LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ed ts. 31
  • Konelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Konelo
  • Basupi ba ga Jehofa le Thuto
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba Boammaaruri?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Bana ba Tshwanetse go Rutiwa ka Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ke Eng fa o Dumela Se o Se Dumelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa le Thuto
ed ts. 31

Konelo

BOIKAELELO jwa boroutšhara jono e ne e se go tlhalosa ditumelo tsa bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ka botlalo. Go na le moo, re lekile go tlhalosa melaometheo e mengwe e Basupi ba e dumelang le go bontsha sentle gore ke mofuta ofe wa dilo tse di amanang le malapa tse di amang moithuti wa gago fa mongwe wa batsadi ba gagwe e le Mosupi kana boobabedi e le Basupi.

Basupi ba ga Jehofa ba otlelela thata gore bana ba bone ba gole semoyeng. Mme ba na le tshepo ya gore seno se thusa gore bana ba bone ba bontshe kgatelopele mo dikarolong tse dingwe. Ditumelo tse ba di amogelang le melaometheo e ba e latelang di dira gore matshelo a bone a nne mosola le go ba thusa gore ba itshokele mathata a bone a letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, ditumelo tseo le melaometheo di tshwanetse tsa ba tlhotlheletsa gore ba leke go nna baithuti ba ba tlhagafetseng le go nna baagi ba ba molemo mo botshelong jwa bone jotlhe.

Basupi ba leka gore ba nne batho ba ba lebang botshelo ka tsela ya mmatota, ka jalo ba tsaya thuto e le botlhokwa fela thata. Ka gone, ba eletsa gore ba dirisane mmogo le wena ka tsela e ba ka kgonang ka yone. Fa e le bone, kwa magaeng a bone le kwa mafelong a ba obamelang mo go one mo lefatsheng lotlhe, ba tla tswelela pele ba kgothatsa bana ba bone gore ba dire seabe sa bone ka go bontsha tirisanommogo ka tsela e e nang le mosola.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela