LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kl kgao. 15 ts. 140-149
  • Go Aga Lelapa Le Le Tlotlang Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Aga Lelapa Le Le Tlotlang Modimo
  • Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DITHULUSU TSA GO AGA LENYALO LE LE ITUMETSENG
  • GO GODISA BANA KAFA KITSONG YA MODIMO
  • GO BONA “DIKGAKOLOLO TSE DI ITEKANETSENG”
  • Dira Lenyalo la Gago Tshwaragano ya Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Itumele Mo Lenyalong La Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
kl kgao. 15 ts. 140-149

Kgaolo 15

Go Aga Lelapa Le Le Tlotlang Modimo

1-3. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba sa kgone go rarabolola mathata a a tlwaelegileng a lenyalo le a go nna batsadi, mme ke eng fa Baebele e ka kgona go thusa?

GONGWE o batla go ikagela ntlo. O reka setsha. Ka tlhoafalo e kgolo, o setse o bona kafa ntlo ya gago e ntšha e tla bong e ntse ka teng fa e setse e fedile. Lefa go ntse jalo, go ka nna jang fa o sena dithulusu e bile o sa itse go aga? A bo maiteko a gago a tla dira gore o kgobege marapo jang ne!

2 Batho ba le bantsi fa ba nyalana ba ipona ba na le malapa a a itumetseng, mme lefa go ntse jalo ba se na dithulusu le jone botswerere jwa go aga lelapa. Fela fa letsatsi la lenyalo le sena go feta, go simologa mekgwa mengwe e e sa siamang. Go a lowa e bile go omanwa letsatsi le letsatsi. Fa bana ba tsholwa, rre le mme ba basha bano ba iphitlhela ba sena botswerere jwa go godisa bana fela jaaka ba sena le jone jwa go aga lelapa.

3 Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore, Baebele e ka thusa. Melaometheo ya yone e tshwana le dithulusu tse di go thusang go aga lelapa le le itumetseng. (Diane 24:3) A re boneng gore go ka dirwa jang.

DITHULUSU TSA GO AGA LENYALO LE LE ITUMETSENG

4. Ke eng fa go ka lebelelwa gore go tla nna le mathata mo lenyalong, mme Baebele e tlhomile melao efe?

4 Lefa banyalani ba ka tswa ba tshwanelana jang, tsela e maikutlo a bone a ntseng ka yone, dilo tse di ba diragaletseng fa e santse e le bana le malapa a ba goletseng mo go one di a farologana. Ka gone, go ka lebelelwa gore go tla nna le mathata mangwe morago ga lenyalo. A tlile go rarabololwa jang? Gone mme, baagi ba leba polane fa ba aga ntlo. Tseno ke dikaelo tse ba tshwanetseng go di latela. Baebele e re naya dikaelo tsa Modimo tsa go aga lelapa le le itumetseng. A jaanong re sekasekeng di sekae tsa tsone.

5. Baebele e gatelela botlhokwa jwa go ikanyega mo lenyalong jang?

5 Boikanyego. Jesu o ne a re: “Se se kopantsweng ke Modimo, a se se kgaoganngwe ke motho.”a (Mathaio 19:6) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A nyalo e tlotlwe mo go botlhe, a bolao bo se leswefadiwe; gonne Modimo o tlaa sekisa bagokafadi le ba boaka.” (Bahebere 13:4) Ka gone, batho ba ba mo lenyalong ba tshwanetse ba ikutlwa ba patelesega mo go Jehofa gore ba nne ba ikanyega mo go ba ba nyalaneng le bone.—Genesise 39:7-9.

6. Go ikanyega go ka thusa jang go boloka lenyalo?

6 Go ikanyega go dira gore lenyalo le nne le seriti le tshireletsego. Banyalani ba ba ikanyegang ba itse gore lefa go ka nna jang ba tla nna ba emana nokeng. (Moreri 4:9-12) A bo ba farologane thata jang ne le ba ba latlhang motho yo ba nyalaneng nae fela fa mathata a tsoga! Batho ba ba ntseng jalo ba itlhaganelela go swetsa gore ba ‘tlhophile motho yo o phoso,’ gore ‘ga ba tlhole ba ratana,’ go tla siama fela fa ba ka tsaya motho yo mongwe yo mosha. Mme seno ga se thuse ope wa bone gore a nonofe mo maikutlong. Go na le moo, batho ba ba sa ikanyegeng bano ba ka nna ba ya go direla motho yono wa bone yo mosha mathata fela a a tshwanang. Fa motho a na le ntlo e ntle mme marulelo a yone a na, ruri o tla leka go e baakanya. Ga a fudugele ka bonako fela kwa ntlong e nngwe. Ka tsela e e tshwanang, go tsaya motho yo mongwe ga go rarabolole dikgang tse di bakang mathata a lenyalo. Fa go nna le mathata, se leke go tlogela motho yo o nyalaneng nae mme dira ka natla go boloka lenyalo la gago. Go ikanyega ka tsela eo go dira gore lenyalo e nne sengwe se se molemo se motho a tshwanetseng go se tlhokomela, go se boloka le go se ngomaela.

7. Ke eng fa ka dinako tse dingwe puisano e nna bokete mo bathong ba ba nyalaneng, mme ‘go apara motho yo mosha’ go ka thusa jang?

7 Puisano. “Dithulaganyo di a tlhakatlhakana kwa go sa bulelanweng mafatlha teng,” go bolela jalo seane sa Baebele. (Diane 15:22, NW) Lefa go ntse jalo, banyalani bangwe ba na le bothata jwa go buisana. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ke ka go bo batho ba na le mekgwa e e farologaneng ya go buisana. Seno ke sone se gantsi se bakang gore batho ba tlhoke kutlwano le go tlalelwa. Tsela e motho a godisitsweng ka yone e ka ama seno. Ka sekai, bangwe ba ka tswa ba godisitswe ke batsadi ba ba neng ba tlhola ba omana. Jaanong jaaka ba godile mme ba nyetse, ba ka nna ba se ka ba itse go bua le motho yo ba nyalaneng le ene ka tsela e e supang bopelonomi le lorato. Lefa go ntse jalo, legae la gago ga le a tshwanela go senyega la nna ‘le le tletseng komano.’ (Diane 17:1) Baebele e gatelela gore re “apare motho yo moša,” e bile e kgala go bogisa yo mongwe ka go mo galefela, go omana le dipuo tse di sotlang.—Baefeso 4:22-24, 31.

8. Ke eng se se ka go thusang fa wena le motho yo o nyalaneng le ene lo sa dumalane?

8 Ke eng se o ka se dirang fa go na le dikgogakgogano? Fa mongwe wa lona a simolola go galefa, go ka nna molemo fa o ka latela kgakololo eno e e mo go Diane 17:14: “Lesang go tatalalana lo ise lo ye go lwa.” Ee lo ka seegela kgang eo fa thoko go fitlha moragonyana, ka nako ya fa wena le motho yo o nyalaneng le ene le tla bo le wetse dibete. (Moreri 3:1, 7) Lefa go ka nna jang, lekang gore lo nne “bonako go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.” (Jakobe 1:19) Mokgele wa lona e tshwanetse ya nna go baakanya dilo, eseng go fenya kgang. (Genesise 13:8, 9) Tlhopha mafoko o bo o bue ka tsela e e tla dirang gore wena le motho yo o nyalaneng le ene lo wele dibete. (Diane 12:18; 15:1, 4; 29:11) Mo godimo ga moo, se nneng lo galefile, mme kopang thuso ka go bua le Modimo ka thapelo lo ikokobeditse.—Baefeso 4:26, 27; 6:18.

9. Ke eng fa go ka bolelwa gore puisano e simolola mo pelong?

9 Seane sa Baebele sa re: “Pelo ya yo o tlhalefileng e ruta molomo wa gagwe, e be e okeletse dipounama tsa gagwe kitso.” (Diane 16:23) Eleruri he, selotlolo sa go buisana sentle se mo pelong, eseng mo molomong. O ikutlwa jang ka motho yo o nyalaneng le ene? Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba nne “pelotlhomogi.” (1 Petere 3:8) A o ka dira seno fa motho yo o nyalaneng le ene a ngomotswe pelo ke go tshwenyega? Fa o ka dira jalo o tla kgona go itse gore o ka araba jang.—Isaia 50:4.

10, 11. Monna a ka dirisa kgakololo e e mo go 1 Petere 3:7 jang?

10 Go tseelwa kwa godimo le go tlotliwa. Banna ba Bakeresete ba bolelelwa gore ba tshele le basadi ba bone “ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata.” (1 Petere 3:7) Go tseela mosadi wa gago kwa godimo go akaretsa go lemoga gore o botlhokwa. Monna yo o tshelang le mosadi wa gagwe “ka fa kitsong” o ela tlhoko thata maikutlo a gagwe, dilo tse a nonofileng mo go tsone, botlhale le seriti sa gagwe. O tshwanetse gape a batle go itse kafa Jehofa a lebang basadi ka teng le kafa a batlang ba tshwarwa ka teng.

11 Mma re re o na le sejana sengwe se se mosola se se thubegang mo ntlong. A o ka se se tshware ka go se neneketsa? Ee, Petere o ne a dirisa polelwana “sejana se se seng thata” ka tlhaloganyo e e tshwanang, mme seno se tshwanetse sa tlhotlheletsa monna wa Mokeresete gore a neneketse mosadi wa gagwe yo o rategang.

12. Mosadi a ka supa jang gore o tlotla monna wa gagwe fela thata?

12 Mme gone, Baebele e gakolola mosadi jang? Paulo o ne a kwala jaana: “Mosadi a ipone, gore a tlotle monna wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Fela jaaka mosadi a tshwanetse go ikutlwa gore o tseelwa kwa godimo le gore monna wa gagwe o mo rata thata, monna wa gagwe le ene o tshwanetse go utlwa gore mosadi wa gagwe o a mo tlotla. Mosadi yo o tlotlang monna wa gagwe ga a na go tsamaya a bolela diphoso tsa gagwe e ka tswa e le Mokeresete kana nnyaa. Ga a ne a tlosa seriti sa gagwe ka go mo kgala le go mo nyenyefatsa ba ka tswa ba le nosi koo kana fa pele ga batho.—1 Timotheo 3:11; 5:13.

13. Motho a ka bolela maikutlo a gagwe jang ka kagiso?

13 Seno ga se reye gore mosadi o ka se bolele maikutlo a gagwe. Fa go na le sengwe se se mo tshwenyang, o tla se bolela ka tlotlo. (Genesise 21:9-12) Go bolelela monna wa gagwe mogopolo wa gagwe go ka tshwantshiwa le go mo kolopela bolo. A ka e kolopa ka iketlo gore a kgone go e tshwara, kana a ka e latlhela ka bonako ka maatla mo e mo gobatsang. A bo go ka nna molemo jang ne fa batho ba ba nyalaneng ba ka tila go tshwaana diphoso, mme go na le moo, ba bua ka bopelonomi le ka bonolo!—Mathaio 7:12; Bakolosa 4:6; 1 Petere 3:3, 4.

14. Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa motho yo o nyalaneng le ene a sa kgatlhegele go dirisa melaometheo ya Baebele mo lenyalong?

14 Fela jaaka re bone, melaometheo ya Baebele e ka go thusa go aga lenyalo le le itumedisang. Mme go tweng fa motho yo o nyalaneng le ene a sa kgatlhegele se Baebele e se buang? O santse o ka kgona go bona molemo fa o dirisa kitso ya Modimo fa o dira seabe sa gago. Petere o ne a kwala jaana: “Fela jalo le lona basadi ba lo nyetsweng, lo nne kutlo mo banneng ba lona; e tle e re, le fa bangwe ba sa utlwe lefoko le, ba tle ba kgonwe kwa ntle ga lefoko ke mokgwa o montle wa basadi ba bone; ba bone mokgwa o montle wa lona, lo le bori go pataganye le poifo.” (1 Petere 3:1, 2) Gone mme, go ntse fela jalo le ka monna yo mosadi wa gagwe a sa kgatlhegeleng Baebele. Lefa motho yo o nyalaneng le ene a ka tlhopha go dira eng, letla melaometheo ya Baebele gore e go dire motho yo o botoka. Kitso ya Modimo gape e ka go dira motsadi yo o botoka thata.

GO GODISA BANA KAFA KITSONG YA MODIMO

15. Mekgwa e e phoso ya go godisa bana e fetisediwa mo go ba bangwe jang, mme seno se ka kgaosediwa jang?

15 Lebaka fela la go bo motho a na le saga le hamore ga le reye gore ke mmetli yo o setswerere. Ka tsela e e tshwanang, go nna le bana ga go reye gore o motsadi yo o setswerere mo go godiseng bana. Gantsi batsadi ba godisa bana ka tsela e bone ba godisitsweng ka yone, ba lemoga seo kana ba sa lemoge. Ka jalo, mekgwa e e phoso ya go godisa bana ka dinako tse dingwe e fetela mo kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Seane sa bogologolo sa Sehebera sa re: “Borre ke bone ba jang meretlwa e e sa butswang mme meno a bomorwaabone ke one a e lomang.” Lefa go ntse jalo, Dikwalo di bolela gore motho ga a patelesege go latela tsela e e ileng ya tsewa ke batsadi ba gagwe. A ka nna a tlhopha tsela e e farologaneng le ya bone, e e laolwang ke melao ya ga Jehofa.—Esekiele 18:2, 14, 17.

16. Ke eng fa go le botlhokwa gore o tlamele lelapa la gago, mme seno se akaretsa eng?

16 Jehofa o lebeletse gore batsadi ba Bakeresete ba kaele le go tlamela bana ba bone sentle. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.” (1 Timotheo 5:8) A mafoko a a kgalemang jang ne! Go dira seabe sa gago sa go tlamela, se se akaretsang go tlamela bana ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama, semoya le maikutlo ke tshiamelo le boikarabelo jwa motho yo o boifang Modimo. Baebele e na le melaometheo e e ka thusang batsadi go dira gore bana ba tshelele mo boitumelong. Akanyetsa mengwe ya yone.

17. Go tlhokega eng gore bana ba gago ba nne le molao wa Modimo mo dipelong tsa bone?

17 Tlhoma sekao se se siameng. Batsadi ba Baiseraele ba ne ba laelwa jaana: “[Mafoko a Modimo] o a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.” Batsadi ba ne ba tshwanetse go ruta bana ba bone melao ya Modimo. Mme mafoko ano a kgothatso a ne a eteletswe pele ke polelwana e e reng: “Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago.” (Duteronome 6:6, 7, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ee, batsadi ga ba kake ba ba naya sepe se ba senang naso. Molao wa Modimo o tshwanetse wa bo o kwadilwe pele mo dipelong tsa lona fa lo batla gore o kwadiwe mo dipelong tsa bana ba lona.—Diane 20:7; bapisa Luke 6:40.

18. Jehofa o ile a tlhoma sekao se se molemo jang sa go supa lorato?

18 Ba tlhomamisetseng gore lo a ba rata. Jehofa o ne a bolela jaana fa Jesu a ne a kolobediwa: “O morwaake yo o rategang; ke itumetse thata mo go wena.” (Luke 3:22) Ka tsela eo Jehofa o ne a bolela gore ke Morwawe, a bolela a gololesegile fela gore o a mo amogela e bile a Mo tlhomamisetsa gore o a mo rata. Moragonyana Jesu o ne a raya Rraagwe a re: “O nthatile pele ga tlholego ya lefatshe.” (Johane 17:24) Ka jalo, jaaka batsadi ba ba ratang Modimo, bolelelang bana ba lona gore lo a ba rata le bo le go supe—le go dire ka metlha. Gakologelwang ka metlha gore “lorato lo a agelela.”—1 Bakorinthe 8:1.

19, 20. Ke eng se se akarediwang mo go otlhayeng bana ka tshwanelo, mme batsadi ba ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Jehofa?

19 Kotlhao. Baebele e gatelela gore go botlhokwa thata gore o otlhae ka lorato. (Diane 1:8) Batsadi ba ba sa direng boikarabelo jwa bone jwa go kaela bana ba bone gompieno eleruri ba tlile go lebana le matswela a a botlhoko ka moso. Lefa go ntse jalo, batsadi ba tlhagisiwa gore ba se ka ba feteletsa dilo. “Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo,” go ne ga kwala jalo Paulo. (Bakolosa 3:21) Batsadi ba tshwanetse go tila go nnela go ba supetsa diphoso ka tsela e e feteletseng kana ba tlhola ba buile ka makoa a bone kana ba kgala maiteko a ba a dirang.

20 Jehofa Modimo, Rraarona wa selegodimo, o re tlhomela sekao se se molemo mo go otlhaeng. Ga a ke a feteletsa dilo fa a supetsa motho phoso. “Ke tlaa go siamisa ka tekanyo,” Modimo o ne a bolelela batho ba gagwe jalo. (Jeremia 46:28) Batsadi ba tshwanetse go etsa Jehofa mo ntlheng eno. Kotlhao e e feteletseng kana e e fetang selekanyo se e tshwanetseng go dirwa ka sone fa motho a supediwa phoso le fa a rutiwa e ka kgopisa motho.

21. Batsadi ba ka bona jang gore kotlhao ya bone e ka ne e le mosola?

21 Batsadi ba ka kgona go bona jang gore tsela e ba otlhayang bana ka yone e mosola? Ba ka nna ba ipotsa ba re, ‘A ke fitlhelela sengwe ka tsela e ke otlhayang ka yone?’ E tshwanetse go ruta. Ngwana wa gago o tshwanetse go tlhaloganya lebaka la go bo a otlhaiwa. Gape batsadi ba tshwanetse go tshwenyega ka gore go baakanya phoso go tlile go felela ka eng. Ke boammaaruri gore mo e ka nnang bana botlhe ba a kgopisega fa ba otlhaiwa. (Bahebere 12:11) Mme gone, ngwana ga a tshwanela go tshoga kana go ikutlwa e kete o latlhilwe kana a sala a na le boikutlo jwa gore o maswe fela thata fa a otlhaiwa. Jehofa o ne a bolela jaana pele a gakolola batho ba gagwe: “O se ka wa boifa, . . . gonne ke na nao.” (Jeremia 46:28) Ee, ngwana o tshwanetse go gakololwa ka tsela e a tla utlwang gore ga lo a mo latlha jaaka batsadi ba ba lorato le ba ba mo emang nokeng.

GO BONA “DIKGAKOLOLO TSE DI ITEKANETSENG”

22, 23. O ka bona kae kaelo e o e tlhokang gore o age lelapa le le itumetseng?

22 Re tshwanetse go lebogela go bo Jehofa a re file dithulusu tse re di tlhokang go aga lelapa le le itumetseng. Mme gone go nna le dithulusu fela ga go a lekana. Re tshwanetse go ithuta go di dirisa sentle. Ka sekai, moagi a ka nna a dirisa dithulusu tsa gagwe ka tsela e e phoso. A ka nna a dirisa tse dingwe mo ditirong tse eseng tsa tsone. Mo maemong ano mekgwa e a e dirisang e ka dira gore tiro ya gagwe e nne ya maemo a a kwa tlase. Ka tsela e e tshwanang, o ka tswa jaanong o lemoga mekgwa e mengwe e e sa siamang e e tseneng mo lelapeng la gago o sa lemoge. E mengwe e ka tswa e nonofile e bile e ka se ka ya fetolwa motlhofo. Lefa go ntse jalo, latela kgakololo eno ya Baebele: “Motho yo o botlhale o tla utlwa, a totafale mo go ithuteng; le motho wa tlhaloganyo o tla tshwara thuto e e itekanetseng.”—Diane 1:5.

23 O ka kgona go nna mokaedi yo o setswerere fa o ka tswelela o bapala kitso ya Modimo. Nna o ntshitse matlho dinameng go bona melaometheo ya Baebele e e amang botshelo jwa lelapa mme o siamise fa go tlhokegang teng. Ela tlhoko Bakeresete ba ba godileng ba ba tlhomang sekao se se molemo jaaka banyalani e bile e le batsadi. Tlotla le bone. Mo godimo ga moo, bolelela Jehofa dilo tse di go tshwenyang ka thapelo. (Pesalema 55:22; Bafilipi 4:6, 7) A ka go thusa gore o nne le botshelo jo bo itumedisang jwa lelapa joo bo mo tlotlomatsang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lebaka fela le Dikwalo di letlang motho go nyala gape ka lone fa a sena go tlhala ke “kgokafalo”—go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang nae.—Mathaio 19:9.

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Go ikanyega, puisano, go tseelwa kwa godimo le tlotlo di dira gore go nne le boitumelo jang mo lenyalong?

Batsadi ba ka tlhomamisetsa bana ba bone ka ditsela dife gore ba a ba rata?

Kotlhao e e tshwanetseng e akaretsa dilo dife?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 147]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela