Go Fodisa ka go Rapelela A Go Tswa kwa Modimong?
MONNA mongwe o ne a na le dingwaga di le 38 a ntse a lwala. “A u rata go hōla?” Jesu o ne a botsa jalo. Fa o ne o le monna yono, a o ne o ka bo o sa arabela ka ee, ka tlhoafalo? Jesu o ne a mmolelela jaana ka tlhomamo: “Namologa, u tsèe bolaō yoa gago, u tsamaèe.” Mafoko ao a ne a nna le matswela afe? “Me monna eo a hōla hèla ka bonakō, a tsaea bolaō yoa gagwè, a tsamaea.”—Yohane 5:5-9.
Tiro eno ya go fodisiwa ya bomodimo e ne e le e nngwe fela ya tse dintsi tsa tseo Jesu a neng a di dira mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng. (Mathaio 11:4, 5) Gompieno batho ba ba fodisang ka go rapelela ba iphaka gore Modimo o santse a dira diphodiso tse di ntseng jalo, ebile ba engwa nokeng ke bosupi jwa dikete tsa bao ba iphakang gore ba ile ba fodisiwa ke bone.
Dipharologanyo tse di Masisi
Go ithuta Bibela go senola dipharologanyo di le mmalwa tse di masisi fa gare ga diphodiso tse di begwang mo Bibeleng le tse di begwang ke batho ba gompieno ba ba fodisang ka go rapelela. Ka sekai, Jesu le barutwa ba gagwe ga ba ise ba ke ba lefisetse diphodiso tsa bone le ka motlha ope. “Lo amogetse hela, naeañ hèla,” Jesu o ne a ruta jalo. (Mathaio 10:8) Ka gone ba ne ba latela sekao se se neng sa tlhomiwa ke Elisha, yo o neng a gana mpho ya monna yo o neng a bidiwa Naamane yo Elisha a neng a mo fodisa lepero. (2 Dikgosi 5:1, 14-16) Ka gone, fa batho ba ba fodisang ka go rapelela ba duedisetsa ditirelo tsa bone, ga ba latele sekao seno sa pele sa Dikwalo.
Gape go bonala gore diphodiso tse di neng di dirwa mo metlheng ya Bibela di ne di diragala ka ponyo ya leitlho kana di fitlhelelwa mo nakong e khutshwane. Fa moaposetoloi Petere a ne a bona monna mongwe “eo o saleñ a nnana a sa cwa mo sebopeloñ sa ga mmagwè,” o ne a raya monna yoo a re: “Mo ineñ ya ga Yesu Keresete oa Nasaretha, tsamaea ka dinaō.” Pego eo e senola gore: “Ka bonako dinaō tsa gagwè le magweyana a gagwè a thatahala.” (Ditihō 3:1-8) Ipalele dikao tse dingwe tse di mo go Ditihō 5:15, 16 le 14:8-10.
Lefa go ntse jalo, diphodiso tsa gompieno tsa go fodisa ka go rapelela, gantsi di tsaya malatsi, dibeke, kana le eleng dikgwedi gore di diragale! Se se lemogiwang, gape, ke lebaka la gore batho ba ba fodisang ka go rapelela ba na le mokgwa wa go tlhokomela malwetsi a a amang tsela eo dirwe tsa mmele di dirang ka yone, jaaka bofufo, go swa ditokololo, kana bosusu—eleng malwetsi ao ka nako tse dingwe a nnang ka ntlha ya mathata a tlhaloganyo. Paul Brand wa ngaka o ne a tlhalosa gore: “Fela fa go sena go bonwa lebaka la gore kwantle ga pelaelo bothata bo ama serwe sa mmele ka bosone—maoto a a kgaogileng, matlho kana kgetsana e moriri o tlhogang mo go yone—ga se gantsi dikgakgamatso di diragala.” Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a fodisa “dipobolō diñwe le diñwe cotlhe, le malwetsi mañwe le mañwe aotlhe hèla,” go akareletsa bogole joo ka phepafalo eleng jwa mofuta wa joo bo amang serwe sengwe sa mmele ka bosone, jaaka letsogo le le omeletseng.—Mathaio 9:35; Mareko 3:3-5.
