Masaitseweng a Bolwetse
OWMADJI YO MONNYE O TSHWERWE KE LETSHOLOLO. Hawa, mmagwe, o tshwenyegile ka gore o tla tloga a felelwa ke metsi mo mmeleng; o ne a utlwile gore ntsalaagwe kwa magaeng o ne a sa tswa go latlhegelwa ke lesea la gagwe ka tsela eo. Nkokoagwe Owmadji, matsalaagwe Hawa, o batla go isa Owmadji kwa ngakeng ya setso. O bolela jaana: “Moya o o bosula o dira gore ngwana yono a lwale. O ganne go mo rwesa pheko e e tla mo sireletsang, mme jaanong mathata a a simologa!”
BOEMO jono bo tlwaelegile mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Dimilione tse di makgolokgolo di dumela gore meya e e bosula ke yone e e bakang bolwetse. A go ntse jalo?
Go Baka Masaitseweng
Wena ka bowena o ka tswa o sa dumele gore meya e e sa bonaleng e a lwatsa. Tota e bile, o ka nna wa ipotsa gore ke eng fa mongwe a ka akanya jalo, ka gonne baitsesaense ba ile ba bontsha gore bontsi jwa malwetse a bakiwa ke dibaerase le dibakateria. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore ga se kgale batho ba itse ka ditwatsi tse dinnye tseno. Dilo tse di bonwang fela ka maekorosekopo di ntse di sa bonwe go fitlha Antonie van Leeuwenhoek a simolola go dira maekorosekopo mo lekgolong la bo17 la dingwaga. Tota le e leng ka nako eo, e ne e le ka ntlha ya dipatlisiso tse di dirilweng ke Louis Pasteur mo lekgolong la bo19 la dingwaga go bo baitsesaense ba ile ba kgona go tlhaloganya kamano e e leng teng fa gare ga ditwatsi le bolwetse.
E re ka go ne go sa itsiwe gore ke eng se se bakang malwetse mo nakong e telele ya hisitori ya batho, go ile ga nna le megopolo e mentsi ya botlhodi, e e akaretsang kgopolo ya gore malwetse otlhe a bakiwa ke meya e e bosula. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa tsela e le nngwe e seno se ka tswang se simologile ka yone. E bolela gore baphekodi ba bogologolo ba ne ba leka go alafa balwetse ka mefuta e e farologaneng ya medi, matlhare le sengwe le sengwe fela se ba neng ba ka kgona go se bona. Ka dinako tse dingwe, sengwe sa dilo tseno se ne se bereka. Go tswa foo mophekodi o ne a tsenya meetlo e mentsi ya botlhodi mo kalafing, mme seno se ne se dira gore go se ka ga bonala gore tota ke eng se se alafileng. Ka go dira jalo mophekodi o ne a tlhomamisa gore batho ba tla nna ba kopa thuso ya gagwe. Ka tsela eno, kitso ya ditlhare e ne e fitlhiwa ka masaitseweng mme batho ba ne ba rotloediwa go batla thuso ya meya e e sa bonaleng.
Mekgwa eno ya go fodisa ya setso e sa ntse e dirisiwa mo dinageng di le dintsi. Batho ba le bantsi ba re bolwetse bo bakiwa ke meya ya bagologolwane ba ba suleng. Ba bangwe ba re Modimo ke ene a re lwatsang le gore bolwetse ke kotlhao e re e newang ka ntlha ya boleo jwa rona. Tota le fa batho ba ba rutegileng ba tlhaloganya se se bakang bolwetse mo mmeleng, ba sa ntse ba boifa tlhotlheletso ya meya e e sa bonaleng.
Baloi le baphekodi ba setso ba dirisa poifo eno go ja batho ntsoma. Ka jalo he, re tshwanetse go dumela eng? A go a thusa go batla thuso ya meya gore re fodisiwe? Baebele ya reng?