constantine, Bokeresete bo ne jwa letliwa semolao, joo bontsi jwa jone mo nakong eo e neng e le botenegi. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba rata go dirisiwa ke Puso, mme kwa tshimologong Puso e ne e laola dikgang tsa bodumedi. (Go ise go e kae, bodumedi bo ne bo tla laola dikgang tsa Puso.) Ke fa go simolola Labokeresete,h eo karolo ya yone (bodumedi jwa Katoliki) e neng ya nna bodumedi jwa Puso jwa semolao jwa Roma fa nako e ntse e tsamaya. Jaanong, “bogosi” bo ne bo sa tlhole bo le mo lefatsheng mme jaanong e ne e le karolo ya lefatshe. Abo bo ne bo farologane thata jang ne le Bogosi jo Keresete a neng a rera ka jone!—Yoh. 18:36.
Diphetogo tsa Bodumedi—A E Ne E Le go Boela kwa Kobamelong ya Boammaaruri?
Jaaka fa mofero o ntse o gola o hupetsa korong gore e se ka ya gola sentle, Kereke ya Roma, e busiwa ke thulaganyo ya yone ya bomopapa, e ne ya laola dikgang tsa lefatshe ka makgolokgolo a dingwaga. (Math. 13:24-30, 37-43) Jaaka fa e ntse e nna karolo ya lefatshe ka mo go oketsegileng, kereke e ne ya nna ya katogela kgakala thata le Bokeresete jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. Go ralala makgolokgolo a dingwaga ditlhopha tsa “baikeodi” di ne tsa batla gore go nne le diphetogo mo kerekeng, mme kereke e ne ya tswelela e ntse e dirisa maatla ka tsela e e sa tshwanelang ebile e ikgobokanyetsa dikhumo. Ka gone he, mo lekgolong la bo 16 la dingwaga, Mokgatlho wa Diphetogo tsa bodumedi wa Boporotesetanta eleng setlhopha sa batsuolodi, se ne sa tsuologa se le bogale thata.
Batho ba ba neng ba lwela diphetogo bano ba ba tshwanang le Martin Luther (1483-1546), Ulrich Zwingli (1484-1531), le John Calvin (1509-64) ba ne ba tlhasela kereke ka dilo tseno tse di farologaneng tse ba neng ba di ganetsa: Luther o ne a ganetsa go duedisa batho fa ba tla go kopa maitshwarelo, Zwingli o ne a ganetsa kgang ya go se nyale ga baruti le go obamela Maria, le Calvin o ne a ganetsa kgang ya gore kereke e tshwanetse ya boela kwa melaometheong ya pele ya Bokeresete. Maiteko a a ntseng jalo a ne a felela ka eng?
Gone ke boammaaruri gore, Diphetogo tseno tsa bodumedi di ne tsa kgona go fitlhelela dilo dingwe tse di molemo, se se tshwaegang go di feta tsotlhe ke go ranolelwa ga Bibela mo dipuong tsa batho ba ba sa rutegang. Go gololesega ga Diphetogo tsa Bodumedi go ne ga dira gore go dirwe patlisiso e e oketsegileng mo Bibelang le gore go tlhaloganngwe dipuo tsa Bibela ka mo go oketsegileng. Lefa go ntse jalo, Diphetogo tseno tsa Bodumedi ga di a ka tsa dira gore go boelwe mo kobamelong ya boammaaruri le dithuto tsa yone.i Ke ka ntlha yang fa go se kile ga nna jalo?
Matswela a botenegi a ne a tsenelela kwa teng, go ya kwa metheong ya Labokeresete. Ka gone, le mororo ditlhopha tse di farologaneng tsa Baporotesetanta di ne tsa kgona go tswa kafa tlase ga taolo ya bomopapa ba Roma, ba ne ba tswa ba tsere dingwe tsa diphoso tsa Kereke ya Roma Katoliki eleng dilo tse di neng tsa dira gore Bokeresete jwa boammaaruri bo tlogelwe. Ka sekai, le mororo go laolwa ga dikereke tsa Porotesetanta go ne go farologane ka tsela nngwe, go kgaogana ga setlhopha sa baruti se se laolang le setlhopha se se kwa tlase sa batho fela ba ba tsenang kereke se ne se sa ntse se bolokilwe. Gape ba ne ba santse ba na le dithuto tse e seng tsa Dikwalo tse di tshwanang le Tharonngwe, go sa sweng ga moya, le pogiso e e sa feleng ya morago ga loso. Ebile fela jaaka Kereke ya Roma, dikereke tsa Porotesetanta di ne tsa tswelela e le karolo ya lefatshe, di nna le seabe thata mo dithulaganyong tsa sepolotiki le ditlhopha tsa maemo a a kwa godimo tse di laolang.
Mo godimo ga moo, go tweng ka seo Bakeresete ba se lebeletseng—go lebelela go nna gone ga ga Jesu le go tla ga Bogosi jwa gagwe? Ka makgolokgolo a dingwaga morago ga Diphetogo tsa Bodumedi, dikereke—tsa Katoliki le tsa Porotesetanta—di ne di dirisana thata le dipuso tsa selefatshe ebile di sekametse thata mo go kgoromeletseng kgakala go lebelela go tla ga Bogosi jwa ga Keresete.
Dilo Tse Di Neng tsa Ba Tlhotlheletsa Gore ba Nne ba Ntse ba Lebeletse
Lefa go ntse jalo mo lekgolong la bo 19 la dingwaga tsela e maemo a bodumedi a neng a le ka yone a ne a dira gore Bakeresete ba nne ba ntse ba lebeletse. Fa baruti bangwe le bakanoki bangwe ba Bibela ba ntse ba dira patlisiso mo Bibeleng, dithuto tse di tshwanang le go sa sweng ga moya, go bogisiwa ka bosakhutleng morago ga loso, taolelogale, le Tharonngwe di ne tsa tlhatlhobiwa sesha gape. Mo godimo ga moo, baithuti bangwe ba Bibela ba ne ba sekaseka gape boperofeti jwa Bibela jo bo bolelang ka metlha ya bofelo. Ka ntlha ya moo, ditlhopha tse di farologaneng tsa batho di ne tsa simolola go akanya ka tlhoafalo kaga tsholofetso ya Morena ya gore o tla boa gape.—Math. 24:3.
Kwa United States, William Miller o ne a bolelela pele gore Keresete o tla boa gape ka 1843 kana 1844 mme a sa bonale. Moruti mongwe wa Mojeremane ebong J. A. Bengel o ne a baya letlha la 1836; balatedi ba ga Irving kwa Engelane ba ne ba go lebeletse la ntlha ka 1835, mme morago ga moo ka 1838, 1864, le ka 1866. Go ne go na le setlhopha sa Mennonite kwa Russia seo se neng se go lebeletse pele ka 1889, mme morago ga foo ka 1891.
Maiteko ao a go nna o lebeletse a ne a thusa go dira gore batho ba le bantsi ba nne ba lebeletse go boa ga Morena wa rona. Lefa go ntse jalo, maiteko ano a go lebelela ga Bakeresete a ne a felela e le a a swabisang. Ka ntlha yang? Thatathata, e le ka gonne ditlhopha tseno di ne di ikaegile thata ka batho mme di ne di sa ikaega ka mo go lekaneng ka Dikwalo. Morago ga masome a le mmalwa a dingwaga, bontsi jwa ditlhopha tseo bo ne jwa nyelela.
Fa go ntse go le jalo, go ne ga nna le dilo dingwe tse di neng tsa diragala mo go lone lobaka loo tseo di neng tsa ama dilo tse batho ba neng ba di solofetse le tse ba neng ba di lebeletse.
Motlha wa “Tshedifalelo” le wa Diintaseteri
Ka 1848, Karl Marx le Friedrich Engels ba ne ba gatisa The Communist Manifesto. Mo boemong jwa gore ba buelele bodumedi joo Marx a neng a re ke “matekwane a batho,” ba ne ba buelela bolatolamodimo. Lefa ba ne ba le kgatlhanong le bodumedi jotlhe ka tlhamalalo, totatota ba ne ba kgothaletsa bodumedi, kana kobamelo, ya go obamela Puso le baeteledipele ba yone.
Mo e ka nnang dingwaga di le lesome moragonyana, ka 1859, Origin of Species ya ga Charles Darwin e ne ya phasaladiwa; e ne e tlhotlheletsa thata tsela ya go akanya ya saense le ya bodumedi ya nako eo. Dikgopolo tsa go itlhagelela ga dilo di ne tsa dira gore go gwetlhiwe gore a pego ya Bibela ya popo le gore a tsela eo boleo bo simologileng ka yone ka go sa utlwe ga batho ba babedi ba ntlha e ne e le boammaaruri. (Gen., dikg. 1-3) Ka ntlha ya moo, go dumela ga batho ba bantsi mo Bibeleng go ne ga koafadiwa.
Mo godimo ga moo, phetogo mo diintasetering e ne ya simologa mme ya tla ka lobelo lo logolo thata. Go ne ga simololwa ga tlhokomelwa thata diintaseteri le go dira dilo ka metšhini mme ga tlhokomologiwa temothuo. Go dirwa ga diterena tse di tsamayang ka phufudi (kwa tshimologong ya lekgolo la bo 19 la dingwaga) go ne go dira gore go dirwe diporo di le dintsi tse di ralalang naga. Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo 19 la dingwaga go ne ga simololwa thelefouno (1876), fonokerafa (1877), le lebone la motlakase (1878-79), mmogo le go dirisiwa ga Linotype go kwala mela gore e gatisiwe (1884).
Motho o ne a tsena mo lobakeng lwa nako lo go neng go direga dilo tse dikgolo tsa dipalangwa tse di bofefo le mekgwa ya tlhaeletsano mo hisitoring. Le mororo melemo eno e ne e ka dirisiwa go tsweledisa pele mekgele ya tsa kgwebo le dipolotiki, di ne di tla kgona go dirisiwa le mo bodumeding. Ka gone go ne ga tlhongwa motheo wa gore setlhopha se sennye seo sa baithuti ba Bibela ba simolole go dira dilo tseo di neng di tla ama lefatshe lotlhe ka tsela e e tshwanetseng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, leina “botenegi” (Segerika, a·po·sta·siʹa) le na le kgopolo ya “go latlha, go tlogela kana go tsuologa.” (Dit. 21:21, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Moo e bua thatathata ka go fapoga mo bodumeding; go tlogela kana go kgaogana le bodumedi jwa boammaaruri.
b Mo Dikwalong mafoko “molebedi” le “monna yo o godileng,” kana “mogolwane,” di lebisitse go boemo jo bo tshwanang. (Dit. 20:17, 28; Tito 1:5, 7) Fa o re “monna yo o godileng” go kaya dinonofo tse di bontshang go dira dilo ka tsela e e nang le boikarabelo ga motho yo o tlhophilweng go dira jalo, mme fa o re “molebedi” go kaya boikarabelo jo bo akarediwang mo tirong eo a e tlhophetsweng—go tlamela batho ba ba beilweng gore a ba tlhokomele ka dilo tse ba di tlhokang.
c Lefoko la Seesemane “bishop” le tswa mo lefokong la Segerika e·piʹsko·pos (“molebedi”) ka tsela e e latelang: go tswa mo Seesemaneng sa Metlha ya Bogare bisshop, go tswa mo Seesemaneng sa Bogologolo bisceop, go tswa mo Selatineng sa Vulgar biscopus, leo le batlang le nna le bokao jo bo tshwanang le jwa la Selatine sa Bogologolo episcopus, go tswa mo Segerikeng e·piʹsko·pos.
d Lefoko la Seesemane “priest” le tswa mo lefokong pre·sbyʹte·ros (“monna yo o godileng,” kana “mogolwane”) ka tsela e e latelang: go tswa mo Seesemaneng sa Motlha wa Bogareng pre(e)st, go tswa mo Seesemaneng sa Bogologolo prēost, go tswa mo Selatineng sa Vulgar prester, leo le tswang mo Selatineng sa Bogologolo presbyter, go tswa mo Segerikeng pre·sbyʹte·ros.
e Fa nako e ntse e tsamaya mobishopo wa Roma, yo o neng a bolela gore o tlhatlhama Petere, o ne a tsewa jaaka mobishopomogolo kana mopapa.—Bona Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., 1990, ditsebe 270-2.
f Dr. Neander o akgela jaana ka tsela e e kgatlhang: “Go ne ga fitlhelelwa tshwetso e e phoso, ya gore fela jaaka fa go ne go na le moperesiti yo o bonalang yo o neng a le mo setlhopheng se se rileng sa banna mo Tesetamenteng E Kgologolo, gape go tshwanetse ga nna le yo o tshwanang mo [Tesetamenteng] E Ntšha . . . Go bapisa ka tsela e e phoso boperesiti jwa Bokeresete le jwa Bojuda go ne ga dira gape gore boemo jwa mobishopo bo nne kwa godingwana ga boemo jwa mogolwane le go feta.”—The History of the Christian Religion and Church, eo e ranotsweng ke Henry John Rose, Tokololo ya Bobedi, New York, 1848, ts. 111.
g Kgopolo eno e leba dilo ka tsela e e phoso ya gore Bakeresete botlhe ba ya legodimong fa ba swa. Lefa go ntse jalo, Bibela e ruta gore ke batho ba le 144 000 fela ba ba bidiwang go ya go busa le Keresete kwa legodimong. (Tshen. 7:4-8; 20:4-6) Ba bangwe ba bantsintsi ba ka solofela go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise kafa tlase ga Bogosi jwa ga Keresete.—Math. 6:10; Tshen. 7:9, 15.
h Jaaka fa le dirisiwa mo bukeng eno, lefoko “Labokeresete” le bolela gore bodumedi jo bo bolelang gore ke jwa Bokeresete, bo farologane le Bokeresete jwa boammaaruri jwa Bibela.
i Gore o tle o bone koo go tlotliwang teng ka mo go oketsegileng kaga Diphetogo tsa Bodumedi le seo di se dirileng, bona kgaolo 13 ya setlhogo se se reng “Diphetogo—Matsapa A Ne A Fetogela Sebopegong se Sesha,” se se leng mo bukeng ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo.
[Mafoko a a mo go tsebe 33]
Fa e ne e santse e simolola, phuthego ya Bokeresete e ne e tshosediwa ke botenegi
[Mafoko a a mo go tsebe 34]
Kganetso e e tswang mo teng ga phuthego e ne ya simolola e le nnye
[Mafoko a a mo go tsebe 37]
Ga se fela gore batenegi ba ne ba tsaya masego a mileniamo mo lefatsheng ba a isa kwa legodimong mme gape ba ne ba tlosa Bogosi kwa legodimong ba bo tlisa mo lefatsheng
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 36]
Plato le “Bokeresete”
Ramatlhale wa Mogerika ebong Plato (yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 428 B.C.E.) o ne a sena tsela epe eo a neng a ka itse ka yone gore dithuto tsa gagwe di ne di tla felela di fetogile botenegi jwa Bokeresete. Seabe se segolo seo Plato a nnileng le sone mo “Bokereseteng” ke ka dithuto tsa Tharonngwe le go sa sweng ga moya.
Dikgopolo tsa ga Plato kaga Modimo le tsela eo o ntseng ka yone di ne tsa tlhotlheletsa thuto ya Labokeresete ya Tharonngwe. “Nouveau Dictionnaire Universel” e tlhalosa jaana: “Thuto ya ga Plato ya tharonngwe, eo yone ka boyone eleng go rulaganngwa gape ga dithuto tsa tharonngwe tsa bogologolo tsa go tloga kwa morago kwa bathong bale ba bogologolo, e bonala e le thuto ya tharonngwe ya matlhajana fela e e utlwalang e e tlhamilweng ya batho ba bararo ba e leng medimo bao ba rutiwang ke dikereke tsa Bokeresete. . . . Kgopolo eno ya ramatlhale yono wa Mogerika wa tharonngwe ya modimo . . . e ka fitlhelwa mo ditumelong tsotlhe tsa bogologolo [tsa boheitane].”—Bolumo 2, tsebe 1467.
Malebana le thuto ya go sa sweng ga moya, “New Catholic Encyclopedia” e bolela jaana: “Kgopolo ya Bokeresete ya gore moya ke selo sa semoya seo se bopilweng ke Modimo mme sa tsenngwa mo mmeleng fa a imiwa go dira gore motho e nne setshedi, selo se se duleng mo botlhajaneng jo bo sa bolong go nna gone jwa Bokeresete. Moya o ne wa tsewa jaaka selo sa semoya go tswa mo go Origen [yo o suleng ka 254 C.E.] wa kwa Botlhaba le St. Augustine [yo o suleng ka 430 C.E.] wa kwa Bophirima ba ba neng ba tlhama kgopolo ya botlhajana ya gore o bopegile ka tsela efe. . . . Thuto [ya ga Augustine] . . . e ne e tswa thata mo thutong ya ga Plato (go akaretsa le diphoso tsa yone).”—Bolumo XIII, ditsebe 452, 454.
[Setshwantsho mo go tsebe 35]
Cyprian, “mobishopo” wa Carthage, o ne a bona bobishopo jaaka setlhopha se se farologaneng le bagolwane, badiakone, le batho fela mo kerekeng
[Setshwantsho mo go tsebe 38]
“Le gone jaanong Kereke e e mo lefatsheng ke bogosi jwa ga Keresete ebile ke bogosi jwa legodimo” (Augustine wa kwa Hippo)
[Ditshwantsho mo go tsebe 39]
Balweladiphetogo ba ba neng ba tlhasela kereke ka dikgang tse di farologaneng
Martin Luther
John Calvin
Ulrich Zwingli
[Ditshwantsho mo go tsebe 40]
“Communist Manifesto” ya ga Karl Marx totatota e ne e kgothaletsa gore go obamelwe Puso. “Origin of Species” ya ga Charles Darwin e ne ya tlhotlheletsa thata tsela e go neng go akanngwa ka yone mo saenseng le mo bodumeding ka nako eo
[Setshwantsho mo go tsebe 41]
Terena e e tsamayang ka phufudi
[Setshwantsho mo go tsebe 41]
Lebone la motlakase
[Setshwantsho mo go tsebe 41]
Thelefouno ya ntlha
[Setshwantsho mo go tsebe 41]
Linotype ya pele
[Setshwantsho mo go tsebe 41]
Fonokerafa