A Go Fodisa ka go Rapelela go Amogelwa Ke Modimo?
“RE BONYE dilō di sele gompiyeno.” Ee, batho bao ba neng ba lebile ba ne ba kgatlhegile eletota. Monna mongwe yo o neng a sule ditokololo botlhoko thata o ne a fodisiwa ba ntse ba lebile. Motho yo o neng a fodisa o ne a bolelela monna yono jaana: “Coga, u tseè bolaō yoa gago, u eè kwa tluñ ea gago.” Mme monna yono o ne a dira fela jalo! O ne a sa tlhole a sule ditokololo. Ga go gakgamatse go bo bao ba neng ba le teng foo ba ne “ba [simolola go] galaletsa Modimo”! (Luke 5:18-26) Go fodisa gono goo go neng ga dirwa ke Jesu Keresete mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, go ne go amogelwa ke Modimo ka tsela e e phepafetseng eletota.
Go tweng ka gompieno? A go fodisa ka kgakgamatso e santse e le selo seo se ka kgonegang mo go bao ba sa boneng kalafi epe? Jesu o ne a fodisa malwetse ka kgakgamatso. Batho bao ba fodisang ka go rapelela gompieno ba bolela gore ba a mo etsa. Re tshwanetse ra leba jang seo ba se bolelang?
Go fodisa ka go rapelela go tlhalosiwa jaaka “mokgwa wa go fodisa malwetse ka thapelo le ka go dumela mo Modimong.” Encyclopædia Britannica e dumalana le seno jaana: “Hisitori ya go fodisa ka go rapelela mo Bokereseteng e ne ya simolola ka bodihedi jo bo gakgamatsang jwa ga Jesu le jwa baaposetoloi ka namana.” Ee, Jesu o ne a fodisa batho ka ditsela tse di tlhomologileng eletota. A batho ba ba fodisang ka go rapelela gompieno ba dira dikgakgamatso jaaka fa a ile a di dira?
A Tumelo Ruri E A Tlhokega?
Go ya ka Black’s Bible Dictionary, Jesu “o ne a tlhalosa [tumelo] jaaka selo seo se tlhokegang thata mo ditseleng tsa gagwe tse di gakgamatsang tsa go fodisa.” A mme tota go ne go ntse jalo? A Jesu o ne a batla gore motho yo o lwalang a nne le tumelo pele ga fa a ne a ka mo fodisa? Karabo ke nnyaa. Motho yo o neng a fodisa ke ene yo o neng a tlhoka gore a nne le tumelo eseng gore motho yo o lwalang ke ene a neng a tshwanetse gore a nne le yone. Mo lekgetlong lengwe barutwa ba ga Jesu ba ne ba palelwa ke go fodisa mosimane mongwe yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jwa seebana. Jesu o ne a fodisa mosimane yono mme morago ga moo o ne a bolelela barutwa lebaka la go bo ba ne ba sa kgone go mo fodisa. “Me a ba raea, a re, E ne e le ka ntlha ea bobōtlana yoa tumèlō ea lona.”—Mathaio 17:14-20.
Go ya ka Mathaio 8:16, 17, Jesu o ne “a hodisa botlhe ba ba bobolañ.” Ke boammaaruri gore batho bano ba ne ba na le tumelo mo go Jesu eo e neng ya ba dira gore ba tle mo go ene. (Mathaio 8:13; 9:22, 29) Mo makgetlong a le mantsi ba ne ba tshwanetse gore ba tle mo go ene mme ba mo kope gore a ba fodise pele ga fa ene a ne a ka dira jalo. Lefa go ntse jalo, go ne go sa tlhokege gore motho a ipolele gore o na le tumelo pele ga fa a ne a ka fodisiwa ka kgakgamatso. Mo lekgetlong lengwe Jesu o ne a fodisa monna mongwe yo o neng a golafetse yoo le go itse a neng a sa itse gore Jesu e ne e le mang. (Yohane 5:5-9, 13) Mo bosigong jo a neng a tshwarwa ka jone, Jesu o ne a busetsa tsebe e e neng e kgaotswe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo, le mororo monna yono e ne e le mongwe wa ba setlhopha sa baba ba ga Jesu bao ba neng ba tlile go mo tshwara. (Luke 22:50, 51) Ke boammaaruri gore mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a ba a tsosa baswi!—Luke 8:54, 55; Yohane 11:43, 44.
Jesu o ne a ka kgona jang go dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo? Ka gonne o ne a ikaegile ka moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a a dirang. Moya ono ke one o o neng o fodisa, eseng go nna le tumelo ga motho yo o lwalang. Fa o bala dipego tseo di leng mo Dikwalong tsa Efangele, o tla lemoga gape gore ka nako ya fa Jesu a ne a fodisa batho ba ba lwalang go ne go sa tshwarwe tirelo e telele ya kobamelo. O ne a sa dire seno go kgatlha batho kana go ba feretlha maikutlo. Mo godimo ga moo, go sa kgathalesege gore motho o ne a tshwerwe ke bolwetse bofe, Jesu ga a ise a ke a palelwe ke go bo fodisa. Ka metlha o ne a kgona malwetse, ebile ga a ise a ke a tsamaye a fodise ka tuelo.—Mathaio 15:30, 31.
A Ditsela tsa Segompieno tsa Go Fodisa Di Tshwana le Tseo Jesu A Neng A Fodisa ka Tsone?
Bolwetse ke bothata jo bo masisi, ebile ke ga tlholego fela gore re batle kalafi ka nako ya fa bo tlhasela. Lefa go ntse jalo go tweng fa e le gore re nna mo lefelong leo mo go lone “badiredi ba ba katisitsweng ba pholo ba tshwarang batho, segolobogolo bao ba leng dikobo di magetleng, jaaka dilo fela mme ba sa ba tshware jaaka batho”? Jono ke bothata joo bo neng jwa tlhalosiwa ke ngaka nngwe kwa nageng ya Latin-America. Ebile go tweng fa e le gore re nna mo lefelong leo mo go lone, fela jaaka kwa go yone naga eo, go nang le ‘40 lekgolong fela ya dingaka tsa kalafi tseo e leng tsone fela di tshwanelegang go dira tiro eo di e ithutetseng’?
Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi, ka go bo ba bona go sena tsela epe e nngwe eo ba ka rarabololang bothata jono ka yone, ba lebang go fodisa ka go rapelela jaaka selo seo bobotlana go leng molemo go ka se leka. Mme lefa go ntse jalo, go ipolela ga batho ba ba fodisang ka go rapelela gore tota ba a fodisa go a ganediwa gore ga se boammaaruri. Ka sekai, batho bao go fopholediwang gore ba ne ba le 70 000 ba ne ba le gone mo kokoanong eo e neng e tshwaretswe kwa São Paulo, kwa Brazil, eo mo go yone batho ba le babedi ba ba fodisang ‘ba neng ba gataka ka dinao digalase tsa matlho di le makgolokgolo tseo ba neng ba di latlheletswe ke bareetsi, ba solofetsa beng ba tsone bao le bone ba neng ba na le tsholofelo gore ba tla boa gape ba bona.’ Mongwe wa batho ba ba fodisang bano o ne a bolela jaana ka phepafalo fela fa a ne a botsolodiwa: “Ga nkake ka bolela gore batho botlhe bao ba lwalang bao re ba rapelelang ba tla fola. Go ikaegile ka tumelo eo ba nang nayo. Fa e le gore motho o a dumela, o tla fola.” O ne a bolela gore molato ope wa gore motho yo o lwalang a se ka a fola ke gore ene motho yono o a bo a tlhaela tumelo. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore, jaaka re setse re bone, Jesu o ne a bolela gore ba ba fodisang ba palelwa ka gonne ba sena tumelo!
Motho yo mongwe yo o fodisang o ne a solofetsa batho gore o tla fodisa bolwetse jwa kankere le jwa go swa ditokololo. Go ne ga direga eng? Go ya ka makasine wa Veja, “go bonala tsholofetso eno e se kile ya diragadiwa.” Mme a o ke o reetse fela kafa monna yono a neng a itshola ka gone: “Mo e batlang e nna ka diura di le pedi, [motho yono yo o fodisang ka go rapelela] o ne a nnela go tsamaisa nako ya bareetsi ka dithero, dithapelo, go goakaka, go opela—le eleng go itayakaka mebele ya batho ba ba ikanyegang bao ka mabole, ka boikaelelo jwa go leleka badimona bao ba agileng mo go yone. Kwa bokhutlong, o ne a latlhela thae ya gagwe le sakatuku kwa bareetsing ba ba kgoberegileng maikutlo bano mme a simolola go tsamaisa sejana e le gore a tle a amogele ‘meneelo eo e ntshiwang ka go ithaopa’ go tswa mo go bone.” Jesu le baaposetoloi ba gagwe ga ba ise ba ke ba tsamaye ba kope madi ba a kopela go fodisa ka kgakgamatso, ebile ga ba ise ba ke ba tshwarege mo ditirong tse di ntseng jalo tsa boferefere.
Go phepafetse he, gore batho ba ba ntseng jalo bao ba fodisang ka go rapelela ga ba dire seo Jesu a ileng a se dira. Ebile ga go bonale fa Modimo o tla amogela seo ba se dirang. Lefa go ntse jalo, a gone o amogela tsela epe fela ya go fodisa malwetse ka kgakgamatso gompieno? Kana a go na le tsela epe fela eo tumelo ya rona e ka re thusang ka yone ka nako ya fa rona kana bao re ba ratang ba lwala?