LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 4/15 ts. 26-29
  • Bongaka jwa Setswana mo Afrika–A bo Tsamaelana le Bokeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bongaka jwa Setswana mo Afrika–A bo Tsamaelana le Bokeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Melemo ya Ditlhare
  • Tlhotlheletso e Kgolo ya Tirisa-badimo
  • Go Fetogela Bokereseteng
  • Kalafi ya Boammaaruri go Tswa Modimong
  • Meya e e sa Bonaleng—A ea re Thusa? Kana ea Re Gobatsa?
    Meya e e sa Bonaleng—A ea re Thusa? Kana ea Re Gobatsa?
  • Go Fodisa ka go Rapelela—Go Gogela ka Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A Mokeresete a ka Amogela Kalafi ya Bongaka?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Fodisa ka go Rapelela A Go Tswa kwa Modimong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 4/15 ts. 26-29

Bongaka jwa Setswana mo Afrika​—A bo Tsamaelana le Bokeresete?

Go didikadike tsa Ma-Afrika, dingaka tsa setswana ko tsone fela tse ba kopanang le bongaka jwa mofuta mongwe le mongwe ka tsone. Seno se boammaaruri bogolo jang mo mafelong a selegae koo dikokelo di seng kae ie dingaka tsa sekgoa di sa bonaleng motlhofo teng. Lefa go ntse jalo, bongaka jwa setswana gantsi bo simologa mo tumela-botlhoding le mo tirisa­badimong. Mokeresete o tswanetse go dirang tlaseng ga maemo ano?

“BOLWETSE jo” ruri bo ka nna jwa mmolaya mme jwa fedisa bohutsana jo bogolo jwa gagwe le jwa rona.’ Ka jalo he, go dumelwa gore kalafi e ntšha e ne e tla felela ka gore ke gologe, molemo o o apeilweng oo o ne wa thelwa mo ganong la me.”

Seno se ne sa kwalwa ke ngaka nngwe ya sekgoa mo koranteng ya Sunday Times ya Lagos, kwa Nigeria, ya setlhogo se se reng “O Seka wa Nyatsa Ngaka ya Setswana.” O ne a tlhalosa kafa batsadi ba gagwe ba neng ba tlhobogile go fola ga gagwe mo bolwetseng jo bo maswe fa a ne a le ngwaga o le mongwefela. Molemo oo, o ba neng ba o romeletswe ke ngaka ya setswana, o ne wa itsege ka go boloka botshelo jwa gagwe.

Ma-Afrika a mantsi ba ba ratang bongaka jwa setswana ba bolela kafa ba ileng ba alafesega ka mo go gakgamatsang ka teng mo mabakeng a kalafi ya kwa kokelong e neng e reteletswe. Ba bangwe ba bo kgala ka gore ga bo phepa, le gore ke maaka a tumela-botlhodi. Go na le ba ba fa gare ba ba batlang patlisiso ya boitseanape ya melemo ya setswana ya lefelo la bone ba bile ba batla gore dingaka tsa setswana di tlotliwe thata le go amogelwa. Bontsi bo eletsa go bona go kopana ga bongaka jwa setswana le jwa segompieno, ba tsopola tirisano-mmogo gareng ga ditlhopha tse pedi tseo mo China le India.

Lemororo o sa nne mo Afrika, o ka nna wa kgatlhegela go itse gore a bongaka jwa batho ba bogologolo ba Afrika bo alafa tota le go nna le mosola. Go tweng ka mofuta wa kobamelo o o tlwaelegileng thata gareng ga Ma-Afrika? A maatla a semoya ke sone selo sa botlhokwa kana ke selo se se gobatsang seo se tshwanetseng go ganwa? Boemo jwa Mokeresete bo tshwanetse go nna bofe tebang le bongaka joo jwa setswana jwa Afrika?

