Kafa Tumelo E Ka Thusang Batho Ba Ba Lwalang ka Gone
DIPEGO tseo di leng mo Bibeleng tseo di leng malebana le go fodisa malwetse ka kgakgamatso di re tlhomamisetsa gore Modimo o a amega ka botsogo jo eleng jwa rona, ebile di bontsha nonofo eo a nang nayo ya go fodisa. Ereka ditsela tseno tsa go fodisa malwetse ka kgakgamatso di ne di galaletsa Modimo le go lere boitumelo jo bogolo thata jaana, go a utlwala go botsa jaana, A neo ya go fodisa ka moya o o boitshepo e santse e dira?
Karabo ya potso eo ke nnyaa—ebile lebaka la yone le ka nna la gakgamatsa bangwe. Ditsela tseo tsa go fodisa malwetse ka kgakgamatso tseo di neng di le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga di diragaditse boikaelelo jwa tsone. The Illustrated Bible Dictionary e akgela jaana ka phepafalo: “Boikaelelo jwa ditsela tsa go fodisa malwetse ka kgakgamatso bo ne bo amana le bodumedi, eseng le kalafi.” Ke maikaelelo mangwe afe ao a amanang le bodumedi ao dikgakgamatso tseo di neng di na nao?
Selo se se botlhokwa ke gore, boikaelelo joo ditsela tsa ga Jesu tsa go fodisa malwetse ka kgakgamatso di neng di na najo e ne e le go mo tlhaola jaaka Mesia. Mme morago ga loso lwa gagwe, di ne tsa thusa go neela bosupi jwa gore Modimo o ne a segofaditse phuthego e ntšha ya Bokeresete. (Mathaio 11:2-6; Bahebera 2:3, 4) Mo godimo ga moo, di ne tsa neela bosupi jwa gore tsholofetso ya Modimo ya go fodisa setho mo lefatsheng le lesha e tla diragadiwa. Di nonotsha tumelo ya rona ya gore ruri nako e tla tla eo ka yone ‘monni wa gone a se kitlang a re, Ke a bobola; batho ba ba agang gone ba tla itshwarelwa boikepo jwa bone.’ (Isaia 33:24) Fa fela maikaelelo ano a lekgolo la ntlha la dingwaga a ne a setse a fitlheletswe, go ne go sa tlhole go tlhokega gore go nne le dikgakgamatso.
Selo se se tshwaegang ke gore barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka bobone ba ne ba tshwarwa ke malwetse ao a neng a sa fodisiwe ka kgakgamatso. Seno ke bosupi jo bo oketsegileng jwa gore tiro ya go fodisa malwetse ka kgakgamatso eo Jesu le baaposetoloi ba neng ba e dira e ne e diretswe gore go rutwe dilo tse di botlhokwa tse di boammaaruri ka yone, eseng go thusa batho ka tsa kalafi. Ka nako ya fa Paulo a ne a akantsha Timotheo gore a dirise eng go alafa makoa a gagwe a mantsi, o ne a mo naya kgakololo ya gore a dirise beine jaaka molemo, eseng gore a fodisiwe ka go rapelelwa. Paulo, yoo o neng a fodisa malwetse ka kgakgamatso, o ne a nna a bogisiwa ke “mutlwa mo nameñ” oo o neng wa nna wa mo “tlhabaka.”—2 Bakorintha 12:7; 1 Timotheo 5:23.
Ka nako ya fa baaposetoloi ba ne ba swa, neo ya go fodisa e ne ya khutla. Paulo ka boene o ne a supa gore seno se ne se tlile go diragala. Ka nako ya fa a ne a tshwantsha phuthego ya Bokeresete le losea, Paulo o ne a bolela jaana: “E rile ke le ñwanyana, ka bua yaka ñwanyana, ka ikutlwa yaka ñwanyana, ka akanya yaka ñwanyana: me yanoñ ka ke le monna, ke latlhile dilō tsa bonyana.” Seo a neng a rata go se re bontsha mo setshwantshong seno sa gagwe e ne e le gore dineo tsa moya tsa go dira dikgakgamatso e ne e le karolo ya bonyana jwa phuthego ya Bokeresete. E ne e le “dilō tsa bonyana.” Ke ka ntlha ya moo a ileng a bolela jaana: “Di [dineo tsa go dira dikgakgamatso] tla khutlisiwa.”—1 Bakorintha 13:8-11.
A Tumelo E ka Kgona go Re Thusa ka Nako ya Fa Re Lwala?
Lefa go ntse jalo, gone re tshwanetse gore re rapele Modimo gore a re thuse ka nako ya fa re lwala, le eleng lefa re sa ikaega ka go fodisiwa ka go rapelelwa. Ebile tota ga go na sepe se se phoso malebana le gore ba bangwe ba re rapelele mo go seno. Mme lefa go ntse jalo dithapelo e tshwanetse gore e nne tseo di utlwalang sentle le tseo di dumalanang le go rata ga Modimo. (1 Yohane 5:14, 15) Ga go na gope koo Bibela e re bolelelang gore re rapelele go fodisiwa ka thapelo gone.a Go na le moo, re rapelela gore Jehofa a re tshegetse ka tsela e e lorato mo dinakong tsa diteko tseo di bakiwang ke bolwetse.