‘Ga o Na Tumelo!’
Matlhotlhapelo ke gore, batho ba le bantsi ba ba lwalang thata ba nna gone mo ‘matsholong a a fodisang’ mme ba boele kwa magaeng ba lwala le eleng go feta. Batho ba ba fodisang ka go rapelela ba tlhalosa go palelwa moo ka go iphaka gore, ‘Ga ba na tumelo!’ Lefa go ntse jalo, seno ke kakantsho ya boferefere. Jaaka Dr. William Nolen a tlhalosa: “Mo go sa tshwaneng le ngaka e e tlwaelegileng, mofodisi wa semoya ga e ke e nna ene a ikarabelelang fa phodiso ya gagwe e sa atlege. Tota ke dumela gore ke ne ke ka kgetha go nna le maipato a go nna jalo fa ke rakana le molwetsi yo o sa kgoneng go fola.”
Baperofeti ba Modimo, Jesu, kana barutwa ba ga Jesu le ka motlha ga ba ise ba ke ba tshwanelwe ke go dira maipato a gore yo o bobolang ga a ka a fola ka ntlha ya gore o ne a sena tumelo. Ke boammaaruri go tlhoka tumelo go ka nna ga tswa go ile ga ngotla palo ya batho ba ba neng ba tla gore ba fodisiwe. Mme bao ba neng ba tla, ka metlha ba ne ba fodisiwa ka mo go feletseng!—Mareko 6:5, 6.
Tota ebile, mo mabakeng mangwe go ne go fodisiwa batho bao tota ba neng ba tlhaela tumelo. Ka sekai, Naamane yo o neng a le moeteledipele wa masole a Siria, o ne a sa dumele ka botlalo gore o ne a ka fodisiwa lepero la gagwe ka tsela e moperofeti Elisha a neng a e kaile. E ne ya nna fela morago ga a sena go fodisiwa a neng a dumela ka go re: “Bōna, yana kea itse ha go sena Modimo opè mo lehatshiñ yeotlhe, ha e se mo Iseraela.” (2 Dikgosi 5:11-13, 15) Ka gone maipatonyana a batho ba ba fodisang ka go rapelela a itaya se fololetse.
Go Fodisa—Mpho e e sa Tlholeng e le Gone
A mme ga go boammaaruri gore dimpho tsa dikgakgamatso tsa go fodisa di ne di tlwaelegile mo Bakereseteng ba pele? (1 Bakorintha 12:9) Ee, mme go ne go na le lebaka le le molemo la go bo dikgakgamatso di ne tsa diragala ka nako eo. Ka dingwaga di le sekete le sephatlo, morafe wa Iseraele wa senama e ne e le batho ba ba ikgethetsweng ba Modimo; mme mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o leaelegileng, Iseraele o ne a ganwa ka ntlha ya go tlhoka tumelo ga gagwe mme a emisediwa ke phuthego e ntšha ya Bokeresete. Bakeresete bao ba pele ba ne ba tlhoka thuso e e sa tlwaelegang gore go nonotshiwe tumelo ya bone le go supetsa ba ba ka kwantle gore ba ne ba engwa nokeng ke Jehofa Modimo.
Ka gone, dineo tsa dikgakgamatso, go akareletsa go fodisa, di ne di neetswe phuthego e e santseng e fatlhoga ya Bokeresete. Tseno di ne di dira jaaka “seshupō” go ba ba sa dumeleng le jaaka tsela ya go aga tumelo ya ba ba dumelang. (1 Bakorintha 14:22) Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi moragonyana ga moo, Bokeresete ga bo sa tlhole bo fatlhoga. (Bapisa 1 Bakorintha 13:9-13.) Bibela ga e bolo go konelwa bogologolo mme e abiwa ka dikaelo di le dimilione. Ka gone gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba ka kaela ba ba dumelang mo ditsebeng tsa yone go tshegetsa seo ba se rutang ga motlhofo fela. Ditshupo tsa dikgakgamatso ga di tlhole di tlhokega.