Melemo ya Ditlhare

Legale, dijalo ke motswedi o mogolo wa dijo tsa rona, di bile di botlhokwa mo botshelong jwa rona. Gape go na le ditlhare tse di ntshang diokobatsi kana botlhole tseo di bolaileng batho ba se kana ka sepe bao ba sa di dirisang sentle. Mme a o ne o itse gore dingwe tsa tsone diokobatsi tseno di dirisiwa mo bongakeng jwa segompieno? Baitseanape ba ne ba lemoga diokobatsi tseno ka go tlhatlhobisa ditlhare tseo di neng di dirisiwa mo bongakeng jwa bagolwagolwane kana mo melemong e e apeilweng ya bo-ramelemo. Ba ne ba kgobokanya dikarolonyana tsa tsone, ba di tlhatlhobisa ka boranyane, mme ba lekeletsa go dira ga tsone mo mmeleng le mo ditsheding tse dinnye tse di bakang bolwetse. Phelelo e ne ya nna gore ba ne ba kgona go dira diokobatsi dingwe tse di botlhokwa tsa kalaii, tse di tshwanang le quinine, reserpine, digitalis, le codeine.

Batho ba bogologolo ba ne ba lemoga bontsi jwa kalafi ya ditlhare ka go e wela fela, ka go lekeletsa, kana ka go elatlhoko se se diragalelang diphologolo fa di ja ditlhare dingwe. Gantsi bao ba neng ba lemoga kalafi eo le bao ba nnang dingaka ba ne ba boloka kgono eo mo malapeng a bone. Ka gone kitso ya ditlhare e ne ya iitisediwa go tswa go rre go ya go morwa kana go ya bathong ba bangwe bao ba neng ba tlhophilwe jaaka barutwana. Bontsi jwa dingaka tsa setswana ba santse ba le bofitlha thata, gantsi go sa nne motlhofo gore ba bolele ditlhare tseo ba dirileng melemo ya bone ka tsone. Mme go kopanyelediwa mo gontsi mo bongakeng jwa setswana jwa Afrika go na le kalafi ya ditlhare fela.

Tlhotlheletso e Kgolo ya Tirisa-badimo

Bontsi jwa kalafi ya setswana ya Afrika bo golagane thata le maatla a semoya. Bontsi bo dumela gore ditlhare di na le maikutlo, di kgona go buisana, di bile di na le tlhaloganyo e kgolo ya temogo. Dingaka dingwe di iphaka fa di kgona go tlhaloganya puo ya ditlhare ba bile ba kgona go buisana le tsone. Ba bangwe ga ba bone fa puisano e tswa mo ditlhareng, ka gonne ba bolela gore meya e e sa bonaleng e ba kaeditse ditlhare tseo di kgonang go fodisa.

Ka gone tirisa-badimo e nnile le karolo e kgolo thata mo bongakeng jwa setswana mo Afrika. Ka motlhala, bontsi jwa Ma-Nigeria ba dumela gore malwetse le dintsho di bakwa ke e ka ne e le medimo e e kgopisegileng (kana meya ya bagologolwane) kana baba bao ba dirisang boloi. Jalo go dirwe ditlhabelo tsa kagisano, mme go kopanyelediwe le meletlo ya tirisa-badimo le mekgwa ya yone.

Ngaka ya Mo-Nigeria, Asuquo, ke mongwe yo o neng a dumela seno thata. O bolela jaana: “Ke ithutile bongaka jwa ditlhare mo go rre mme ke ne ke tle ke isetse medimo le meya ya boraetsho-mogolo ditlhabelo fa ke tlhakanya melemo ya me. Ke ne ke dumela gore ke bone ba ba alafang le gore go tlhaela go ba isetsa ditlhabelo go ne go tla lere bolwetse le loso.”

Tota-tota, gantsi go ne go diragala ka tsela e e fapaaneng. Ditumelo tse di ntseng jalo di dirile gore dimilione tsa batho ba nne le dipoifo tsa tumela-botlhodi ba be ba nne makgoba a maatla a meya e e sa bonaleng. Bontsi bo bile bo bogisitswe ke go tshwenngwa mo megopolong ke meya e e sa bonaleng le go tlaba-tlabisiwa ke yone. Se ka bosone ke lebaka le legolo la go gana kalafi nngwe fela e e akareletsang ditlhabelo kana meletlo mengwe ya tirisa-badimo. Gape meya epe fela e e ka tshwenyang batho mo megopolong le go ba tlaba-tlabisa kana ya ba tsietsa ka go ba akantsha gore bagologolwane ba bone ba santse ba tshela kana gore dimela di ka kgona go buisana, ka mo go phepafetseng e a tsietsa ebile e bosula. Bibela e tlhagisa jaana: “Dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, eseñ Modimo: me ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo.”​—1 Bakorintha 10:20.