Bibela e bontsha gore ke eng seo batho ba ba ikanyegang ba ka nnang ba se rapelela ka nako ya fa ba lwala fa e bolela jaana: “Yehofa o tla mo ōka a le mo bolaoñ yoa topetègō: ua tlo u mo alèle bolaō yoa gagwè gotlhe hèla mo bolwetseñ yoa gagwè.” (Pesalema 41:3) Gape, bao ba bogang bolwetse jo bo bakiwang ke maikutlo ba tla thusiwa ke go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo. Mopesalema o ne a kwala jaana: “boutlwèlō botlhoko yoa gago, Yehofa, yoa ntshegetsa. Mo bontsiñ yoa megopolō ea me e e mo teñ ga me, dikgomocō tsa gago di tle di yese mōea oa me monate.”—Pesalema 94:18, 19; bona gape le 63:6-8.
Mo godimo ga moo, re tlhoka gore re bontshe boikutlo jo bo siameng mo dikgannyeng tseo di amanang le pholo, ebile Bibela e re gakolola kaga seno. Go botoka fela thata go tshela tumalanong le melaometheo ya Bibela go na le go tshwarega mo go diriseng diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, go goga motsoko, go nwa go feta tekano, kana go ja go feta tekano mme e re ka nako ya fa re simolola go lwala morago ga moo, re bo re sianela kwa bathong ba ba fodisang ka go rapelela. Go rapelela gore go diragale kgakgamatso ka nako ya fa motho a tlhasetswe ke bolwetse ga go botlhale jaaka fa mo boemong jwa seo o ka itshola ka tsela e e siameng gore o se ka wa tshwarwa ke bolwetse joo bo ka kgonang go tilwa, jaaka go ja dijo tseo di nang le dikotla fa e le gore di gone kana go senka thuso ya ngaka e e tshwanelegang koo go kgonegang jalo gone.
Gape, Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re tlhagolele go nna le maikutlo a a siameng ao a ka kgonang go re boloka re itekanetse sentle mo mmeleng. Buka ya Diane e gakolola jaana: “Pelo e e thethebetseñ hèla ke botshelō yoa nama: me bopelotshètlha ke podishō ea marapō.” “Pelo e e nntseñ mokete ke kalahō e e molemō: me mōea o o phatlogileñ o omeletsa marapō.” (Diane 14:30; 17:22) Go rapelela moya o o boitshepo gore o re dire gore re ritibale le gore re itumele ga go kitla go nna le diphelelo dipe fa e se fela tseo di leng mosola mo boitekanelong jwa rona jwa mmele.—Bafilipi 4:6, 7.
Go Tweng ka Go Fodisa ka go Rapelela?
Gone ke boammaaruri gore motho o santse a ka nna a tlhaselwa ke bolwetse le eleng lefa a tshela botshelo jo bo itekanetseng go ya ka moo seemo sa gagwe se mo letlang ka gone. Go tweng he? A go na le kotsi epe fa motho a ya kwa go yo o fodisang ka go rapelela ka tsholofelo ya gore o tla mo fodisa? Ee, e teng. Ke ka sewelo fela batho ba segompieno bao ba fodisang ka go rapelela ba fodisang mahala. Ebile go dirisetsa madi go duela motho yo o fodisang ka go rapelela moo madi ao a ka bong a dirisediwa go duelela thuso ya kalafi go ka felela ka gore re boge re bo re sale re iphotlhere fela. Mo godimo ga moo, ke ka ntlha yang fa o naya batho bao ba dirang dilo fela ka go bo o dumela mo go bone madi a gago?
Bangwe ba ka nna ba bolela jaana: ‘Gone tota, go fodisa ka go rapelela go tshwanetse ga bo go le mosola le eleng lefa go lebega ekete go fola batho ba le mokawana fela mo go bao ba yang kwa “bathong ba ba fodisang.”’ Mme lefa go ntse jalo tota go a belaetsa gore a e ka ne motho o folela ruri fa a fodisiwa ke batho ba ba fodisang ka go rapelela. Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Go kgonnwe go dirwa patlisiso e potlana fela malebana le dithulaganyo tse di tlhomameng tsa dintlha tse dintsi tse di sa itsiweng tsa go fodisa ka go rapelela.”
