Kgaolo ya Bolesome
Fa yo Mongwe mo Lelapeng a Lwala
1, 2. Satane o ne a dirisa masetlapelo le bolwetse jang go leka go latlhisa Jobe bothokgami jwa gagwe?
ELERURI Jobe ke monna yo o tshwanetseng go balwa le batho ba ba neng ba na le malapa a a itumetseng. Baebele e bolela gore o ne a “feta [banna] botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.” O ne a na le barwa ba le supa le barwadi ba le bararo, e le bana ba le lesome botlhe. O ne a kgona go tlamela lelapa la gagwe sentle. Se se botlhokwa le go feta ke gore o ne a etelela pele mo ditirong tsa semoya e bile o ne a amega ka boemo jwa bana ba gagwe fa pele ga Jehofa. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa felela ka gore ba itumele mo lelapeng.—Jobe 1:1-5.
2 Satane, mmaba yo mogolo wa ga Jehofa Modimo o ne a lemoga boemo jwa ga Jobe. Satane, yo a nnang ka metlha a batla ditsela tsa go dira gore batlhanka ba Modimo ba latlhe bothokgami jwa bone, o ne a tlhasela Jobe ka go senya lelapa la gagwe le le itumetseng. Morago ga foo, o ne “a itaya Jobe ka diso tse di bosula, go simolola ka sebete sa lonao go ya phogong ya gagwe.” Ka go dira jalo, Satane o ne a solofetse go dirisa masetlapelo ano le bolwetse go dira gore Jobe a latlhe bothokgami jwa gagwe.—Jobe 2:6, 7.
3. Bolwetse jwa ga Jobe bo ne bo ntse jang?
3 Baebele ga e bitse bolwetse jwa ga Jobe ka leina lepe la kalafi. Lefa go ntse jalo, e re bolelela gore o ne a ntse jang. Nama ya gagwe e ne e tletse diboko le letlalo la gagwe le ne le na le magogo e bile le bola. Legano la ga Jobe le mmele wa gagwe di ne di na le monkgo. O ne a gadikiwa ke ditlhabi. (Jobe 7:5; 19:17; 30:17, 30) Jobe o ne a nna jalo ka ditlhabi mo meloreng e bile a ingwaya ka leketlo la nkgwana. (Jobe 2:8) O ne a tlhomola pelo tota!
4. Lelapa lengwe le lengwe le diragalelwa ke eng nako le nako?
4 O ne o tla dira eng fa o ne o tshwerwe ke bolwetse jo bo maswe thata jalo? Satane ga a iteye batlhanka ba Modimo ka malwetse gompieno jaaka a ne a dira ka Jobe. Lefa go ntse jalo, go sa itekanelang ga batho, dilo tse di ngomolang pelo tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi le maemo a a ntseng a senyegela kwa pele mo mafelong a re tshelang mo go one, di dira gore nako le nako go nne le mongwe yo o lwalang mo lelapeng. Lefa gone re ka rata go thibela seno ka mekgwa mengwe, rotlhe re a lwala, lefa go na le ba le mmalwa fela ba ba bogisegang jaaka Jobe. Fa bolwetse bo tlhasela lelapa la rona, seo se ka re gwetlha tota. Ka gone a re boneng kafa Baebele e re thusang ka teng go itshokela mmaba yo o tlholang a tlhasetse motho yono.—Moreri 9:11; 2 Timotheo 3:16.
O IKUTLWA JANG KA GONE?
5. Maloko a lelapa a itshwara jang gantsi fa bolwetse e le jo bo tla folang?
5 Fa tsela e e tlwaelegileng e lo ntseng lo tshela ka yone e kgorelediwa ke sengwe, go nna bokete segolobogolo fa seo se dirwa ke bolwetse jo bo sa foleng. Tota le bolwetse jo bo folang bo batla gore lo fetole dilo, lo ineele le go intsha setlhabelo. Maloko a a itekanetseng sentle mo mmeleng a lelapa a ka nna a tshwanela go sa dire modumo gore yo o lwalang a kgone go ikhutsa. Ba ka nna ba tshwanela go tlogela ditiro dingwe. Lefa go ntse jalo, mo malapeng a mantsi tota le bana ba bannye ba utlwela bomorwarraabone ba ba lwalang kana batsadi ba bone botlhoko, le mororo ba ka nna ba tshwanela go gakololwa nako le nako gore ba ba akanyetse. (Bakolosa 3:12) Fa e le bolwetse jo bo tla folang ka bonako, lelapa gantsi le iketleetsa go dira se se tlhokegang. Kwa ntle ga moo, mongwe le mongwe mo lelapeng o tla batla go akanyediwa ka tsela e e tshwanang fa a ka lwala.—Mathaio 7:12.
6. Gantsi go bonwa go diragala eng fa leloko la lelapa le tlhasetswe ke bolwetse jo bo maswe, jo bo sa foleng?
6 Go tweng fa e le gore bolwetse bo masisi le fa dilo di kgoreletsega thata e bile e le ka lobaka lo loleele? Ka sekai, go tweng fa mongwe mo lelapeng a bolailwe ditokololo ke seterouku, a golafaditswe ke bolwetse jwa Alzheimer kana a koafaditswe ke bolwetse bongwe? Kana go tweng fa e le gore yo mongwe mo lelapeng o tshwerwe ke bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo, jaaka jwa schizophrenia? Ka tlwaelo, kwa tshimologong lo tlile go tlhomoga pelo—lo hutsafadiwa ke go bo mongwe yo le mo ratang a boga thata jalo. Lefa go ntse jalo, lo ka nna lwa ikutlwa ka ditsela tse dingwe morago ga gore lo mo utlwele botlhoko. Fa maloko a lelapa a iphitlhela a amega thata e bile bolwetse jwa motho yono bo ba amoga kgololesego, ba ka nna ba ikutlwa ba galefa. Ba ka nna ba ipotsa jaana: “Tota ke eng fa seno se ntiragalela?”
7. Mosadi wa ga Jobe o ne a ikutlwa jang ka bolwetse jwa gagwe mme go lebega a ne a lebetse eng?
7 Go lebega mosadi wa ga Jobe a ne a akanya ka tsela e e tshwanang. Gakologelwa gore o ne a setse a tlhokafaletswe ke bana. Fa ditiragalo tseo tsa masetlapelo di ntse di diragala, ga go belaetse gore tlhaloganyo ya gagwe e ne e ntse e tshwenyegela kwa pele. Kgabagare, fa a ntse a bona monna wa gagwe yo a kileng a bo a le tlhaga e bile a nonofile a tshwerwe ke bolwetse jo bo botlhoko, jo bo maswemaswe jalo, go lebega a ne a lebala selo se se neng se le botlhokwa go feta masetlapelo ao—botsalano jo ene le monna wa gagwe ba neng ba na najo le Modimo. Baebele ya re: “Foo mosadi wa [ga Jobe] a mo raya a re: ‘A o sa ntse o tshegeditse bosenang molato jwa gago? Itatole Modimo, mme o swe.’”—Jobe 2:9.
8. Fa leloko lengwe la lelapa le lwala thata, ke lokwalo lofe lo lo ka thusang ba bangwe mo lelapeng go nna le mogopolo o o siameng?
8 Go na le batho ba ba tlalelwang le e leng go galefa fa botshelo jwa bone bo fetolwa ke bolwetse jwa yo mongwe. Lefa go ntse jalo, Mokeresete yo o akanyetsang boemo sentle kgabagare o tla lemoga gore seno se mo naya tshono ya go supa gore lorato lwa gagwe ke lwa mmatota. Lorato lwa boammaaruri lo “pelotelele, lo pelonomi . . . ga lo ke lo ipatlela fela . . . [e bile] lo itshokela dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo iphapaanya le dilo tsotlhe.” (1 Bakorinthe 13:4-7) Ka gone, go na le gore o letle maikutlo a a sa siamang gore a go laole, go botlhokwa gore o dire bojotlhe go a laola.—Diane 3:21.
9. Ke eng se se ka dirwang go thusa lelapa semoyeng le mo maikutlong fa leloko la lelapa le lwala thata?
9 Ke eng se se ka dirwang go sireletsa bomoya le maikutlo a lelapa fa mongwe mo go lone a lwala thata? Ke boammaaruri gore bolwetse bongwe le bongwe bo tlhokomelwa le go alafiwa ka tsela ya jone e bile go tla bo go sa siama gore re akantshe ditsela dipe fela tsa kalafi kana tsa tlhokomelo ya kwa gae mo bukeng eno. Lefa go ntse jalo, Jehofa “o tshegetsa botlhe ba ba wang,” ka tsela ya semoya. (Pesalema 145:14) Kgosi Dafite o ne a kwala jaana: “Go sego yo o gopolang bahumanegi; Jehofa o tlaa mo golola mo motlheng wa bosula. Jehofa o tlaa mo tlamela, a ba a mo tshedisa, . . . Jehofa o tlaa mo oka a le mo bolaong jwa topetego.” (Pesalema 41:1-3) Jehofa o boloka batlhanka ba gagwe ba tshela semoyeng, le e leng lefa maikutlo a bone a lekwa ka tsela e ba sa kgoneng go e itshokela. (2 Bakorinthe 4:7) Maloko a mantsi a malapa a a nang le motho yo o lwalang thata mo magaeng a one a ile a bua mafoko ano a mopesalema: “Ke utlwisitswe botlhoko thata; ntsitsibosa Jehofa, ka fa lefokong la gago.”—Pesalema 119:107.
MAIKUTLO A A ALAFANG
10, 11. (a) Ke eng se se tlhokegang gore lelapa le kgone go itshokela bolwetse? (b) Mosadi mongwe o ne a itshokela bolwetse jwa monna wa gagwe jang?
10 “Pelo ya monna e tle e mo itshokisetse seemera sa gagwe,” seane sa Baebele se bolela jalo, “mme mowa o o phatlogileng o ka kakatlololwa e mang?” (Diane 18:14) Botlhoko bo ka ama maikutlo a lelapa mmogo le “pelo ya monna.” Lefa go ntse jalo, “pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama.” (Diane 14:30) Maikutlo, kana moya wa maloko a lelapa ke tsone tse di tla laolang gore a lelapa le tla kgona go itshokela bolwetse jo bo masisi kana nnyaa.—Bapisa Diane 17:22.
11 Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a bona monna wa gagwe a golafadiwa ke seterouku ba na le dingwaga tse thataro fela ba nyalane. “Monna wa me o ne a sa kgone go bua sentle mme ke ne ke sa kgone go tlotla le ene,” o gakologelwa jalo. “Mogopolo wa me o ne o tshwenyega thata fa ke ntse ke leka go tlhaloganya gore o batla go reng.” Akanya gape ka tsela e monna wa gagwe a neng a utlwa botlhoko le go tlalelwa ka yone. Banyalani bano ba ile ba dira eng? Le mororo ba ne ba nna kgakala le phuthego ya Bokeresete, kgaitsadi o ne a dira bojotlhe gore a nne a nonofile semoyeng ka go bala tshedimosetso yotlhe ya bosheng ya mokgatlho mmogo le go ja dijo tse di tlang ka metlha mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Seno se ne sa mo nonotsha semoyeng gore a kgone go tlhokomela monna wa gagwe go fitlha a swa dingwaga tse nne moragonyana.
12. Jaaka go bonwe mo kgannyeng ya ga Jobe, molwetse a ka thusa jang ka dinako dingwe?
12 Mo kgannyeng ya ga Jobe, e ne e le ene molwetse, yo a neng a nna a ntse a nonofile. “A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” o ne a botsa mosadi wa gagwe jalo. (Jobe 2:10) Ga go gakgamatse go bo e ne ya re moragonyana morutwa Jakobe a umaka Jobe jaaka sekao se se tlhomologileng thata sa bopelotelele le boitshoko! Re bala jaana mo go Jakobe 5:11: “Lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.” Ka tsela e e tshwanang le gompieno, boikutlo jwa yo o lwalang mo lelapeng bo ne jwa thusa ba bangwe mo legaeng gore ba nne le mogopolo o o tshwanetseng.
13. Lelapa le le nang le yo o lwalang thata ga le a tshwanela go itshwantsha le a mangwe jang?
13 Bontsi jwa ba ba ileng ba oka mongwe mo lelapeng bo a dumela gore kwa tshimologong maloko a lelapa gantsi ga a dumele motlhofo gore seemo se ntse jalo. Ba bolela gape gore tsela e motho a lebang boemo ka yone e botlhokwa thata. Go ka nna bokete kwa tshimologong go fetola tsela e lo dirang dilo ka yone mo lelapeng. Mme fa motho a dira maiteko tota, a ka kgona go fetoga a dumalane le seemo se sesha seno. Fa re dira jalo, go botlhokwa gore re se ka ra bapisa seemo sa rona le sa ba bangwe ba go senang yo o lwalang mo malapeng a bone, re akanya gore bone ba tshela botoka le gore ‘ga re a tshwanela go bo re diragalelwa ke seno!’ Totatota, ga go na ope wa rona yo o itseng mekgweleo e ba bangwe ba e rweleng. Bakeresete botlhe ba ikgomotsa ka mafoko ano a ga Jesu: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa.”—Mathaio 11:28.
GO BAYA DILO KA BOTLHOKWA JWA TSONE
14. O ka kgona go baya dilo tsa botlhokwa jang mo maemong a tsone?
14 Fa go na le yo o lwalang thata, lelapa le tla solegelwa molemo fa le ka gakologelwa mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Mo bontsing jwa bagakolodi [maikaelelo] a tle a tlhomame.” (Diane 15:22) A maloko a lelapa a ka kopana mme a tlotla ka boemo jo bo bakilweng ke bolwetse? Go tla nna molemo fa ba ka dira jalo ka thapelo e bile ba batla kaelo mo Lefokong la Modimo. (Pesalema 25:4) Go tshwanetse ga buiwa ka eng mo puisanong e e ntseng jalo? Gone mme, go na le ditshwetso tse di tshwanetseng go dirwa mabapi le kalafi, madi le lelapa. Ke mang yo a tlileng go mo tlhokomela thata? Lelapa le ka dirisana mmogo jang go ema yo o mo tlhokomelang thata nokeng? Dithulaganyo tse di dirilweng di tlile go ama mongwe le mongwe mo lelapeng jang? Yo o mo tlhokomelang thata o tlile go tlamelwa jang semoyeng le ka dilo tse dingwe tse a di tlhokang?
15. Jehofa o ema nokeng malapa a a nang le yo o lwalang thata jang?
15 Go rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a re kaele, go tlhatlhanya ka Lefoko la gagwe le ka go latela tsela ya gagwe e e supilweng mo Baebeleng go ka felela ka masego a a fetang a re neng re a lebeletse. Ga se ka metlha bolwetse jwa yo o lwalang mo lelapeng bo ka okobalang. Mme lefa go ntse jalo, go ikaega ka Jehofa go dira gore matswela e nne a a molemo thata mo boemong bope fela. (Pesalema 55:22) Mopesalema o ne a kwala jaana: “Boutlwelobotlhoko jwa gago Jehofa, jwa ntshegetsa. Mo bontsing jwa megopolo ya me e e mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di tle di jese mowa wa me monate.”—Pesalema 94:18, 19; bona gape Pesalema 63:6-8.
GO THUSA BANA
16, 17. Ke dintlha dife tse di tshwanetseng go umakiwa fa bana ba bolelelwa ka bolwetse jwa ngwana yo mongwe?
16 Bolwetse jo bo masisi bo ka bakela bana ba ba mo lelapeng mathata. Go botlhokwa gore batsadi ba thuse bana go tlhaloganya dilo tse disha tse di tshwanetseng go dirwa le gore ba ka thusa ka tsela efe. Fa e le gore motho yo o lwalang yono ke ngwana, bana ba bangwe ba tshwanetse go thusiwa go tlhaloganya gore fa a tlhokomelwa thata jaana le go tlamelwa thata ga se gore o ratiwa go feta bana ba bangwe. Go na le gore batsadi ba letle bana ba bangwe ba utlwe botlhoko, ba ka ba thusa gore ba atamalane thata le gore ba ratane thata go tswa mo pelong fa ba ntse ba mekamekana le boemo jono jo bo bakilweng ke bolwetse.
17 Bana ba bannye gantsi ba tla utlwa ka bonako fa batsadi ba ba kopa go utlwela yo mongwe botlhoko go na le fa ba ba tlhalosetsa ka boleele kana ba bua dilo tse di raraaneng tsa kalafi. Ka jalo o ka ba bolelela ka bokhutshwane fela gore yo o lwalang mo lelapeng o ikutlwa jang. Fa bana ba ba sa lwaleng ba bona kafa bolwetse bo thibelang yo o lwalang ka teng go dira dilo tse bone ba sa di tseeleng kwa godimo, ba tla ‘mo rata’ e bile ba tla nna “pelonamagadi” mo go ene.—1 Petere 3:8.
18. Bana ba bagolwane ba ka thusiwa go tlhaloganya bothata jo bo bakiwang ke bolwetse jang, mme seno se ka ba thusa jang?
18 Bana ba bagolwane ba tshwanetse go thusiwa go lemoga gore go na le boemo jo bo bokete le gore bo batla gore mongwe le mongwe mo lelapeng a intshe setlhabelo. E re ka jaanong go duelwa dingaka le kalafi, batsadi ba ka nna ba se ka ba kgona go tlamela bana ba bangwe ka tsela e ba neng ba eletsa ka yone. A bana ba tla galefisiwa ke seno ba bo ba ikutlwa gore ba tingwa dilo dingwe? Kana a ba tla tlhaloganya seemo sa bone mme ba iketleetse go intsha setlhabelo kafa go tlhokegang ka teng? Dilo tse dintsi di ikaegile ka tsela e dilo tseno di tlhalosiwang ka yone le maikutlo a ba ba mo lelapeng. Eleruri, mo malapeng a mantsi, bolwetse jwa mongwe mo lelapeng bo ne jwa thusa go thapisa bana go latela kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaye yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo. A mongwe le mongwe a se tlhokomele dilo tse e leng tsa gagwe fela, fa e se go re, mongwe le mongwe o tlhokomela le tse e leng tsa bangwe.”—Bafilipi 2:3, 4.
KAFA O KA LEBANG KALAFI KA TENG
19, 20. (a) Ditlhogo tsa malapa di na le boikarabelo bofe fa leloko lengwe la lelapa le lwala? (b) Le mororo Baebele e se buka ya kalafi, e re naya dikaelo dife fa re na le molwetse?
19 Bakeresete ba ba lebang dilo ka tekatekano ga ba gane kalafi epe, fela fa e sa thulane le molao wa Modimo. Fa mongwe a lwala mo lelapeng, ba senka thuso gore yo o lwalang a fole. Lefa go ntse jalo, go ka tswa go na le dikgopolo tse ba sa dumalaneng le tsone tsa kalafi tse di tshwanetseng go sekasekiwa. Mo godimo ga moo, mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga tlhaga malwetse le makoa a mantsi a masha, mme e bile bontsi jwa one ga a na mokgwa o a alafiwang ka one. Ga go kgonege gore a bolelwe sentle gore ke eng. Mokeresete o tshwanetse go dira eng?
20 Le mororo mokwadi mongwe wa Baebele e ne e le ngaka e bile moaposetoloi Paulo le ene a kile a naya Timotheo, tsala ya gagwe kgakololo nngwe e e mosola, Dikwalo di kaela fela ka boitsholo le ka dilo tsa semoya e seng ka kalafi. (Bakolosa 4:14; 1 Timotheo 5:23) Ka gone, fa go tla mo dikgannyeng tsa kalafi, ditlhogo tsa malapa a Bokeresete di tshwanetse go itirela ditshwetso ka botsone. Gongwe ba ka nna ba batla go utlwa kgopolo ya dingaka tse di fetang e le nngwe. (Bapisa Diane 18:17.) Eleruri ba tla batlela yo o lwalang yono thuso e e gaisang e ba ka e bonang mme e bile ba bantsi ba e senka mo dingakeng tse di tlwaelegileng. Ba bangwe ba rata kalafi e nngwe kwa ntle ga e e tlwaelegileng. Seno le sone ke tshwetso ya motho ka boene. Lefa go ntse jalo, le fa ba rarabolola mathata a botsogo, Bakeresete ga ba tlogele go dira ‘lefoko la Modimo lobone lwa dinao tsa bone, le lesedi la tsela ya bone.’ (Pesalema 119:105) Ba tswelela ba latela dikaelo tse di kwadilweng mo Baebeleng. (Isaia 55:8, 9) Ka jalo, ba tila mekgwa ya go batlisisa bolwetse ka tsela ya tirisabadimo e bile ba tila kalafi e e tlolang melaometheo ya Baebele.—Pesalema 36:9; Ditiro 15:28, 29; Tshenolo 21:8.
21, 22. Mosadi mongwe wa kwa Asia o ne a akanyetsa molaomotheo mongwe wa Baebele jang mme tshwetso e a neng a e dira e ne ya itshupa e le e e tshwanelang boemo jwa gagwe jang?
21 Akanya ka kgang ya mosadi mongwe wa kwa Asia. Fela fa a sena go simolola go ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tshola ngwana wa mosetsanyana yo a neng a le bokete jwa dikerama di le 1 470 pele ga nako. Mosadi yono o ne a utlwa botlhoko thata fa ngaka e ne e mmolelela gore lesea leno le tlile go golafala thata le gore ga le kitla le kgona go tsamaya. O ne a mo gakolola gore a neele lesea leno setheo sengwe. Monna wa gagwe o ne a sa tlhomamise sentle ka kgang eno. O ne a tla thusiwa ke mang?
22 A re: “Ke gakologelwa ke bala mo Baebeleng gore ‘bana ke boswa jwa Jehofa; le loungo lwa sebopelo ke tuelo ya gagwe.’” (Pesalema 127:3) O ne a swetsa gore a tseele “boswa” jono kwa gae mme a bo tlhokomele. Go ne go se motlhofo kwa tshimologong, lefa go ntse jalo mosadi yono o ne a kgona go fenya a bo a tlhokomela ngwana yono ka ditsela tse di kgethegileng kafa a neng a tlhoka ka teng a thusiwa ke ditsala tsa Bakeresete tsa phuthego ya lefelo la gaabo ya Basupi ba ga Jehofa. Dingwaga di le 12 moragonyana, ngwana yono o ne a ya kwa Holong ya Bogosi e bile a itumelela go kopana le bana ba bangwe koo. Mmaagwe o akgela jaana: “Ke leboga go bo melaometheo ya Baebele e ne ya ntlhotlheletsa go dira se se siameng. Baebele e ne ya nthusa gore ke nne le segakolodi se se seng molato fa pele ga Jehofa Modimo le gore ke se ka ka dira selo se ke neng ke tla se ikwatlhaela botshelo jwa me jotlhe.”
23. Baebele e gomotsa ba ba lwalang le bao ba ba tlhokomelang jang?
23 Ga re kitla re nnela go lwala ka bosakhutleng. Moporofeti Isaia o ne a umaka nako e e kwa pele a re “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Tsholofetso eno e tlile go diragala mo lefatsheng le lesha le le ntseng le atamela ka bonako. Lefa go ntse jalo, go fitlha nako eo e tla, re tla nna re lwala re bo re swa. Se se itumedisang ke gore Lefoko la Modimo le a re kaela e bile le a re thusa. Melao ya motheo ya boitsholo e Baebele e e nayang e mosola ka dinako tsotlhe, e bile e gaisa dikgopolo tse di tlholang di nnetse go fetofetoga tsa batho ba ba sa itekanelang. Ka gone, motho yo o botlhale o dumelana le mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa mowa; tshupo ya ga Jehofa e tlhomamo, e tlhalefisa ba ba sa tlhalefang. . . . dikatlholo tsa ga Jehofa di boammaaruri, di siame fela gotlhe. . . . mo go di tshegetseng go tuelo e kgolo.”—Pesalema 19:7, 9, 11.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . MALAPA JANG GO LEBANA LE BOLWETSE JO BO MASISI LE DIKGORELETSI TSE DI BO BAKANG?
Lorato lo pelotelele e bile lo itshokela dilo tsotlhe.—1 Bakorinthe 13:4-7.
Go botlhokwa gore lo leke go nna le maikutlo a a siameng.—Diane 18:14.
Go molemo go senka kgakololo e e siameng fa lo dira ditshwetso tse di botlhokwa.—Diane 15:22.
Jehofa o re ema nokeng fa botshelo bo le bokete.—Pesalema 55:22.
Lefoko la ga Jehofa le re kaela mo maemong otlhe.—Pesalema 119:105.
[Setshwantsho mo go tsebe 118]
Bakeresete ba supa boteng jwa lorato lwa bone fa ba ba nyalaneng nabo ba lwala
[Setshwantsho mo go tsebe 125]
Fa lelapa le dira mmogo, mathata a ka rarabololwa