Badimona, baengele ba ba senang kutlo ba ba atlholetsweng go senngwa mo nakong e e tlang ke Modimo, ba ikaeletse go faposa batho mo go obameleng Modimo wa boammaaruri, Jehofa. (2 Petere 2:4; Yude 6) Mo mabakeng a mangwe ba itira jaaka ekete ke bone medimo e e molemo. (2 Bakorintha 11:14) Fa ba tsweledisa go tsietsa ga bone, ba itira jaaka baswi mme ba gogela batho mo go akanyeng gore borraabone-mogologolwane ba santse ba tshela mo lefatsheng la semoya. Lefa go ntse jalo, Bibela e bua jaana ka phepafalo: “Bashwi ga ba itse sepè, . . . gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.”​—Moreri 9:5, 10.

Jalo go tla bo go le phoso gore baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba amogele dikalañ dipe tsa bora-ditlhare tseo di kopanyeletsang ditlwaelo tsa tirisa-badimo. Ka mo go tshwanang, bora-ditlhare ba ba eletsang go neela Modimo kobamelo e e amogelesegang ba tshwanetse go emisa tlwaelo ya mofuta mongwe le mongwe ya tirisa-badimo. Ka boammaaruri, bao ba retologelang kwa tirasa-badimong ba latlhegelwa ke kamogelo ya ga Jehofa le pabalelo ba bile ga ba na sebaka mo phuthegong ya Bokeresete. (Bagalatia 5:19-21; Tshenolō 21:8) Go na le ba bantsi bao ba ganneng tirisa-badimo, gape ba fitlhetse gore dikalafi dingwe tsa ditlhare di ka nna le mosola tota kwantle ga ditlwaelo tsa tirisa-badimo.

Go Fetogela Bokereseteng

Fa Erhabor, ngaka e e amogelwang kafa molaong eo e nang le kokelo ya ditlhare, a bua ka maitemogelo a gagwe ka namana, o bolela jaana: “Pele ke ne ke dumela gore ditlhabelo di tshwanetse go akarelediwa mo bongakeng e le gore go tle go lwantshiwe moya o o bakileng bolwetsi. Mme morago ga ke sena go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa le ke sena go nna Mokeresete, ke ne ka kgaogana le ditlwaelo tseno mme jaanong ke dirisa melao-metheo ya Bibela. Ke lemogile gore dilo tse di alafang di mo ditlhareng ka botsone.”

Ka go tshwana, Asuquo o bolela jaana: “Dilo tse ke di ithutileng ka ga Jehofa di dirile gore botshelo jwa me bo nne le bokao jo bosha. Go tshaba ga me borre-mogologolwane go ne ga fela, mme ke ne ka simolola go itse Modimo wa boammaaruri Gape ke ne ka simolola go itse gore ditlhabelo di ne di se botlhokwa le gore ke matute a makwati le matlhare a ditlhare ao a fodisang batho. Batho ba le bantsi jaanong ba tla kwa go nna go alafiwa ka go bo ke sa dirise ka boferefere go dumela botlhodi ga bone ka go batla ditlhabelo. Kalaii ya me ga e ba lope madi a a lekanang le a fa ba ya go bona bo-reaitse.”