Gape Paulo o ne a bontsha gore dineo tse di nang le,maatla a a fetang a motho di ne di tla “khutlisiwa.” (1 Bakorintha 13:8) Dineo tsa go nna jalo di ne di fetisediwa mo go ba bangwe ka tlhamalalo fela ke baaposetoloi ba ga Jesu Keresete kana di fetisediwa mo go ba bangwe fa ba le teng. (Ditihō 8:18-20; 10:44-46; 19:6) Morago ga loso lwa baaposetoloi, dipontsho tseo tsa dikgakgamatso di ne tsa nyelela.
Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature e e kwadilweng ke McClintock le Strong (Volume VI, tsebe 320) e akgela gore ke “tlhaloso e e ka sekeng e ganediwe ya gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga la morago ga loso lwa baaposetoloi re utlwa go le gonnye kana eseng sepe gotlhelele ka go dirwa ga dikgakgamatso ke Bakeresete ba pele.”
Lebaka la go Itisa
Jesu Keresete o ne a tlhagisa gore go ne go tla nna le nako eo ba le bantsi ba neng ba tla mo raya ba re: “Morèna, Morèna, a ga rea ka ra [perofesa] mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago?” Mme lefa go le jalo desu o tla ba raya a re: “Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha go nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:22, 23) Ke eng he, se se dirang gore ba lebege ekete baa atlega mo go direng “ditihō di le dintsi tse di nonohileñ” fa e se moya wa Modimo?
Mo mabakeng a mangwe, go kopanyelediwa boferefere jo bo feletseng. Ka sekai, The Herald, eleng lekwalo-dikgang la Zimbabwe, le ne la bega ka batho bangwe ba le bararo bao motho mongwe yo o itsegeng yo o fodisang ka go rapelela a neng a itsise gore o ne a ba fodisitse. Pampiri eo e ne ya senola seno jaaka boferefere: “Ngwana yo mongwe o santse a sa kgone go utlwa le eleng go bua; ngwana yo mongwe ga a ise a ke a nne susu kana semumu; mme mosadi mongwe, yo e neng e le susu fela, le jaanong ga a utlwe.”
Ka dinako tse dingwe, go fodisa ka go rapelela go bonala ekete ke gone go tokafaditseng boemo jwa motho yo o bogisegang. Mo makgetlong a mangwe—segolo-bogolo ao go fetang nako e telele mo go one pele ga pholo e itshupa—go bonala gore go bakiwa ke mokgwa wa tlholego wa mmele wa go iphodisa ka boone fela. Mo bukeng e e bidiwang Science and the Paranormal, Dr. William Nolen o bolela gore “mo e ka nnang 80 lekgolong ya balwetsi ba ba tlang kwa [ngakeng e e tlwaelegileng] ba na le malwetsi a ba a iphokoleditseng ka bobone—ke gore, malwetsi a eleng gore a tla ipholela fela boone.” Ka gone, fa nako e ntse e ya motho yo o fodisang ka go rapelela a ka nna a itseela tlotla ya go fola goo.
Kwa bofelong, Bibela e tlhagisa ka gore, “Satane le enè o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi” ka maiteko a go tsietsa. (2 Bakorintha 11:14) Mo go 2 Bathesalonia 2:9, 10, gape Paulo o tlhalosa ka gore: “Eboñ èna eo go tla ga gagwè go leñ kaha go diheñ ga Satane ka thata eotlhe [‘mefuta yotlhe ya dikgakgamatso,’ The Jerusalem Bible] le ka dichupō, le ka dikgakgamaco tsa maaka, le ka tsieco eotlhe ea tshiamololō mo go bōnè ba ba nyèlelañ.” Ka gone itise! Gantsi go fodisa ka go rapelela go kopanyeletsa maatla a bodimona! “Ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo,” Paulo o ne a tlhagisa jalo. “Ga lo kake loa nwa senwèlō sa Morèna, le senwèlō sa badimo.”—1 Bakorintha 10:20, 21.
Fa Mokeresete a Lwala
Ke boammaaruri, fa motho a lwala, go fodisiwa ka dikgakgamatso go ka nna ga lebega e le selo se se ka kgonagalang se se gogelang. Lefa go le jalo, elatlhoko gore modiri-mmogo wa ga Paulo ebong Epaforodito o ne a lwala thata mo a neng a le gaufi le go swa. (Bafilipi 2:25-27) Modiri-mmogo le Paulo yo o neng a atamalane thata nae ebong Timotheo ka go tshwana o ne a bolawa ke “makōa . . . a mantsi.” (1 Timotheo 5:23) Lefa go le jalo, Paulo ga a ise a ke a alafe ope wa banna bano ka dikgakgamatso. Mme fa Paulo a ne a tlhoka kalafi ka boene, a ka tswa a bo a ile a alafiwa ke Luke, “ñaka e e ratègañ,” yo o neng a tsamaya le ene.—Bakolosa 4:14.
Gompieno ka mo go tshwanang, Mokeresete yo o lwalang a ka batla thuso ya ngaka e e rutetsweng bongaka kana e erntetsweng kala a tila go kopanela mo diphodisong dipe tse di thotlhelediwang ke badimona kana kalafi ya i maaka e e anameng thata mo mafatsheng a le mantsi gompieno. Gape a ka nna a rapela, a sa rapelele go fodisiwa ka dikgakgamatso, mme a rapelela botlhale jwa gore a berekane le bolwetsi. (Yakobe 1:5) Gape a ka nna a kokotlela Jehofa go mo “ōka a le mo bolaoñ yoa topetègō.”—Pesalema 41:3.
Ke boammaaruri, e ka nna ya nna selo se se nyemisang mooko thata fa kalafi ya boitseanape e sa kgone go fodisa bolwetsi jo bo rileng. Lefa go le jalo, le eleng fa Mokeresete a lwala o tshwanetse go lekela gore a “dumalanè le dilō tse di molemō,” a sa letlelele gore go amega ka botsogo gore go hupetse go amega ka dilo tsa semoya gotlhelele. (Bafilipi 1:10) O ka ipoloka ka tsholofelo ya go tshela kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo ka nako eo “monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Isaia 33:24; 65:17-19.
Ruri, tsholofelo eno ya tsamaiso ya lefatshe le lesha la tshiamo e na le mosola o mogolo go feta ditsholofetso tse di lolea tsa batho ba ba fodisang ka go rapelela. Akanya ka Peter, ebong monna mongwe wa sefofu yo o nnang kwa Akumadan, kwa Ghana. O ne a fetsa dingwaga dile 26 a tsena dikereke tse di farologaneng tse di fodisang ka go rapelela a na le ditsholofelo tsa gore bofofu jwa gagwe bo tla fodisiwa. Mme ga go na motho ope yo o fodisang ka go rapelela yo a neng a foufolola matlho a gagwe. Go tswa foo, fa a ne a santse a tsena kereke nngwe e e fodisang ka go rapelela, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa.
Basupi ba ne ba tlhalosa go tswa mo Bibeleng gore mo Bogosing jwa Modimo dipobolo tsotlhe di tla fodisiwa ka mo go feletseng. Seno se ne sa bula matlho a ga Peter a kutlwisiso. Ereka a ne a tletse ka kanaanelo ya boammaaruri jo bo gakgamatsang jono jwa Bibela, o ne a nna mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi jwa Modimo mme o na le dingwaga tse di fetang tse tharo a direla jalo! O lebeletse pele nakong eo fa, ka tsela ya sebele, “matlhō a dihohu a tla houhololwañ, le ditsèbè tsa boshusho di tla thibololwañ” ka yone.—Isaia 35:5, 6.
Ka thuso ya Lefoko la Modimo, diketekete tsa ba bangwe ka tsela e e tshwanang le eo ba ile ba ikgolola mo go ikanyeng ka tsela e e fosagetseng ya batho ba ba fodisang ka go rapelela.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Batho ba ba fodisang ka go rapelela ga ba fodise batho ba ba nang le mathata a a amang dirwe tsa mmele ka botsone
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Mokeresete yo o lwalang o rapelela maatla a gore a itshoke. Gape o lebeletse pele lefatsheng le lesha, koo ‘monni wa gone a se kitlang a re: Ke a bobola’ gone