A ke Diabolo Yo o Re Lwatsang?
BOLWETSE BO NE BO SA TSHWANELA GO NNA GONE. Modimo o re bopile gore re tshelele ruri re itekanetse. Ke sebopiwa sa moya e leng Satane, yo o neng a dira gore batho ba bogisiwe ke bolwetse, botlhoko, le loso fa a ne a dira gore batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa ba leofe.—GENESISE 3:1-5, 17-19; BAROMA 5:12.
A SENO se raya gore bolwetse jotlhe bo nna gone ka ntlha ya meya? Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, batho ba le bantsi gompieno ba akanya jalo. Nkokoagwe Owmadji yo mmotlana o ne a akanya jalo. A mme gone letshololo la ga Owmadji—le ka dinako tse dingwe e nnang bolwetse jo bo kotsi mo baneng ba bannye kwa dinageng tsa boboatsatsi—tota le bakilwe ke meya e e sa bonaleng?
Seabe sa ga Satane
Baebele e arabela potso eno ka tsela e e utlwalang sentle. Sa ntlha, e bontsha gore meya ya bagologolwane ba rona e ka se ka ya ama batho ba ba tshelang. Fa batho ba swa, “ga ba itse sepe.” Ga ba na meya e e tswelelang e tshela fa ba swa. Ba robetse mo lebitleng, koo ‘go se nang tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale.’ (Moreri 9:5, 10) Ga go na ka tsela e baswi ba ka lwatsang batho ba ba tshelang ka gone!
Le fa go ntse jalo, Baebele e senola gore meya e e boikepo yone e teng. Motsuolodi wa ntlha mo lobopong lotlhe e ne e le sebopiwa sa moya se se bidiwang Satane. Ba bangwe ba ne ba mo latela mme ba nna badimona. A Satane le badimona ba ka lwatsa batho? Go ile ga diragala. Dingwe tsa dikgakgamatso tsa go fodisa tse Jesu a neng a di dira di ne di akaretsa go ntsha badimona. (Luke 9:37-43; 13:10-16) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa malwetse a Jesu a neng a a fodisa e ne e se malwetse a a bakilweng ke badimona ka tlhamalalo. (Mathaio 12:15; 14:14; 19:2) Ka mo go tshwanang le gompieno, ka kakaretso, bolwetse bo nna gone ka ntlha ya dilo dingwe tsa tlholego e seng ka ntlha ya maatla mangwe a a sa tlwaelegang.
Go tweng ka boloi? Diane 18:10 e re tlhomamisetsa jaana: “Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.” Jakobe 4:7 ya re: “Ganetsang Diabolo, mme o tla tshaba a tswa mo go lona.” Ee, Modimo o kgona go sireletsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang mo boloing le maatla ape a e seng a tlholego. Seo ke sengwe sa dilo tse mafoko ano a ga Jesu a se kayang: “Boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.
Bangwe ba ka nna ba botsa gore, ‘Go tweng ka Jobe? A e ne e se moya mongwe o o boikepo o o neng o mo lwatsa?’ Ee, Baebele e bolela gore bolwetse jwa ga Jobe bo ne bo bakilwe ke Satane. Mme kgang ya ga Jobe e ne e kgethegile. Modimo o ne o sa bolo go sireletsa Jobe gore a se ka a tlhaselwa ke badimona ka tlhamalalo. Mme ga diragala gore Satane a gwetlhe Jehofa gore a iteye Jobe, mme ka ntlha ya dikgang tsa moruthutha tse di neng di akarediwa moo, Jehofa o ne a tlosa tshireletso ya gagwe go sekae mo moobameding yono wa gagwe mo kgannyeng eno.
Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a baya melelwane. Fa a ne a letlelela Satane go utlwisa Jobe botlhoko, Satane o ne a ka lwatsa Jobe ka nakwana mme o ne a se kitla a mmolaya. (Jobe 2:5, 6) Kgabagare, go boga ga ga Jobe go ile ga fela mme Jehofa a mo segofatsa thata ka ntlha ya bothokgami jwa gagwe. (Jobe 42:10-17) Melaometheo e e neng ya bonala ka bothokgami jwa ga Jobe ga e bolo go kwalwa mo Baebeleng mme ke bosupi mo go botlhe. Ga go tlhokege gore go nne le teko e nngwe e e ntseng jalo.
Satane o Dira Jang?
Mo e ka nnang mo go sengwe le sengwe se se diregang, selo se le sosi se se kopanyang Satane le go lwala ga batho ke gore Satane o ile a raela banyalani ba ntlha mme ba wela mo boleong. Ene le badimona ba gagwe ga ba bake botlhoko bongwe le bongwe ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se ka thibelang Satane go leka go re tlhotlheletsa gore re dire ditshwetso tse di sa tshwanelang le go itatola tumelo ya rona, e leng selo se se ka gobatsang botsogo jwa rona. Ga a ka a loa, a bolaya kana go tlhasela Adame le Efa ka bolwetse. O ne a tlhotlheletsa Efa gore a se ka a utlwa Modimo mme Adame a latela sekao sa gagwe sa go tlhoka kutlo. Bolwetse le loso e nnile mangwe a matswela a gone.—Baroma 5:19.
Moporofeti mongwe yo o sa ikanyegeng yo o bidiwang Balaame o kile a thapiwa ke kgosi ya Moaba gore a hutse setšhaba sa Iseraele, se se neng se ba tsentse mo kotsing ka go bo se ne se thibeletse mo melelwaneng ya Moaba. Balaame o ne a leka go hutsa Iseraele, mme o ne a palelwa ka gonne Jehofa o ne a sireleditse setšhaba seno. Morago ga foo, Bamoaba ba ne ba rulaganya go ya go hepisa Baiseraele gore ba obamele medimo ya disetswa le go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Leano leno le ne la atlega mme Jehofa o ne a se ka a tlhola a sireletsa Baiseraele.—Dipalo 22:5, 6, 12, 35; 24:10; 25:1-9; Tshenolo 2:14.
Re ka ithuta thuto e e botlhokwa mo tiragalong eo ya bogologolo. Modimo o sireletsa baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba se ka ba tlhaselwa ke meya e e boikepo ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, Satane a ka nna a leka go dira gore batho ba itatole tumelo ya bone. A ka nna a leka go ba raela gore ba nne le boitsholo jo bo sa siamang. Kana, jaaka tau e e kurutlang, a ka nna a leka go ba tshosa gore ba dire dilo tse di tla dirang gore Modimo a se ka a tlhola a ba sireletsa. (1 Petere 5:8) Ke ka lebaka leo moaposetoloi Paulo a reng Satane ke “ene yo o nang le dithata tsa go baka loso.”—Bahebera 2:14.
Nkokoagwe Owmadji o ne a leka go tlhotlheletsa Hawa go dirisa dipheko le mereo gore di mo sireletse mo bolwetseng. Go ka bo go diragetseng fa Hawa a ka bo a ile a ineela? O ka bo a supile gore ga a ikanye Jehofa Modimo ka botlalo mme o ne a ka se tlhole a tshepa gore o tla mo sireletsa.—Ekesodo 20:5; Mathaio 4:10; 1 Bakorintha 10:21.
Satane o ne a leka go tlhotlheletsa le Jobe. Go mo tseela lelapa la gagwe, khumo ya gagwe le botsogo jwa gagwe go ne go sa lekana. Le mosadi wa ga Jobe o ne a mo naya kgakololo e e bosula fa a ne a re: “Itatole Modimo, mme o swe.” (Jobe 2:9) Morago ga foo o ne a etelwa ke “ditsala” tse tharo tse di neng tsa leka thata go dira gore a dumele gore ke molato wa gagwe go bo a lwala. (Jobe 19:1-3) Ka tsela eno Satane o ne a dirisa bokoa jo Jobe a neng a le mo go jone go leka go mo kgoba marapo le go reketlisa tumelo ya gagwe ya gore Jehofa o siame. Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a nna a ikaegile ka Jehofa jaaka tsholofelo e le yosi e a nang nayo.—Bapisa Pesalema 55:22.
Fa re lwala, le rona re ka nna ra tshwenyega mo maikutlong. Fa re le mo boemong jo bo ntseng jalo, Satane o itlhaganelela go leka go dira gore re dire sengwe se se tla dirang gore re itatole tumelo ya rona. Ka jalo, fa re lwala, go botlhokwa gore re nne re gakologetswe gore selo se totatota se dirang gore re boge go ka direga gore ke bosaitekanelang jo re bo ruileng, mme ga se tlhotlheletso nngwe e e seng ya tlholego. Gakologelwa, Isake yo o neng a ikanyega o ne a foufala dingwaga di le mmalwa pele ga a swa. (Genesise 27:1) Go ne go sa bakiwa ke meya e e boikepo mme e ne e le botsofe. Ragele o ne a swa fa a ne a sa ntse a belega, e seng ka ntlha ya ga Satane mme e le ka ntlha ya bokoa. (Genesise 35:17-19) Kgabagare, batho botlhe ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba swa—e seng ka ntlha ya go loiwa kana go hutsiwa mme e le ka ntlha ya bosaitekanelang jo ba bo ruileng.
Go akanya gore meya e e sa bonaleng e na le tlhotlheletso ka tlhamalalo mo bolwetseng bongwe le bongwe jo re nang najo go kotsi. Go ka dira gore re boife meya ka tsela e e sa tshwanelang. Ka gone, fa re lwala, re ka nna ra raelesega go batla go kokobatsa badimona go na le gore re nne kgakala le bone. Fa Satane a ka kgona go re tshosa gore re dirise mekgwa ya tirisabadimo, re tla bo re sa ikanyege mo Modimong wa boammaaruri e bong Jehofa. (2 Bakorintha 6:15) Re tshwanetse go kaelwa ke go boifa Modimo ka tsela e e tlotlegang, e seng ke go boifa botlhodi jwa Mmaba wa gagwe.—Tshenolo 14:7.
Owmadji yo mmotlana o setse a na le tshireletsego e e di gaisang tsotlhe kgatlhanong le meya e e boikepo. Go ya ka moaposetoloi Paulo, Modimo o mo leba a le “boitshepo” ka gonne o na le mmè yo o dumelang mme mmaagwe a ka rapela Modimo gore a sireletse morwadie ka moya o o boitshepo. (1 Bakorintha 7:14) E re ka Hawa a segofaditswe ka go nna le kitso e e ntseng jalo e e tlhomameng, o ne a kgona go batlela Owmadji kalafi e e thusang go na le gore a ikaege ka dipheko.
Dilo Tse di Farologaneng Tse di Bakang Bolwetse
Bontsi jwa batho ga ba dumele mo meyeng. Fa ba lwala, ba ya ngakeng—fa ba kgona go e duela. Gone mme, motho yo o lwalang a ka nna a ya kwa ngakeng mme a bo a sa fole. Dingaka ga di kgone go dira dikgakgamatso. Mme batho ba le bantsi ba ba dumelang mo tumelobotlhoding ba ba neng ba ka nna ba fodisiwa ba ya ngakeng fa go setse go le thari thata. Ba ka nna ba leka pele ditsela tsa go fodisiwa ka tirisabadimo, mme fa di palelwa ba bo ba ya kwa ngakeng e le tsholofelo ya bofelo. Batho ba le bantsi ba swa go sa tlhokege.
Batho ba bangwe ba swa go sa tshwanela ka ntlha ya botlhokakitso. Ga ba kgone go lemoga matshwao mme ga ba itse gore ba dire eng gore ba se ka ba lwala. Go nna le kitso go thibela gore motho a se ka a boga go sa tlhokege. Go tlhokometswe gore bommè ba ba rutegileng ga ba latlhegelwe ke bana thata ka ntlha ya bolwetse jaaka ba ba sa rutegang. Ee, botlhokakitso bo ka nna kotsi.
Go itlhokomolosa dilo ke lebaka le lengwe le le bakang bolwetse. Ka sekai, batho ba le bantsi ba lwala ka gonne ba letla ditshenekegi go tsamayatsamaya mo godimo ga dijo tsa bone pele ga ba di ja kana ka go bo ba ba apayang dijo ba sa tlhape diatla tsa bone pele ga ba dira jalo. Go robala kwantle ga nnete ya menang mo lefelong le le tlhasetsweng ke malaria le gone go kotsi.a Fa go tla mo dikgannyeng tsa boitekanelo, gantsi go boammaaruri gore “thibelo e gaisa kalafi.”
Mokgwa o o sa siamang wa botshelo o ile wa dira gore dimilione di lwale le go swa go sa tshwanela. Botagwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go sa dirise diokobatsi sentle le go dirisa motsoko go ile ga senya botsogo jwa batho ba le bantsi. Fa motho a dira dilo tseno tse di sa siamang mme a bo a lwala, a ke ka go bo motho yoo o loilwe kana a tlhasetswe ke moya mongwe? Nnyaa. Ke molato wa gagwe go bo a lwala. Go pega meya eno molato e tla bo e le go gana go sikara boikarabelo jwa mokgwa wa gago wa botshelo o o sa tshwanelang.
Gone mme, go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di laola. Ka sekai, re ka nna ra tsenwa ke megare mengwe e e bakang bolwetse kana ra nna le bothata jwa kgotlelo. Ke se se diragetseng ka Owmadji. Mmaagwe o ne a sa itse gore letshololo le ne le bakilwe ke eng. Bana ba gagwe ga ba lwale thata jaaka bana ba bangwe ka gonne o boloka ntlo le jarata ya gagwe di le phepa e bile o tlhapa diatla ka metlha pele a apaya dijo. Mme le fa go ntse jalo bana botlhe ba a lwala ka nako nngwe. Go na le ditwatsi tse 25 tse di farologaneng tse di ka bakang letshololo. Go ka direga gore go bo go se na ope yo o itseng gore ke efe e e bakileng bothata jwa ga Owmadji.
Tharabololo e e Tla Nnelang Ruri
Bolwetse ga se molato wa Modimo. “Modimo ga o ka ke wa lekwa ka dilo tse di bosula le gone one ka boone ga o leke ope.” (Jakobe 1:13) Fa mongwe wa baobamedi ba ga Jehofa a lwala, o mo tshegetsa ka tsela ya semoya. “Jehofa o tlaa mo oka a le mo bolaong jwa topetego; o a tle o mo alele bolao jwa gagwe gotlhe fela mo bolwetseng jwa gagwe.” (Pesalema 41:3) Ee, Modimo o kutlwelobotlhoko. O batla go re thusa, e seng go re utlwisa botlhoko.
Ee, Jehofa o na le tharabololo e e tla nnelang ruri ya bolwetse—loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe. Ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, batho ba ba nang le dipelo tse di siameng ba tla gololwa mo boemong jwa bone jwa boleo, mme kgabagare ba bo ba kgona go nna le botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jo bo nnetseng ruri mo lefatsheng la paradaise. (Mathaio 5:5; Johane 3:16) Dikgakgamatso tsa ga Jesu e ne e le sesupo sa phodiso ya mmatota e Bogosi jwa Modimo bo tla e tlisang. Gape Modimo o tla bo a fedisa Satane le badimona ba gagwe. (Baroma 16:20) Ebu, go na le dilo tse dintle tse Jehofa a di beetseng batho ba ba dumelang mo go ene. Re tlhoka fela go nna pelotelele le go itshoka.
Fa re sa ntse re letetse nako eo, Modimo o re neela botlhale jo bo thusang le kaelo ya semoya ka Baebele le ka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa baobamedi ba ba ikanyegang. O re bontsha ka fa re tshwanetseng go tila dilo tse di bakang mathata a botsogo ka teng. Mme o re neela ditsala tsa mmatota tse di ka re thusang fa re nna le mathata.
Akanya gape ka Jobe. Fa Jobe a ka bo a ile kwa ngakeng e e loang o ka bo a dirile selo se se bosula le go feta! Go ne go ka bo go dirile gore a se tlhole a sirelediwa ke Modimo mme o ka bo a se ka a bona masego otlhe a a neng a mo letetse morago ga teko ya gagwe. Modimo ga a ka a lebala Jobe mme ga a kitla a re lebala le rona. Morutwa Jakobe a re: “Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya.” (Jakobe 5:11) Fa re sa itlhoboge, le rona re tla bona masego a a itumedisang ka nako e Modimo a e beileng.
Go ne ga direga eng ka Owmadji yo mmotlana? Mmaagwe o ne a gakologelwa setlhogo sengwe mo makasineng o o tsamaisanang le wa Tora ya Tebelo e leng Tsogang! o o buang ka kalafi ya go busetsa metsi mo mmeleng ka go nwa metsi.b O ne a latela dikaelo tsa yone mme a direla Owmadji motswako wa teng gore a o nwe. Gone jaanong mosetsanyana yono o fodile e bile o itekanetse.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 500 ba tshwaeditswe ke malaria. Mo e ka nnang dimilione di le pedi di swa ngwaga mongwe le mongwe ka ntlha ya bolwetse jono, bontsi mo Afrika.
b Bona Tsogang! ya September 22, 1985 (ka Seesemane), ditsebe 24-5, “Metsi a a Letswai a a Bolokang Matshelo!”
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Jehofa o rulagantse gore go nne le tharabololo e e tla nnelang ruri ya bothata jwa bolwetse