Ka ntlha ya go bo Okon, yo le ene a dirisang bongaka jwa ditlhare, a sa buisane le badimo kana a dirisa ditlhabelo mo kalafing ya gagwe, o bewa molato ke bora-ditlhare ba bangwe gore o “senya kalafi ya bone.” A re, “bangwe ba balwetse ba me, ba ne ba tla jaaka ditlhola go supa gore ke santse ke dirisa ditlhabelo mo sephiring Morago ga ba sena go alafiwa sentle mo dibekeng tse pedi, ba ne ba dumela gore ga ke dirise mofuta ope wa bongaka jwa bo-reaitse. Gape ba solegelwa molemo ke dipuisano tsa Dikwalo tse ke nnang le tsone le bone. Ke ne ka gakgamadiwa ke go bona batho ba bane bao e neng e le balwetse ba me kwa Kopanong ya ‘Lorato lwa Bomodimo’ ya Basupi ba ga Jehofa ka December 1980. Ba ne ba ntlamparela mme ba re: ‘Re ne re tsile kwa go wena go alafiwa mmeleng Mme gape o ne wa re neela kalafi ya semoya.’”

Bakeresete ba ba tshwanang le bano ba ne ba tshwanelwa ke go ganana le bao ba eletsang gore ba boele mo ditlwaelong tsa tirisabadimo. Ba itse gore fa ba ka kopanya mefuta ya bone ya kalafi le mokgwa mongwe wa tirisa-badimo, ba tla bo ba sa tlhole ba tshwanelega go nna mo phuthegong ya Bokeresete. Ka jalo ga ba sa tlhole ba isa ditlhabelo kana ba buisana le badimo. Ga ba dire maiphako ao a seng a boammaaruri a gore ba ka kgona go alafa bolwetse bongwe le bongwe, lefa e le go leka go aketsa batho gore ba na le maatla mangwe a a kgethegileng Ba tila le eleng ponalo ya tirisa-badimo.

Kalafi ya Boammaaruri go Tswa Modimong

Mo merafeng e mentsi e e tlhabologang, bontsi jwa baagi ba ikaegile ka kalafi ya dingaka tsa setswana, tseo bontsi bo di tshepileng thata. Kwantle ga moo, dikokelo le dingaka tsa sekgoa le tsone di dipotlana thata go lepa-lepana le kalafi e e batliwang. Ka gone, bontsi jwa batho mo mafatsheng ano go bonala ba tla tswelela go etela dingaka, tseo bontsi jwa tsone bo dirisang mekgwa ya tirisa-badimo. Mme wena o tla dirang?

Jesu o ne a bolela gore “boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Go itse gore Bibela e kgala ditlwaelo tse di ntseng jaana, Mokeresete o tla a gana go nna yo o sa ikanyegeng go Modimo ka go etela bao ba buisanang le badimo kana ka go senka kalafi mo ngakeng ya ditlhare eo e kopanyeletsang bola. (Duteronome 18:10-13; bapisa Dipalō 23:21, 23.) Mme fa o lwala, le gone go tla bo go se botlhale gore Mokeresete a akanye gore mathata ao a tswa mo boloing jwa tirisa-badimo. Ga go tlhokafale gore motho a boife go lwadiwa ke boloi fa a nna a nitame kafa letlhakoreng la Modimo ka go ganana le sepe seo se amanang le tirisabadimo. Fa, ka ntlha ya bosaitekanelang joo rotlhe re nang le jone, motho a lwala, he o tshwanetse a itirela tshwetso ka namana malebana le mefuta ya kalafi.a

Setlhabelo sa thekololo seo se neetsweng ke Jesu ke sone fela se ka re gololang mo sebeng le mo bolwetseng le loso tseo di bakilweng ke sone. (Yohane 3:16; Ditihō 4:12) Ke sone ka bosone se bulelang batho ba ba ikanyegang tsela ya go bona botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise koo ‘monni wa gone a se kitlang a re ke a bobola.’​—Isaia 33:24.

Go fitlha mo letsatsing leo le le itumedisang, Modimo mothatayotlhe o re tlhomamisetsa gore o tla sireletsa botlhe bao ba mo ikanyang. Jalo Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ikaega ka Jehofa, ba mo atamela ka thapelo le mekokotlelo. Seno se tla felela ka botshelo jwa botsogo jo bontle jaanong, gape bo tla re tlhomamisetsa go amogela botshelo jo bo itekanetseng mo lefatsheng la Paradaise le le solofeditsweng.​—2 Petere 3:10-14; 1 Yohane 2:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona The Watchtower ya June 15, 1982, ditsebe 22-9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela