Kgaolo 16
Dipokano Tsa Kobamelo, Tse di Layang, le Tse di Kgothatsang
DIPOKANO tsa phuthego ke karolo ya botlhokwa ya tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Le eleng fa maemo a dira gore go nne bokete, ba leka go nna teng kwa dipokanong tsa bone ka metlha, go dumalana le kgothatso eno ya Bibela: “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.” (Baheb. 10:24, 25) Koo go kgonegang teng, phuthego nngwe le nngwe e nna le dipokano gararo ka beke, ka palogotlhe ya diura di le 4 le metsotso e le 45. Lefa go ntse jalo, mokgwa o dipokano di tshwarwang ka one, mmogo le makgetlo a di tshwarwang ka one, di ile tsa farologana go ya ka se se neng se tlhokwa ka nako e e rileng.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, dineo tsa semoya tsa go dira dikgakgamatso e ne e le karolo e kgolo ya dipokano tsa Bokeresete. Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo o ne o dirisa dineo tseno go supa gore o ne a sa tlhole a dirisa tsamaiso ya bodumedi jwa Sejuda le gore moya wa gagwe jaanong o ne o dira mo phuthegong e e sa tswang go tlhongwa ya Bokeresete. (Dit. 2:1-21; Baheb. 2:2-4) Kwa dipokanong tseno tsa Bakeresete bano ba ntlha go ne go rapelwa, go opelelwa Modimo dipako, ebile go ne go gatelelwa thata gore go perofesiwe (ke gore, ba bangwe ba bolelelwe dilo tse Modimo o di ratang le boikaelelo jwa gagwe jo a bo senotseng) le go naya kaelo e e tla agang ba ba neng ba e utlwa. Bakeresete bao ba ne ba tshela ka nako eo go neng go diragala ditiragalo tse di gakgamatsang tse di amang boikaelelo jwa Modimo. Ba ne ba tlhoka go tlhaloganya dilo tseno le go itse gore ba ka dira jang tumalanong le tsone. Lefa go ntse jalo, tsela e bangwe ba bone ba neng ba dira dilo ka yone kwa dipokanong e ne e se e e lekalekaneng, mme jaaka Bibela e bontsha, ba ne ba tlhoka kgakololo ya gore dilo di dirwe ka tsela e e solegelang molemo thata.—1 Bakor. 14:1-40.
A dilo tse di neng di dirwa kwa dipokanong tsa Bakeresete bao ba ntlha di ne tsa bonala mo Baithuting ba Bibela fa ba ne ba kopana mmogo ka bo1870 le morago ga foo?
Go Tlamela Baithuti ba Ntlha ba Bibela ka Dilo tsa Semoya Tse Ba Di Tlhokang
Charles Taze Russell le setlhopha se sennye sa ditsala kwa Allegheny, kwa Pennsylvania le mo tikologong ya yone, ba ne ba bopa setlhopha sa go ithuta Bibela ka 1870. Dipokano tsa bone di ne tsa dira gore ba rate Modimo le Lefoko la gagwe ka bonya ka bonya mme ba ne ba itse se Bibela e se rutang fa nako e ntse e tsamaya. Go ne go sa buiwe ka kgakgamatso ka diteme kwa dipokanong tseno. Ka ntlha yang? Dineo tseo tsa go dira dikgakgamatso di ne di diragaditse boikaelelo jwa tsone mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme jaaka Bibela e ne ya bolelela pele, di ne di khutlile. Mokaulengwe Russell o ne a tlhalosa gore, “Kgato e nngwe e e supang kgatelopele e ne e le go supa maungo a Moya, jaaka Moitshepi Paulo a ne a bontsha ka phepafalo.” (1 Bakor. 13:4-10) Mo godimo ga moo, fela jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le tiro ya go rera efangele e e neng e tshwanetse go dirwa ka potlako, mme ba ne ba tlhoka go kgothalediwa go dira seno. (Baheb. 10:24, 25) Go ise go e kae, ba ne ba setse ba nna le dipokano di le pedi ka metlha beke le beke.
Mokaulengwe Russell o ne a lemoga gore go ne go le botlhokwa gore batlhanka ba ga Jehofa e nne batho ba ba utlwanang, le mororo ba ne ba ka tswa ba gasame kwa kae mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo, ka 1879, ka bonako fela fa Tora ya Tebelo e sena go simolola go phasaladiwa, babadi ba yone ba ne ba kopa gore Mokaulengwe Russell kana mongwe wa ba ba dirang le ene a ba etele. Ntlha e e neng ya gatelelwa ka phepafalo e ne e le ya gore “Ga go lopiwe sepe le gone ga go tsewe madi ape.” Fa dikopo di le mmalwa di sena go tla, Mokaulengwe Russell o ne a simolola loeto lwa kgwedi loo lo neng lwa mo fitlhisa kwa Lynn, kwa Massachusetts, koo a neng a tshwara dipokano tse nnè go ya go tse thataro ka letsatsi gongwe le gongwe fa a neng a ema teng. Kgang e a neng a bua ka yone thata e ne e le “Dilo Tse E Leng tsa Bogosi jwa Modimo.”
Bogologolo ka 1881, Mokaulengwe Russell o ne a kgothatsa bao ba neng ba bala Tora ya Tebelo mme ba ise ba nne le dipokano ka metlha mo lefelong la bone jaana: “Simolola e nngwe mo legaeng la gago le balelapa la gago, kana le eleng le batho bangwe ba ba ka tswang ba kgatlhega. Balang, ithuteng, bakang lo bo lo obamele mmogo, mme gongwe le gongwe kwa go nang le ba le babedi kana ba le bararo ba ba kopaneng ka leina la Gagwe, Morena o tla nna le lona—e le morutisi wa lona. Dingwe tsa dipokano tsa kereke mo metlheng ya Baaposetoloi di ne di ntse jalo. (Bona Filemone, 2).”
Thulaganyo ya dipokano e ne ya tokafadiwa ka bonya ka bonya. Go ne ga ntshiwa dikakantsho, mme go ne go le mo magetleng a setlhopha sengwe le sengwe sa lefelo leo go dira tshwetso ya se se neng se le molemo mo maemong a bone. Sebui se ne se ka neela puo gangwe le gape, mme go ne ga gatelelwa thata gore dipokano e nne tse mongwe le mongwe a neng a ka nna le seabe mo go tsone ka tshosologo. Ditlhopha dingwe tsa Baithuti ba Bibela fa di simolola di ne tsa se ka tsa dirisa dikgatiso tsa Mokgatlho thata kwa dipokanong tsa tsone, mme badihedi ba ba etang ebong baeti ba sedumedi, ba ne ba ba thusa go lemoga mosola wa go dira jalo.
Fa dibolumo dingwe tsa Millennial Dawn di sena go phasaladiwa, di ne tsa simolola go dirisiwa jaaka motheo wa thuto. Ka 1895 ditlhopha tsa go ithuta di ne tsa simolola go bidiwa Ditlhopha tsa Thuto ya Bibela tsa Dawn.a Bangwe kwa Norway ba ne ba simolola go di bitsa ba re “dipokano tsa go bala le go tlotla,” ba oketsa jaana: “Dilo tse di nopotsweng mo dibukeng tsa ga Mokaulengwe Russell di ne di balelwa kwa godimo, mme batho ba ne ba tsholetsa diatla fa ba batla go akgela le go botsa dipotso.” Mokaulengwe Russell o ne a akantsha thata gore ba ba nnang le seabe mo dithutong tse di ntseng jalo ba dirise dithanolo tse di farologaneng tsa Dikwalo, ditshupiso tse di kafa thoko ga mela tsa Bibela, le dikhonkhodense tsa Bibela. Gantsi dithuto tseno di ne di tshwarwa le ditlhopha tse di seng dikgolo thata, mo magaeng a batho, mo maitsiboeng a a siametseng setlhopha seo. Dipokano tseno ke tse gompieno e leng Thuto ya Buka ya Phuthego.
Mokaulengwe Russell o ne a lemoga gore ba ne ba tlhoka go dira go go oketsegileng go na le go ithuta dithuto tsa motheo fela. Gape ba tshwanetse go bolela gore ba ineetse gore ba kgone go tlhotlheletsa dipelo tsa batho gore ba lemoge gore Modimo o lorato le gore ba nne le keletso ya go mo tlotla le go mo direla. Ditlhopha tseno tsa go ithuta di ne tsa kgothalediwa gore di rulaganye pokano e e kgethegileng e ba tla dirang seno kwa go yone gangwe ka beke. Fa gongwe tseno di ne di bidiwa “Cottage Meetings” gonne di ne di tshwarelwa mo magaeng a batho. Thulaganyo ya tsone e ne e akaretsa dithapelo, dipina tsa pako, le go ipolela phatlalatsa ga bao ba tlileng.b Ka dinako tse dingwe go ipolela phatlalatsa gono e ne e le go bolela dilo tse di kgothatsang tse di ba diragaletseng; gape di ne di akaretsa diteko, mathata, le dilo tse di gakgamatsang tse di neng di ba diragalela mo malatsing ao a bosheng. Mo mafelong mangwe dipokano tseno di ne di sa fitlhelele boikaelelo jwa tsone gonne batho ba ne ba iteba bobone thata. Ka bopelonomi go ne ga kwalwa dikakantsho tsa go tokafatsa mo go Tora ya Tebelo.
Fa Edith Brenisen, mosadi wa mongwe wa bakaulengwe ba baeti ba sedumedi kwa United States a gakologelwa dipokano tseo, o ne a re: “E ne e le pokano ya go tlhatlhanya kafa Jehofa a re tlhokomelang ka teng ka lorato le go tlotla le bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi. Fa re ntse re reeditse mangwe a maitemogelo a bone re ne re simolola go ba itse ka mo go oketsegileng. Fa re ela tlhoko kafa ba ikanyegang ka teng, re bona kafa ba fentseng mathata a bone ka teng, gantsi go ne go re thusa go rarabolola dingwe tsa dilo tse di neng di re tshwenya ka borona.” Lefa go ntse jalo fa nako e ntse e tsamaya go ne ga bonala gore dipokano tse di rulaganyeditsweng go thusa mongwe le mongwe gore a nne le seabe mo tirong ya go rera efangele di ne di le mosola thata.
Tsela e pokano ya Sontaga e neng e tshwarwa ka yone mo mafelong a mangwe e ne e tshwenya bakaulengwe. Ditlhopha dingwe tsa baithuti di ne di leka go buisana ka Bibela temana ka temana. Mme ka dinako tse dingwe go sa dumalaneng ga bone ka dikgopolo mabapi le gore di kaya eng go ne go kgoba marapo tota. Go tokafatsa seemo seno, bangwe kwa phuthegong ya Los Angeles, kwa California ba ne ba kwala dithulaganyo tsa puo tsa ditlhogo tsa go ithuta Bibela, di na le dipotso le ditshupiso tse di ka sekasekiwang ke setlhopha sotlhe sa baithuti pele ba tla pokanong. Ka 1902 Mokgatlho o ne wa gatisa Bibela e e nang le “Berean Bible Study Helps,” go akaretsa le intekese ya ditlhogo.c Go tlhofofaletsa dilo kwa pele, go simolola ka Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 1, 1905, go ne ga phasaladiwa dithulaganyo tsa puo gore go tlotliwe ka tsone mo phuthegong mme di ne di na le dipotso mmogo le ditshupiso tse di isang mo Bibeleng le mo dikgatisong tsa Mokgatlho e le gore go dirwe patlisiso ka tsone. Tseno di ne tsa tswelela go fitlha ka 1914, nako eo go neng ga phasaladiwa dipotso tsa thuto tsa dibolumo tsa Studies in the Scriptures gore di dirisiwe jaaka motheo wa Dithuto tsa Seberea.
Ditlhopha tsotlhe tsa baithuti di ne di na le tshedimosetso e e tshwanang, mme palo ya dipokano tsa beke le beke e ne e farologana go tswa go e le nngwe go ya go di le nnè kana go feta, go ya ka se se neng se rulagantswe mo lefelong leo. Go simolola ka 1914, dipokano di ne di tshwarwa ga supa ka beke kwa Colombo, kwa Ceylon (e jaanong e leng Sri Lanka).
Baithuti ba Bibela ba ne ba kgothalediwa go ithuta go dira patlisiso, go “tlhomamisa dilo tsotlhe,” go bolela dikgopolo ka mafoko a bone. (1 Bathes. 5:21, KJ) Mokaulengwe Russell o ne a kgothaletsa gore go tlotliwe ka tshedimosetso ya thuto ka botlalo le ka kgololesego. Gape o ne a tlhagisa jaana: “Le ka motlha lo se ka lwa lebala gore Bibela ke yone e re kaelang le gore le mororo dilo tse di re thusang re di neilwe ke Modimo ke ‘dilo fela tse di thusang’ mme ga di eme mo boemong jwa Bibela.”
Go Gopolwa ga Loso lwa Morena
Go simolola mo e ka nnang ka 1876, Baithuti ba Bibela ba ne ba dira dithulaganyo ngwaga le ngwaga go gopola loso lwa Morena.d Kwa tshimologong, setlhopha sa kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania, le tikologo ya yone se ne sa kopanela mo legaeng la mongwe wa ditsala. Ka 1883, ba ba nnang teng ba ne ba oketsegile go fitlha go ba le lekgolo koo, mme go ne go dirisiwa holo e e neng e hirilwe. Gore bareetsi botlhe ba ba neng ba lebeletswe gore ba tla tla kwa Pittsburgh ka 1905 ba kgone go bona manno, bakaulengwe ba ne ba swetsa ka gore ba hire Holo e kgolwane ya Carnegie.
Baithuti ba Bibela ba ne ba lemoga gore modiro ono o tshwanetse go ketekiwa ngwaga le ngwaga, eseng beke le beke. Letlha le ba neng ba keteka modiro ono ka lone le ne le lebane le Nisane 14 mo khalendareng ya Sejuda, eo e leng nako ya loso lwa ga Jesu. Go ralala dingwaga go ne ga fetolwa tsela e letlha leo le neng le balwa ka yone.e Mme selo se ba neng ba tshwenyega ka sone thata e ne e le kafa tiragalo eo e neng e le botlhokwa thata ka teng.
Le mororo Baithuti ba Bibela ba ne ba kopana ka ditlhopha tse di neng di farologana ka bogolo mo mafelong a le mantsi go tla go gopola seno, bape fela ba ba neng ba ka kopanela le bakaulengwe kwa Pittsburgh ba ne ba amogelwa. Go tloga ka 1886 go fitlha ka 1893, babadi ba Tora ya Tebelo ba ne ba lalediwa segolobogolo gore ba tle kwa Pittsburgh, fa go kgonega, mme ba ne ba dira jalo, go tswa dikarolong tse di farologaneng tsa United States le go tswa kwa Canada. Seno se ne sa se ka sa ba dira fela gore ba kgone go keteka Segopotso mmogo mme gape se ne sa ba thusa go nonotsha go utlwana ga bone semoyeng. Lefa go ntse jalo, jaaka palo ya ditlhopha tsa baithuti e ne e ntse e oketsega, kwa United States le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, go ne go sa tlhole go kgonega go leka go kopanela mo lefelong le le lengwe fela, ebile ba ne ba lemoga gore go ne go ka nna molemo thata gore motho a kopanele le badumedi ba bangwe ba ba leng mo lefelong le a nnang mo go lone.
Jaaka Tora ya Tebelo e ne ya bontsha, go ne go na le ba bantsi ba ba neng ba ipolela gore ba dumela mo thekololong, mme ga go na bape ba bano ba ba neng ba lelekiwa kwa segopotsong sa ngwaga le ngwaga. Mme tiragalo eno e ne e le botlhokwa thata mo go bao tota e neng e le ba “lecomanyane” la ga Keresete. Bano ke ba ba neng ba tla nna le seabe mo Bogosing jwa selegodimo. Mo bosigong jwa pele Jesu a tla swa, ka nako ya fa a ne a tlhoma Segopotso, Keresete o ne a raya batho ba ba neng ba solofediwa jalo a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.”—Luke 12:32; 22:19, 20, 28-30.
Ba e neng e tla nna maloko a “bontsintsi jo bogolo,” kana “boidiidi yo bogolo” jwa dinku di sele, ba ne ba simolola go itshupa segolobogolo go simolola ka bo1930. (Tshen. 7:9, 10, KJ; Yoh. 10:16) Bano ka nako eo ba ne ba bidiwa Bajonadabe. Mo tokololong ya yone ya February 15, 1938, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya ba laletsa go nna teng kwa Segopotsong e le la ntlhantlha, e bolela jaana: “Morago ga nako ya borataro maitsiboa ka April 15 a setlhopha sengwe le sengwe sa batlodiwa se kopane go keteka Segopotso, bapati ba bone ba Bajonadabe le bone ba nne teng.” Ba ne ba nna teng, ba sa je, mme e le babogedi. Go nna teng ga bone go ne ga oketsa palo ya bao ba nnang teng ka nako ya Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Ka 1938 palo ya botlhe ba ba neng ba le teng e ne e le 73 420, fa ba ba neng ba ja senkgwe sa tshwantshetso le go nwa beine ya tshwantshetso ba ne ba le 39 225. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, ba ba neng ba nna teng jaaka babogedi le bone ba ne ba simolola go akaretsa palo e ntsi ya bao ba neng ba kgatlhega le ba bangwe ba ba neng ba ise ba nne Basupi ba ba tlhaga ba ga Jehofa. Ka gone, ka 1992, fa tlhora ya batho ba ba neng ba nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo e ne e le 4 472 787, palo ya ba ba neng ba nna teng kwa Segopotsong e ne e le 11 431 171, mme palo ya ba ba neng ba ja ditshwantshetso e ne e le 8 683 fela. Mo dinageng tse dingwe palo ya ba ba nnang teng e ile ya feta palo ya Basupi ba ba tlhaga ga tlhano kana ga rataro.
Ka ntlha ya go tseela kwa godimo botlhokwa jwa loso lwa ga Keresete, Basupi ba ga Jehofa ba keteka Segopotso le eleng fa ba lebane le maemo a a thata fela thata. Ka bo1970, fa bakaulengwe kwa Rhodesia (e jaanong e leng Zimbabwe) ba ne ba sa kgone go tswa mo maitseboeng ka gonne go ne go thibetswe gore ope a se ka a tsamaya mo mebileng ka dinako tse di rileng ka nako ya fa go ne go lowa, mo mafelong mangwe ba ne ba tle ba phuthege botlhe mo legaeng la mongwe wa Basupi ba ga Jehofa motshegare mme go tswa foo ba bo ba keteka Segopotso mo maitsiboeng. Legale, ba ne ba sa kgone go boela gae morago ga pokano, jalo ba ne ba lala koo. Nako e e setseng ya maitsiboa e ne e dirisediwa go opela dipina tsa Bogosi le go bolela maitemogelo, se se neng le sone se ba lapolosa.
Segopotso se ne se ketekwa le kwa dikampeng tsa pogisetso ka Ntwa ya Lefatshe II, le eleng lefa go dira jalo go ne go ka felela ka kotlhao e e botlhoko fa badisa ba ne ba ka lemoga. Fa Harold King a ne a latlhetswe mo kgolegelong a le nosi kwa China wa Bokomanisi go tloga ka 1958 go fitlha ka 1963 ka ntlha ya tumelo ya gagwe ya Bokeresete, o ne a keteka Segopotso sentle ka mo a neng a ka kgona ka teng mo maemong a a neng a le mo go one. Moragonyana o ne a re: “Ke ne ka leba ngwedi fa o ntse o gola o bo o nna kgolokwe ke o leba ka fensetere ya kgolegelo ya me kwa tshimologong ya letlhafula. Ke ne ka bala letlha la mokete ka kelotlhoko ka mo ke neng nka kgona ka teng.” O ne a tsaya sele le sele go bona ditshwantshetso, a dira beine e nnye ka moretlwa o montsho a bo a dirisa reise, e e senang sebidiso, go dira senkgwe. Gape o ne a re: “Ke ne ka opela ka rapela ka ba ka neela puo e e tlwaelegileng ya tiragalo eno, fela jaaka go ne go ka dirwa mo phuthegong epe fela ya batho ba ga Jehofa. Ka jalo ke ne ka ikutlwa gore ngwaga le ngwaga ke ne ke kopane le bakaulengwe ba me mo lefatsheng lotlhe ka tiragalo eno e e botlhokwatlhokwa.”
Fa Ba Basha Ba Tsenang Gone
Mo dingwageng tsa kwa tshimologong, dikgatiso le dipokano tsa Baithuti ba Bibela di ne di sa direlwa go thusa batho ba basha ka mo go kgethegileng. Ba ne ba ka nna teng kwa dipokanong, mme bangwe ba bone ba ne ba dira jalo ebile ba reetsa ka tlhoafalo. Mme go ne go sena boiteko bope jo bo kgethegileng jwa go dira gore ba nne le seabe mo go se se neng se diragala. Ka ntlha yang?
Ka nako eo bakaulengwe ba ne ba tlhaloganya gore go ne go setse nako e khutshwanyane fela pele maloko otlhe a monyadiwa wa ga Keresete a kopanngwa le ene mo kgalalelong ya selegodimo. Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya tlhalosa jaana ka 1883: “Rona ba re katisediwang pitso ya kwa godimo re ka se tlogele tiro e e kgethegileng ya motlha ono—tiro ya go baakanya ‘Monyadiwa, mosadi wa ga Kwana.’ Monyadiwa o tshwanetse go ipaakanya; mme mo nakong eno, fa mekgabiso ya bofelo e bewa go baakanyetsa moletlo wa lenyalo, leloko lengwe le lengwe le tshwanetse go dira mo tirong eno ya botlhokwatlhokwa, e e dirwang gompieno.”
Batsadi ba ne ba kgothalediwa fela thata go dira boikarabelo jwa bone jo ba bo filweng ke Modimo go ruta bana ba bone dilo tsa semoya. Go ne go sa kgothalediwe gore go tshwarwe dikolo tsa Sontaga tsa basha kwa bothokong. Go ne go bonala sentle gore dikolo tsa Sontaga tsa Labokeresete di ne di dirile tshenyo e kgolo. Batsadi ba ba neng ba romela bana ba bone kwa dikolong tseno gantsi ba ne ba akanya gore thulaganyo eno e ne e ba imolola boikarabelo jwa go ruta bana ba bone thuto ya bodumedi. Bana le bone, ka go bo ba ne ba sa lebelela gore batsadi ba bone ke bone ba tshwanetseng go ba ruta ka Modimo, ba ne ba sa tlhotlheletsege go tlotla batsadi ba bone le go ba utlwa jaaka ba ne ba tshwanetse.
Lefa go ntse jalo, go tloga ka 1892 go fitlha ka 1927, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya akgela ka mafoko a kgang e e neng e le mo go “Dithuto tsa Sekolo sa Sontaga sa Merafe Yothe,” tse di neng di tlwaelegile mo dikerekeng tse dintsi tsa Porotesetanta. Ka dingwaga tse dintsi dikgang tseno di ne di ntse di tlhophiwa ke F. N. Peloubet, moruti wa kereke ya Congregational, le bathusi ba gagwe. Tora ya Tebelo e ne ya tlotla ka ditemana tseno go ya ka tsela e Baithuti ba Bibela ba neng ba tlhaloganya Dikwalo ka yone, ba sa tlhotlhelediwe ke ditumelo tsa Labokeresete. Go ne go solofelwa gore ka tsela eno Tora ya Tebelo e ne e ka tsenelela mo dikerekeng dingwe, gore boammaaruri bo tla itsisiwe jalo, le gore maloko a mangwe a kereke a ne a ka nna a bo dumela. Legale, pharologano e ne e bonala sentle, mme seno se ne sa kgopisa baruti ba Baporotesetanta.
Ngwaga wa 1918 o ne wa tla, mme masalela, kana batlodiwa ba ba setseng, ba ne ba santse ba le mo lefatsheng. Palo ya bana kwa dipokanong tsa bone le yone e ne e oketsegile fela thata. Gantsi bana ba ne ba ntse ba letliwa go itshamekela fela fa batsadi ba bone ba ithuta. Lefa go ntse jalo, basha le bone ba ne ba tlhoka go ithuta go ‘batla tshiamo, go batla kgobalalo,’ fa e le gore ba ne ba tla “sujwa mo letsatsing la bogale jwa MORENA.” (Sefa. 2:3, KJ) Ka jalo, ka 1918 Mokgatlho o ne wa kgothaletsa diphuthego gore di rulaganye gore di nne le tlelase ya bana ba dingwaga tse di tlogang go di le 8 go ya go di le 15. Mo mafelong a mangwe ebile go ne go na le dithuto tse di kwa tlasenyana tsa ba ba neng ba le bannye thata go ka tsena dithuto tsa basha. Ka yone nako eo, go ne ga gatelelwa gape gore batsadi ba ne ba ikarabelela mo baneng ba bone.
Seno se ne sa dira gore go tlhabololwe dilo gape. Ka 1920, The Golden Age, e ne e na le setlhogo se segolo se se reng “Thuto ya Bibela ya Basha,” se se neng se na le dipotso le Dikwalo tse di umakilweng tseo dikarabo di neng di bonwa mo go tsone. Mo go one ngwaga oo, The Golden Age ABC e ne ya phasaladiwa; e ne e le bukana e e neng e na le ditshwantsho e batsadi ba neng ba ka e dirisa go ruta bana ba bone boammaaruri jwa motheo jwa Bibela le dinonofo tsa Bokeresete. Buka ya setlhogo se se reng The Way to Paradise, e e kwadilweng ke W. E. Van Amburgh, e ne ya latela ka 1924. E ne e rulaganyeditswe “baithuti ba Bibela ba dingwaga tse di fa gare.” E ne ya dirisediwa basha kwa dipokanong ka nako e e rileng. Mo godimo ga moo, kwa Amerika, “Basupi Ba Babotlana” ba ne ba na le dithulaganyo tsa bone tsa tirelo ya tshimo. Mo Switzerland setlhopha sa basha se ne sa bopa lesomo le le bidiwang “Basha ba ga Jehofa,” sa bao ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 13 le 25. Ba ne ba na le ofisi ya mokwaledi wa bone kwa Berne, mme makasine o o kgethegileng, Jehovah’s Youth, o ne wa kwalwa wa ba wa gatisiwa mo metšhineng ya Mokgatlho koo. Basha bano ba ne ba na le dipokano tsa bone ebile ba dira diterama tsa Bibela jaaka ba kile ba dira kwa Volkshaus kwa Zurich fa pele ga bareetsi ba le 1 500.
Lefa go ntse jalo, se se neng se diragala e ne e le gore go ne go simologa phuthego e nngwe mo teng ga phuthego ya batlhanka ba ga Jehofa. Seno se ne se sa rotloetse gore go nne le kutlwano, mme se ne sa emisiwa ka 1936. Ka April 1938, fa J. F. Rutherford a ne a etetse kwa Australia, mookamedi yono wa Mokgatlho o ne a fitlhela gore go ne go na le dithuto tsa bana tse di neng di tshwarwa di farologane le kopano ya bagolo. Ka bonako fela o ne a rulaganyetsa gore bana botlhe ba tlisiwe mo kopanong e kgolo, seo se neng sa ba solegela molemo fela thata.
Mo go one ngwaga oo, Tora ya Tebelo e ne ya sekaseka kgang yotlhe ya ditlelase tsa basha mo phuthegong. Thuto eo gape e ne ya gatelela ntlha ya gore batsadi ba ne ba na le boikarabelo jwa go ruta bana ba bone. (Baef. 6:4; bapisa Duteronome 4:9, 10; Yeremia 35:6-10.) Gape e ne ya bontsha gore mo Bibeleng ga go ise go ke go diragale gore batho ba basha ba kgaoganngwe ka go direlwa dithuto tsa babotlana. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go nna le batsadi ba bone go utlwa Lefoko la Modimo. (Dute. 31:12, 13; Yosh. 8:34, 35) Fa go ne go tlhokega gore tshedimosetso e e ithutiwang e tlhalosiwe batsadi ba ne ba ka ba tlhalosetsa kwa gae. Mo godimo ga moo, ditlhogo tseno di ne tsa supa gore dithulaganyo tsa dithuto tseno tse di tshwarelwang kwa thoko tota di ne di kgoreletsana le go rerwa ga mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo. Jang? Ka gonne barutisi ba ne ba tlogela tirelo ya tshimo go baakanyetsa dithuto tseno le go di tsamaisa. Ka jalo, dithuto tsotlhe tse di tshwarelwang kwa thoko tsa basha di ne tsa emisiwa.
Go fitlha le mo motlheng ono, e santse e le tlwaelo gareng ga Basupi ba ga Jehofa gore lelapa lotlhe le nne teng lotlhe kwa dipokanong tsa phuthego. Bana ba thusiwa ke batsadi ba bone go baakanyetsa e le gore ba tle ba nne le seabe ka ditsela tse di tshwanetseng. Mo godimo ga moo, motseletsele wa dikgatiso tse di molemo o ile wa baakanyediwa gore batsadi ba di dirise fa ba ruta batho ba basha kwa gae. Gareng ga tseno go ne ga nna le dibuka tsa Children, ka 1941; Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, ka 1971 (ka Seesemane); Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone, ka 1976; Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, ka 1978; le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, ka 1989.
Go Tlhomelela Botlhe go Nna Baefangele Ba Ba Tlhaga
Fa esale ditokololo tsa ntlha tsa Tora ya Tebelo di phasaladiwa, babadi ba yone ba ile ba gakololwa ka metlha ka tshiamelo le boikarabelo jwa Bakeresete botlhe ba boammaaruri go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo kaga boikaelelo jwa Modimo. Dipokano tsa phuthego di ile tsa thusa go baakanyetsa dipelo tsa bone le megopolo go dira tiro eno ka go dira gore ba rate Jehofa le go oketsa se ba se itseng kaga boikaelelo jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, segolobogolo morago ga kopano e kgolo ya kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka 1922, go ne ga gatelelwa fela thata se se neng se fitlhelelwa mo tirelong ya tshimo le kafa go ka nniwang le seabe ka gone mo go yone ka tsela e e nang le matswela.
Bulletin,f pampitshana e e neng e na le tshedimosetso e e amanang ka tlhamalalo le tirelo ya tshimo, e ne e na le boipolelo jo bokhutshwane, jo ka nako eo bo neng bo bidiwa kganetsano, jo bo neng bo tshwanetswe go tshwarwa ka tlhogo le go dirisiwa fa batho ba neelwa bosupi. Ka lobaka lo loleelenyana ka 1923, kwa tshimologong ya kgwedi nngwe le nngwe, sephatlo sa Pokano ya Laboraro bosigo ya Thapelo, Pako le go Ipolela Phatlalatsa se ne sa beelwa kwa thoko gore go bolelwe maitemogelo a tshimo go direlwa gore go rotloediwe botlhe gore ba dire maiteko a go itsitse kaga Bogosi.
Mo e ka nnang ka 1926, dipokano tsa kgwedi le kgwedi tseo go neng go tlotliwa ka tirelo ya tshimo kwa go tsone di ne di bidiwa Dipokano tsa Badiri. Bao tota ba neng ba nna le seabe mo tirelong eo gantsi e ne e le ba ba neng ba kopanela. Kwa dipokanong tseno, go ne go tlotliwa ka ditsela tse di dirisiwang tsa go neela ba bangwe bosupi, gape go ne go dirwa dithulaganyo tsa tiro ya nako e e tlang. Ka 1928 Mokgatlho o ne o rotloetsa diphuthego go nna le dipokano tse di ntseng jalo beke le beke. Mo dingwageng tse dingwe tse nnè, diphuthego di ne di simolola go emisetsa Pokano ya go Ipolela Phatlalatsa (kana, Boipolelo) kana se kwa morago se neng sa bidiwa Pokano ya Tirelo, mme Mokgatlho o ne wa kgothaletsa mongwe le mongwe go nna teng. Diphuthego di ile tsa tshwara pokano eno ya beke le beke ka dingwaga tse di fetang 60. Go neelwa thuso e e malebana le dikarolo tsotlhe tsa bodihedi jwa Bokeresete ka dipuo, metlotlo eo bareetsi ba neng ba nna le seabe mo go yone, ka dipontsho, le ka go botsolotsa ba bangwe.
Eleruri pokano ya mofuta ono ga e a ka ya simologa mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga. Jesu ka boene o ne a neela barutwa ba gagwe ditaelo tse di tlhalositsweng sentle pele a ba roma go ya go rera. (Math. 10:5–11:1; Luke 10:1-16) Moragonyana, ba ne ba agana ka go phuthega ba tla go bolela se se ba diragaletseng fa ba ntse ba le mo bodiheding.—Dit. 4:21-31; 15:3.
Fa e le ka katiso ya go bua phatlalatsa, mo dingwageng tseo tsa ntlhantlha seno se ne se sa dirwe kwa dipokanong tsa phuthego tsa ka metlha. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang ka 1916 go ne ga akantshiwa gore bao ba neng ba ikutlwa gore ba kgona go bua phatlalatsa ba ka tshwara ditlelase ka bobone, gongwe go na le mogolwane e le modulasetilo a tlile go ba reetsa le go ba gakolola gore ba ka tokafatsa tsela e ba neelang dipuo ka yone. Dikokoano tseno, tse di neng di tsenwa ke batho ba senna fela mo phuthegong, moragonyana di ne tsa bidiwa Dikolo tsa Baperofeti. Grant Suiter o ne a gakologelwa ditiragalo tsa malatsi ao jaana: “Tsela e ke neng ka gakololwa ka yone ka tsela e e tshwanetseng kwa sekolong e ne e le nnye tota fa e bapisiwa le e rre a neng a nkgakolola ka yone fa a sena go ya kwa go nngwe ya dipokano tseo a ile go ntheetsa fa ke ne ke leka go neela puo.” Go thusa bao ba neng ba leka go dira botswelelopele, bakaulengwe kwa bothokong fela ba ne ba kwala ba bo ba gatisa buka ya ditao kaga go bua, mmogo le dithulaganyo tsa dipuo tse di farologaneng. Lefa go ntse jalo, morago ga nako Dikolo tseno tsa Baperofeti di ne tsa emisiwa. Gore ba kgone go tlamela ka dilo tse di neng di tlhokega ka nako eo, go ne go etswe tlhoko thata gore leloko lengwe le lengwe la phuthego le tlhomelelwe sentle gore le nne le seabe ka botlalo mo go rereng efangele ka ntlo le ntlo.
A go ne go kgonega go tlhomelela leloko lengwe le lengwe la phuthego eno e e golang ya meraferafe gore le se ka la kgona fela go neela bosupi jo bokhutshwane le go aba dibuka tsa Bibela mme gape le go bua ka tsela e e utlwalang le go nna morutisi wa Lefoko la Modimo? Seo e ne e le boikaelelo jwa sekolo se se kgethegileng se se neng sa tlhomiwa mo phuthegong nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa, go simolola ka 1943. Se ne se setse se simolotswe kwa ntlokgolong ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa fa e sale ka February 1942. Beke le beke, go ne go neelwa tao, mme baithuti ba ne ba neela dipolelo mme ba ne ba gakololwa mo go tsone. Kwa tshimologong, e ne e le banna fela ba ba neng ba neela dipuo mo sekolong, le mororo phuthego yotlhe e ne e kgothalediwa go nna teng, go baakanyetsa dithuto, le go nna le seabe fa go boelediwa ka dipotso. Ka 1959 bokgaitsadi le bone ba ne ba nna le tshiamelo ya go ikwadisa, go katisediwa go tlotla ka dikgang tsa Bibela motho a lebagane le yo mongwe.
Lekala la Mokgatlho wa Watch Tower la Afrika Borwa le ne la bega jaana kaga mosola wa sekolo seno: “Thulaganyo eno e e molemo fela thata e ne ya atlega mo lobakeng lo lokhutshwane mo go thuseng bakaulengwe ba bantsi ba ba neng ba ntse ba akanya gore ba ne ba se kitla ba nna dibui tsa phatlalatsa gore ba nne ditswerere tota fa ba le mo seraleng le go atlega mo tshimong. Mo dikarolong tsotlhe tsa Afrika Borwa bakaulengwe ba ne ba amogela selo se sesha se Jehofa a neng a se ba neile seno mme ba simolola go se dirisa ka matlhagatlhaga. Seno se ne sa dirwa go sa kgathalesege dikgoreletsi tse dikgolo tsa puo le go sa rutega ga ba bangwe.”
Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo e ntse e le pokano e e botlhokwa mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa. Mo e ka nnang botlhe ba ba kgonang go ikwadisa ba a kwadisiwa. Bannye le bagolo, Basupi ba basha le bao ba nang le boitemogelo jo bontsi ba nna le seabe. Ke thulaganyo e e tswelelang pele ya go ruta.
Batho Botlhe ba Lalediwa go Tla go Bona le go Reetsa
Basupi ba ga Jehofa ga se mokgatlho wa sephiri. Dilo tse di thailweng mo Bibeleng tse ba di dumelang di tlhalositswe sentle mo dikgatisong tse mongwe le mongwe a ka nnang le tsone. Mo godimo ga moo, ba dira boiteko jo bo kgethegileng go laletsa batho go tla dipokanong tsa bone go iponela se se diragalang le go ikutlwela ka bobone.
Jesu Keresete o ne a ruta barutwa ba gagwe ka boene, mme gape o ne a bua phatlalatsa—go bapa le lotshitshi lwa lewatle, go bapa le thaba, mo disinagogeng, mo lefelong la tempele mo Jerusalema—kwa boidiidi jwa batho bo neng bo ka reetsa teng. (Math. 5:1, 2; 13:1-9; Yoh. 18:20) Go etsa seno, bogologolo ka bo1870, Baithuti ba Bibela ba ne ba simolola go rulaganya dipokano tse ditsala le baagelani le ba bangwe ba ba ka tswang ba kgatlhega ba neng ba ka reetsa puo e e buang kaga boikaelelo jwa Modimo ka batho.
Go ne ga dirwa boiteko jo bo kgethegileng go dira gore dipolelo tseno di tshwarelwe kwa mafelong a a neng a tla bo a siametse batho botlhe. Seno se ne se bidiwa tiro ya go atolosa tiro ya ditlelase. Ka 1911, diphuthego tse di neng di na le dibui tsa ditswerere tse di lekaneng di ne tsa kgothalediwa go rulaganya gore bangwe ba bano ba ye kwa ditoropong le kwa metseng e e mo tikologong go tshwara dipokano mo diholong tse di dirisiwang ke botlhe. Fa go neng go kgonega gone, ba ne ba rulaganyetsa dipolelo tse thataro di tlhomagane. Morago ga ya bofelo, sebui se ne se botsa gore ke ba le bakae mo bareetsing ba ba neng ba ikutlwa ba kgatlhegela go ithuta Bibela gore ba phuthege ka metlha. Go ne ga neelwa dipuo tseno di feta 3 000 mo ngwageng wa ntlha.
Go simolola ka 1914, “Photo-Drama of Creation” le yone e ne ya bontshiwa batho phatlalatsa. Bakaulengwe ba ne ba sa duedise ope yo o neng a tlile go e leba. Fa esale go tloga ka nako eo, ba ile ba dirisa ditshwantsho tse dingwe tsa dibaesekopo le dipontsho tsa diselaete. Go simolola ka bo1920, batho ba bantsi ba ne ba kgona go utlwa dipuo tsa Bibela mo magaeng a bone gonne Mokgatlho wa Watch Tower o ne o dirisa diradio thata. Go tswa foo, ka bo1930, dipuo tse di neng di neelwa ke J. F. Rutherford di ne tsa gatisiwa tsa ba tsa tshamekiwa kwa dikokoanong di le diketekete tsa phatlalatsa.
Ka 1945 go ne go na le palo e kgolo ya dibui tsa phatlalatsa tse di neng di katisitswe mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Modimo. Ka January ya ngwaga oo, go ne ga simololwa letsholo le le rulagantsweng sentle la go tshwara dipokano phatlalatsa. Mokgatlho o ne wa ntsha dithulaganyo tsa metseletsele ya dipuo di le robedi tse di neng di le mo nakong. Go ne go dirisiwa dipampitshana tsa taletso, fa gongwe le dipolakate, go laletsa batho. Mo godimo ga go dirisa mafelo a a tlwaelegileng a diphuthego di kopanelang mo go one, bakaulengwe ba ne ba dira maiteko a a kgethegileng go rulaganyetsa dipokano tseno tsa phatlalatsa mo mafelong a go neng go sena diphuthego kwa go one. Botlhe mo diphuthegong ba ne ba ka nna le seabe—ka go itsise kaga dipokano, ka go tla kwa go tsone, mmogo le ka go amogela ba basha le go araba dipotso tsa bone. Mo ngwageng wa ntlha wa tiro eno e e kgethegileng, go ne ga tshwarwa dipokano di le 18 646 tsa phatlalatsa kwa United States, mme go ne ga tla palogotlhe ya batho ba le 917 352. Mo ngwageng o o latelang palo ya dipokano tsa phatlalatsa e ne ya tlhatlogela go 28 703 kwa tshimong ya Amerika. Mme kwa Canada, koo dipokano tseno di le 2 552 di neng tsa rulaganyediwa ka 1945, go ne ga nna le tse 4 645 mo ngwageng o o latelang.
Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ka bontsi, jaanong Dipokano tsa Phatlalatsa ke karolo ya thulaganyo ya ka metlha ya dipokano tsa beke le beke. Di tshwarwa e le puo e mongwe le mongwe a kgothalediwang go leba ditemana tsa Dikwalo fa di ntse di balwa le fa go ntse go tlotliwa ka tsone. Dipokano tseno ke motswedi o mogolo wa thuto ya semoya ya phuthego le ya ba basha ka go tshwana.
Batho ba ba nnang teng la ntlha mo dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa gantsi ba sala ba gakgametse ba itumetse. Motho mongwe wa dipolotiki yo o itsegeng kwa Zimbabwe o ne a ya kwa Holong ya Bogosi go ya go bona gore go diragala eng koo. E ne e le motho yo o ratang ntwa, mme o ne a tsamaya a sa beola ditedu ka boomo ebile a sa kama moriri. O ne a lebeletse gore Basupi ba ne ba tla mo leleka. Go na le moo, ba ne ba mo kgatlhegela thata ba bo ba mo kgothaletsa gore a nne le thuto ya Bibela ya legae. Jaanong ke Mosupi wa Mokeresete yo o boikokobetso le yo o ratang kagiso.
Totatota go na le batho ba le dimilionemilione bao, ka go bo ba ne ba nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, ba neng ba ikutlwa ba tlhotlheletsega go bolela jaana: “Modimo o mo go lona rure.”—1 Bakor. 14:25.
Mafelo A A Tshwanelang a go Kopanelwang mo go One
Mo metlheng ya baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, Bakeresete gangwe le gape ba ne ba tshwarela dipokano tsa bone mo magaeng a batho. Mo mafelong a mangwe ba ne ba kgona go bua mo disinagogeng tsa Bajuda. Mo Efeso moaposetoloi Paulo o ne a neela dipuo dingwaga di le pedi mo holong ya sekolo. (Dit. 19:8-10; 1 Bakor. 16:19; File. 1, 2) Ka mo go tshwanang, mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo 19 la dingwaga, Baithuti ba Bibela ba ne ba kopana mo magaeng a batho, fa gongwe ba bua mo diraleng tsa kereke, ebile ba dirisa diholo tse dingwe tse ba neng ba ka kgona go di hira. Mo makgetlong a le mmalwa, moragonyana ba ne ba reka dikago tse pele di neng di dirisiwa ke ditlhopha tsa ditumelo tse dingwe mme ba ne ba di dirisa ka metlha. Go ne go ntse jalo ka Brooklyn Tabernacle le London Tabernacle.
Mme lefa go ntse jalo e ne e se gore ba ne ba batla dikago tse di magasigasi go tshwarela dipokano tsa bone. Diphuthego di sekae di ne tsa reka tsa ba tsa ntšhafatsa dikago tse di neng di ka tshwanela; ba bangwe ba ne ba aga diholo tse disha. Morago ga 1935 leina Holo ya Bogosi le ne la simolola go dirisiwa go tlhaola mafelo ano a dipokano tsa phuthego di tshwarelwang mo go one. Gantsi tseno di bonala di kgatlha mme di se magasigasi thata. Tsela e di agilweng ka yone e ka farologana go ya ka mafelo, mme kago e kgona go dira se e se agetsweng.
Thulaganyo E E Tshwanang ya Thuto
Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo 19 la dingwaga le karolo ya ntlha ya lekgolo la bo 20 la dingwaga, tsela e diphuthego tse di farologaneng di neng di gola ka yone le ditiro tsa tsone tsa semoya di ne di farologana fela thata. Go ne go na le dilo dingwe tsa motheo tse di neng di di dumela fela tsotlhe tse di neng di ba tlhaola mo go Labokeresete. Lefa go ntse jalo, lefa bakaulengwe ba bangwe ba ne ba anaanela tsela e Jehofa a neng a fepa batho ba gagwe ka yone, ba bangwe ba ne ba faposiwa motlhofo ke dikgopolo tsa batho ba ba neng ba gagamalela dikgopolo tsa bone mo dikgannyeng dingwe.
Pele Jesu a swa o ne a rapelela gore ekete balatedi ba gagwe botlhe ba ka nna “bañwe hèla”—ba utlwana le Modimo le Keresete le bone ka bobone ba utlwana. (Yoh. 17:20, 21) Kutlwano eno e ne e sa tshwanela go nna e e patelediwang. E ne e tla nna teng ka ntlha ya thulaganyo e e tshwanang ya thuto eo e neng e wetse mo dipelong tse di e amogelang. Go ntse fela jaaka go ne go boleletswe pele jaana bogologolo: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” (Isa. 54:13) Go ipelela kagiso eo ka selekanyo se se tletseng, botlhe ba ne ba tlhoka go newa tshono ya go solegelwa molemo ke thuto e e tswelelang e Jehofa a neng a e neela ka mosele wa gagwe o o bonalang wa puisano.
Baithuti ba Bibela ba ne ba dirisa dibolumo tse di farologaneng tsa Studies in the Scriptures, mmogo le Bibela, jaaka motheo wa seo ba ka tlotlang ka sone ka dingwaga di le dintsi. Se se neng se le mo go tsone, e ne e le “diyō ka dipaka tse e leñ cōna” tota. (Math. 24:45) Lefa go ntse jalo, fa go ntse go tsweletswe go tlhatlhobiwa Dikwalo ka kaelo ya moya wa Modimo go ne ga bonala gore go ne go na le go le gontsi go go tshwanetsweng ga ithutiwa le gore batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba santse ba tlhoka go phepafadiwa thata semoyeng. (Mal. 3:1-3; Isa. 6:1-8) Mo godimo ga moo, fa Bogosi bo sena go tlhomiwa ka 1914, boperofeti bo le bontsi bo ne bo diragadiwa ka go tlhomagana ka bofefo, mme jone bo ne bo umaka tiro e e neng e tshwanetse go dirwa ka potlako ke Bakeresete botlhe ba boammaaruri. Tshedimosetso eno e e mo nakong ya Dikwalo e ne e neelwa ka metlha mo teng ga Tora ya Tebelo.
Fa bangwe ba baemedi ba ba etang ba Mokgatlho ba ne ba lemoga gore e ne e se mongwe le mongwe mo diphuthegong yo a neng a solegelwa molemo ke ditlhogo tseno, ba ne ba akantsha kwa ofising ya ntlokgolo gore go ithutiwe Tora ya Tebelo kwa dipokanong tsa ka metlha tsa beke le beke tsa diphuthego tsotlhe. Diphuthego tsotlhe di ne tsa bolelelwa ka kakantsho eno, mme “Dipotso tsa Seberea” tsa ditlhogo tse dikgolo tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) di ne tsa tswa ka metlha mo makasineng ono, go simolola ka tokololo ya May 15, 1922. Bontsi jwa diphuthego bo ne bo nna le thuto e e ntseng jalo gangwe kana ka makgetlonyana beke le beke, mme selekanyo seo ba neng ba ithuta se se leng mo makasineng ka sone se ne se sa lekane. Mo mafelong a mangwe, ka gonne motsamaisi a ne a bua go le gontsi, thuto eno e ne e tsaya diura di le pedi kana go feta.
Lefa go ntse jalo, ka bo1930, thulaganyo ya puso ya bomodimo e ne ya emisetsa ditsamaiso tsa setemokeratiki. Seno se ne sa tlhotlheletsa fela thata kafa thuto ya Tora ya Tebelog e neng e lebiwa ka gone. Go ne go tlhokomelwa thata gore go tlhaloganngwe dintlha tsa tshedimosetso e e ithutiwang e ba e neilweng ke Mokgatlho. Bao ba neng ba ntse ba dirisa dipokano go bua dikgopolo tsa bone ka namana le bao ba neng ba gana boikarabelo jwa go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo ba ne ba busa dinao ka bonya ka bonya. Fa ba ntse ba thusiwa ka bopelotelele, bakaulengwe ba ne ba ithuta go lekanyetsa thuto go nna ya ura fela. Go ne ga felela ka gore batho ba le bantsi ba nne le seabe; dipokano di ne tsa nna matlhagatlhaga le go feta. Gape go ne ga nna le moya wa kutlwano ya mmatota mo diphuthegong, o o neng o dirwa ke go bo ba ne ba fepiwa ka thulaganyo e e tshwanang ya semoya e mo go yone Lefoko la Modimo e neng e le lone le boammaaruri bo theilweng mo go lone.
Ka 1938, Tora ya Tebelo e ne e phasaladiwa mo e ka nnang ka dipuo di le 20. Sengwe le sengwe se ne se tswa pele ka Seesemane. Mo dipuong tse dingwe gantsi go ne go feta dikgwedi di le mmalwa e seyo, gongwe go feta le ngwaga, ka ntlha ya nako e e neng e tlhokwa go di ranola le go di gatisa. Lefa go ntse jalo, fa go sena go nna le diphetogo mo ditseleng tsa go gatisa, ka bo1980, go ne ga kgonega gore Tora ya Tebelo e gatisiwe ka dipuo di le dintsi ka nako e le nngwe fela. Ka 1992, diphuthego tse di tlhaloganyang epe ya dipuo tse 66 di ne di kgona go ithuta tshedimosetso e e tshwanang ka nako e le nngwe fela. Ka gone bontsi jo bogolo jwa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba ne ba ja dijo tse di tshwanang tsa semoya beke le beke. Kwa dikarolong tsa Amerika Bokone le Borwa, kwa karolong e kgolo ya Yuropa, kwa mafatsheng a le mmalwa kwa Botlhaba, kwa mafelong a mantsi a Afrika, le kwa palong e kgolo ya ditlhaketlhake go dikologa lefatshe, batho ba ga Jehofa ba ipelela thulaganyo e e tlang ka nako e le nngwe fela ya dijo tsa semoya. Botlhe ba ‘itekanela mmogo, ba le mogopolo o le mongwe fela, le tshekatsheko e le nngwe fela.’—1 Bakor. 1:10.
Dipalo tsa ba ba nnang teng kwa dipokanong tsa bone tsa phuthego di supa gore Basupi ba ga Jehofa ba tsaya dipokano tsa bone masisi. Kwa Italy, koo go neng go na le Basupi ba ba tlhaga ba ka nna 172 000 ka 1989, ba ba neng ba nna teng beke le beke kwa Holong ya Bogosi e ne e le 220 458. Go farologana le seno, lephata la pampiri ya dikgang ya Katoliki le bolela gore 80 lekgolong ya Bantariana ba bolela gore ke Bakatoliki mme lefa go le jalo ke ba ba ka nnang 30 lekgolong fela ba ba nnang teng kwa ditirelong tsa dikereke mme le gone e se ka metlha. Fa go tsewa ka palotekanyetso, seemo ke se se tshwanang le kwa Brazil. Ka 1989, maloko a Kereke ya Setšhaba mo Denmark, a ne a ka tshwara 89,7 lekgolong ya batho ba naga eo, mme ke 2 lekgolong ya bone fela e e neng e ya kerekeng gangwe fela ka beke! Gareng ga Basupi ba ga Jehofa mo Denmark, dipalo tsa ba ba neng ba nna teng beke le beke ka nako eo e ne e le 94,7 lekgolong. Kwa Jeremane, patlisiso e e neng ya dirwa ke Allensbach Opinion Research Institute ka 1989 e ne ya supa gore ba ba neng ba ya kerekeng ka metlha mo Federal Republic e ne e le 5 lekgolong ya Balutere le 25 lekgolong ya Bakatoliki. Lefa go ntse jalo, ba ba neng ba tla kwa Diholong tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa beke le beke ba ne ba feta palo ya Basupi.
Ba ba nnang teng gantsi ba a bo ba dirile boiteko jo bogolo gore ba nne teng. Ka bo1980, mosadimogolo mongwe wa dingwaga tse 70 mo Kenya o ne a tsamaya dikilometara di le lesome ka metlha ebile a tshela noka e e nang le metsi go ya go fitlha kwa dipokanong beke le beke. Gore a nne teng kwa dipokanong tsa puo e a e buang, Mosupi mongwe wa Mokorea kwa United States o ne a tsamaya ka metlha diura di le tharo nako le nako, a palame bese, terena, le mokoro, a bo a tsamaya le ka dinao. Kwa Suriname, lelapa lengwe le le neng le sa amogele madi a a kalo le ne le dirisa tuelo yotlhe e le e bonang ka letsatsi go duela bese beke le beke e le gore le kgone go fitlha kwa dipokanong. Kwa Argentina, lelapa lengwe le ne le tsamaya ka metlha dikilometara di le 50 mme le senya nngwenneng ya madi a lelapa go ya kwa dipokanong tsa thuto ya Bibela. Koo bolwetsi bo thibelang bangwe gotlhelele go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego, gantsi go dirwa dithulaganyo gore ba golaganngwe ka mogala kana ba utlwe thulaganyo e e gatisitsweng mo theiping.
Basupi ba ga Jehofa ba tsaya ka masisi kgakololo ya Bibela ya gore ba se ka ba tlogela go phuthega mmogo go agana semoyeng. (Baheb. 10:24, 25) Mme ga ba nne teng fela kwa dipokanong tsa diphuthego tsa lefelo la bone. Go nna gone kwa dikopanong tse dikgolo le gone ke tiragalo e kgolo thata mo thulaganyong ya ditiragalo tse ba nnang le tsone ngwaga le ngwaga.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Moragonyana dipokano tseno di ne tsa bidiwa Ditlhopha tsa Thuto ya Bibela tsa Seberea, go ediwa Baberea ba lekgolo la ntlha la dingwaga bao ba neng ba akgolelwa go “lotolotsa mo Dikwaloñ.”—Dit. 17:11.
b Ka ntlha ya se se neng se dirwa mo go tsone, dipokano tseno gape di ne di bidiwa Dipokano tsa Thapelo, Pako le Boipolelo. Ka ntlha ya botlhokwa jwa thapelo, morago ga nako go ne ga akantshiwa gore gangwe fela mo dikgweding dingwe le dingwe tse tharo pokano e nne tirelo ya thapelo fela, go akarediwa le difela mme go sa bolelwe maitemogelo ape.
c Ka 1907 dilo tse di neng di ba thusa go ithuta tsa Seberea di ne tsa ntšhafadiwa, tsa okediwa thata, mme tsa tlhabololwa. Kgatiso ya 1908 e ne ya okediwa ka ditsebe di le 300 tse di nang le tshedimosetso e e thusang.
d Ka dinako tse dingwe, seno se ne se bidiwa setshwani sa Tlolaganyo, ke gore, go gopolwa ga loso lwa ga Jesu Keresete, yo o neng a tshwantshediwa ke kwanyana ya Tlolaganyo mme ka gone e bidiwa ‘Keresete tlolaganyo ya rona,’ mo go 1 Bakorintha 5:7. Go dumalana le 1 Bakorintha 11:20, gape e ne e bidiwa Selalelo sa Morena. Ka dinako tse dingwe e ne e bidiwa “Selalelo sa Segopotso,” ka gone go otlelelwa gore e ne e le segopotso sa ngwaga le ngwaga.
e Bapisa ditokololo tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) tsa March 1891, ditsebe 33-4; March 15, 1907, tsebe 88; February 1, 1935, tsebe 46; le February 1, 1948, ditsebe 41-3.
f Le eleng pele ga 1900, bao ba neng ba ikwadiseditse tirelo e e kgethegileng eno ba ne ba romelelwa pampitshana ya setlhogo se se reng Suggestive Hints to Colporteurs. Go simolola ka 1919, go ne ga phasaladiwa Bulletin go tlhotlheletsa batho go dira tirelo ya tshimo, sa ntlha gore ba abe The Golden Age mme moragonyana e ne e le mabapi le mefuta yotlhe ya tiro ya go rera efangele.
g Leina Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence le ne la fetolwa, ka January 1, 1909, go nna The Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. Go tloga ka October 15, 1931, leina leno le ne la nna The Watchtower and Herald of Christ’s Presence.
[Mafoko a a mo go tsebe 237]
Dipokano tse mongwe le mongwe a neng a tshwanetse go nna le seabe mo go tsone
[Mafoko a a mo go tsebe 238]
E ne e se botlhajana fela mme e le mafoko a a neng a tla tlhotlheletsa pelo
[Mafoko a a mo go tsebe 246]
Botlhe mo lelapeng ba kgothalediwa go nna teng mmogo kwa dipokanong
[Mafoko a a mo go tsebe 252]
Go dira thulaganyo e e tshwanang ya dijo tsa semoya
[Mafoko a a mo go tsebe 253]
Basupi ba tsaya dipokano tsa bone masisi
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 239]
Diphuthego tsa Pele
Ka 1916 go ne go na le ditlhopha di ka nna 1 200 tsa Baithuti ba Bibela lefatshe ka bophara
Durban, mo Afrika Borwa, ka 1915 (kwa godimo kafa mojeng); kwa British Guiana (Guyana), ka 1915 (fa gare kafa mojeng); Trondheim, kwa Norway, ka 1915 (kwa tlase kafa mojeng); Hamilton, kwa Ont., Canada, ka 1912 (kwa tlase); Ceylon (Sri Lanka), ka 1915 (kwa tlase kafa molemeng); India, ka 1915 (kwa godimo kafa molemeng)
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 240, 241]
Go Baka Jehofa ka Pina
Fela jaaka Baiseraele ba bogologolo le Jesu ka boene ba ne ba opela dipina mo kobamelong, le Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno ba dira jalo. (Neh. 12:46; Mar. 14:26) Le mororo go opela go ile ga dirisediwa go baka Jehofa le go anaanela ditiro tsa gagwe, go ile ga thusa gape go nwetsa boammaaruri jwa Bibela mo mogopolong le mo pelong.
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa dipina tse dintsi go ralala dingwaga. Mafoko a ile a ntšhafadiwa go tsamaisana le kafa ba neng ba ntse ba tlhaloganya Lefoko la Modimo ka teng kgato ka kgato go ya kwa pele.
1879: “Songs of the Bride”
(Difela tse 144 tse di bolelang dilo tse di elediwang le tse di solofetsweng ke monyadiwa wa ga Keresete)
1890: “Poems and Hymns of Millennial Dawn”
(Maboko a le 151 le difela tse 333, tse di neng di gatisitswe di sena mmino. Bontsi e ne e le tse di kwadilweng ke bakwadi ba ba itsegeng thata)
1896: “Tora ya Tebelo” (ka Seesemane) ya February 1 e mo go yone go neng go kwadilwe thata ka “Zion’s Glad Songs of the Morning”
(Mafoko a dipina tse 11, di na le mmino; melodi e e kgabisang e e kwadilweng ke Baithuti ba Bibela)
1900: “Zion’s Glad Songs”
(Dipina tse 82, tse bontsi jwa tsone di neng di kwadilwe ke Moithuti wa Bibela a le mongwe fela; go oketsa setlhopha sa ntlha sa dipina)
1905: “Hymns of the Millennial Dawn”
(Dipina tse 333 tse di golotsweng ka 1890, mme di na le mmino)
1925: “Kingdom Hymns”
(Dipina tse 80, di na le mmino, segolobogolo e le tsa bana)
1928: “Songs of Praise to Jehovah”
(Dipina tse 337, go tswakantswe le tse disha tse di kwadilweng ke Baithuti ba Bibela le difela tsa bogologolo. Mo meloding e e kgabisang ya tsone, go ne ga dirwa boiteko jo bo kgethegileng go tlogela mafoko a bodumedi jwa maaka le go obamela dibopiwa)
1944: “Kingdom Service Song Book”
(Dipina tse 62. Tse di neng di fetotswe go tshwanela tirelo ya Bogosi mo metlheng eo. Ga go a bolelwa maina a bakwadi lefa e le batlhami)
1950: “Songs to Jehovah’s Praise”
(Dipina tse 91. Buka eno ya dipina e ne e na le ditlhogo tse di ntšhafaditsweng mme e latlhile puo ya bogologolo. E ne ya ranolelwa mo dipuong tse 18)
1966: “Singing and Accompanying Yourselves With Music in Your Hearts”
(Dipina tse 119 tse di akaretsang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Mokeresete le kobamelo. Mmino o go neng go itsiwe fa o tlhamilwe ke batho ba lefatshe kana ke bodumedi jwa maaka o ne wa ntshiwa. Go ne ga gatisiwa mmino wa diletso wa buka eo yotlhe mme o ne wa dirisiwa thata mo dipokanong tsa phuthego. Go ne ga gatisiwa gape le dipina dingwe tse di opetsweng ka mafoko. Go simolola ka 1980, go ne ga dirwa direkoto tsa mmino wa okesetera wa “Kingdom Melodies” e le go dira gore batho ba kgone go ipelela mmino o o agang kwa gae)
1984: “Opelelang Jehofa Dipako” (ka Seesemane)
(Dipina tsa Bogosi tse 225, tsa mafoko le melodi, tse di tlhamilweng tsotlhe ke batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Go ne ga ntshiwa direkoto le dikhasete tsa mmino go tsamaisana le kopelo)
Kwa Cottage Meetings tsa bone tsa pele, Baithuti ba Bibela ba ne ba opela le dipina tsa pako. Gape go opela e ne ya tloga ya nna karolo ya dikopano tsa bone tse dikgolo. Ba bangwe ba ne ba opela nngwe ya dipina pele ga sefitlholo, fa ba le mo kobamelong ya bone ya mo mosong, fela jaaka go ne go dirwa ka dingwaga tse dintsi kwa Bible House. Le mororo ka 1938 diphuthego ka bontsi di ne tsa tlogela go tlhola di opela mo mafelong a tsone go ne ga tsosolosiwa gape ka 1944 mme go santse e le karolo ya botlhokwa ya dipokano tsa phuthego le dithulaganyo tsa dikopano tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho]
Karl Klein a eteletse pele baopedi ba okesetera ka 1947
[Kerafa mo go tsebe 242]
(For fully formatted text, see publication)
Segopotso sa Loso lwa ga Keresete
Palo ya Basupi ba ba Tlhaga
Ba Ba Neng Ba Le Teng
11 000 000
10 000 000
9 000 000
8 000 000
7 000 000
6 000 000
5 000 000
4 000 000
3 000 000
2 000 000
1 000 000
1935 1945 1955 1965 1975 1985 1992
[Setshwantsho mo go tsebe 243]
Lefa a ne a latlhetswe a le esi mo kgolegelong ya kwa China, Harold King o ne a tswelela go keteka Segopotso
[Ditshwantsho mo go tsebe 244]
Dithuto tsa Bibela tsa basha kwa Jeremane, kwa tshimologong ya bo1930
[Ditshwantsho mo go tsebe 244]
Kwa Switzerland, mo magareng a bo1930, basha ba Basupi ba ne ba phasalatsa makasine ono (o o fa tlase) ba bo ba tshamekela bareetsi ba bantsi terama ya Bibela (jaaka e bontshitswe fa tlase fa gare)
[Ditshwantsho mo go tsebe 247]
“Bulletin” (1919-35), “Director” (1935-36), “Informant” (1936-56) mme jaanong “Tirelo ya Rona ya Bogosi” e teng ka dipuo tse 100—mme tsotlhe di ile tsa ruta Basupi ba ga Jehofa ka metlha gore ba dire bodihedi jwa tshimo ka kutlwano
[Setshwantsho mo go tsebe 248]
Dipontsho tsa kwa Pokanong ya Tirelo go thusa Basupi go tokafatsa tirelo ya bone ya tshimo (Sweden)
[Setshwantsho mo go tsebe 249]
Mosupi yo mmotlana wa kwa Kenya o bapala boitemogelo ka go neela rraagwe puo mo Sekolong sa Bodihedi sa Puso ya Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 250]
Ka 1992, tshedimosetso ya thuto ya Bibela ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa e ne e gatisiwa ka nako e le nngwe fela ka dipuo di le 66, mme go ntse go okediwa ka tse dingwe tse dintsi