Le eleng lefa go lebega go fola batho ba le mmalwanyana fela, seno ga se supe gore moya o o boitshepo ke one o o dirang gore batho bano ba fole. Jesu o ne a bolela jaana mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng: “E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea, ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha go nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:22, 23) Gape Jesu o ne a bolela gore bangwe ba ne ba tla gapa batho ka go dira ditshupo, le mororo ba sa amogelwe ke Modimo: “Gonne go tla coga Bakeresete ba e señ bōnè, le baperofeti ba e señ bōnè, me ba tla bōnatsa dichupō tse di kgolo, le dikgakgamaco; gore ha go ka nna yalo, ba timetsè le ba e leñ baitshenkedwi ka bosi.” (Mathaio 24:24) Gone eleruri, batho ba segompieno bao ba fodisang ka go rapelela ba ka nna ba tswa ba akarediwa mo go bao mafoko ano a buang ka bone, ka ditshupo tseo di seng kana ka sepe tseo ba di dirang, go aga ba batla madi mo bathong, le go bolela ga bone gore ba kgona go fodisa malwetse ka kgakgamatso.
Batho ba ba ntseng jalo ga ba sale motlhala wa ga Jesu morago. Ke mang he, yoo ba mo setseng morago? Moaposetoloi Paulo o re naya karabo ya potso eno fa a bolela jaana: “Satane le èna o tla a ichwantshe le moengele oa lesedi. Me ke gōna, e be e se selō se segolo ha batlhanka ba gagwè le bōnè ba ka ichwantsha le batlhanka ba tshiamō; ba bokhutlō yoa bōnè bo tla nnañ kaha ditihoñ tsa bōnè.” (2 Bakorintha 11:14, 15) Fa e le gore batho bao ba fodisang ka go rapelela ga ba fodise malwetse ka kgakgamatso jaaka fa ba bolela, he go raya gore ke batsietsi, ba setse motlhala wa ga Satane morago yoo eleng “motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” (Tshenolō 12:9) Mme lefa go ntse jalo go tweng fa e le gore gone ba a kgona go fodisa malwetse ka kgakgamatso mo makgetlong mangwe a a rileng? A ga re a tshwanela go swetsa ka gore ba dira “ditihō tse di nonohileñ” tseno tsa bone ka maatla a ga Satane le badimona ba gagwe? Ee, go tshwanetse ga bo go ntse jalo!
Nako ya Phodiso ya Mmatota
Ditsela tsa ga Jesu tsa go fodisa malwetse ka kgakgamatso di ne di dirwa ka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo. Di ne di supa kafa a ikaeletseng ka gone go rarabolola mathata a tsa pholo ao batho ba nang nao ka nako eo a e tlhomileng. Jehofa o solofetsa gore o tla ‘fodisa merafe.’ (Tshenolō 22:2) Ebile ga a kitla a fodisa malwetse fela mme o tla fedisa le lone loso. Johane o tlhalosa gore Jesu o ne a tletse “gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go ena a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelo yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Abo eo e tla bo e le phodiso e e itumedisang jang ne! Jesu o tla fodisa malwetse gape ka ditsela tse di gakgamatsang jaaka tseo di kwadilweng mo Bibeleng mme o tla dira jalo ka selekanyo se segolo go gaisa. O tla tsosa le eleng baswi! (Yohane 5:28, 29) Selo seno se tlile go diragala leng?
Mo lefatsheng le lesha la Modimo leo, go ya ka bosupi jotlhe joo re nang najo, le leng gaufi fela thata. Lefatshe le lesha leo, leo le tla tlisiwang morago ga gore bosula jwa tsamaiso eno ya dilo bo tlosediwe ruri, e tla bo e le tshegofatso ya mmatota mo bathong bao ba nang le dipelo tse di siameng. E tla bo e le lefatshe le le senang matshwenyego. “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:4) Abo seno se farologana thata jang ne le seo re se bonang go re dikologa gompieno!
Ka gone, rapela Modimo gore a go tshegetse fa o lwala. Mme e ka ne o lwala kana o itekanetse sentle mo mmeleng, ithute kafa botshelo jo bo sa khutleng jo bo senang malwetse ruri bo tlileng go nna teng ka gone. Agelela tumelo ya gago mo tsholofetsong e e ikanyegang eno ya Modimo ka go ithuta dikarolo tse dintsi tseo di bolelang ka yone tse di mo Bibeleng. Ithute kafa boikaelelo jwa Modimo malebana le seno bo leng gaufi le go diragadiwa ka gone go ya kafa a rulagantseng nako ya gagwe ka gone. O se ka wa belaela sepe, ka gonne Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “O komeditse losho ka bosakhutleñ; Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.”—Isaia 25:8.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bangwe ba akanya gore mafoko a a mo lokwalong lwa Yakobe 5:14, 15 a amana le go fodisa ka go rapelela. Mme lefa go ntse jalo ditemana tse di dikologileng di bontsha gore Jakobe fano o bua ka bolwetse jwa semoya. (Yakobe 5:15b, 16, 19, 20) O gakolola batho ba ba koafetseng mo tumelong gore ba kope bagolwane gore ba tle go ba thusa.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ditsela tsa ga Jesu tsa go fodisa malwetse ka kgakgamatso di diragaditse boikaelelo jwa tsone
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Jesu o tla boeletsa ditsela tsa go fodisa malwetse ka kgakgamatso a bo a di ntsifatsa