LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 318-ts. 323
  • Phodiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Phodiso
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Kafa Tumelo E Ka Thusang Batho Ba Ba Lwalang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Fodisiwa ga Batho ka Tsela ya Kgakgamatso go Gaufi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • ‘Go Fodisa ka Kgakgamatso’ go go Dirwang Gompieno—A go Dirwa ka Maatla a Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Basupi ba ga Jehofa ba fodisa batho ka kgakgamatso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 318-ts. 323

Phodiso

Tlhaloso: Go dira gore motho yo o ntseng a lwala mo mmeleng, mo tlhaloganyong kana mo moyeng a bone botsogo jo bo molemo. Bangwe ba baperofeti ba Bahebera ba pele ga Bokeresete gammogo le Jesu Keresete le maloko a mangwe a phuthego ya Bokeresete ya pele ba ne ba kgonisiwa ke moya wa Modimo go dira phodiso ya dikgakgamatso.

A phodiso ya dikgakgamatso mo motlheng wa rona e dirwa ka moya wa Modimo?

A nonofo ya go dira dikgakgamatso e ka ne e tswa go motswedi mongwe o sele ntle le Modimo wa boammaaruri?

Moshe le Arone ba ne ba iponatsa fa pele ga ga Farwe wa Egepeto go kopa gore Baiseraele ba letlelelwe go ya kwa nageng go ntshetsa Jehofa ditlhabelo. Jaaka tshupo ya go engwa nokeng ke Modimo, Moshe o ne a kaela Arone go latlhela thobane ya gagwe fa fatshe mme e ne ya nna noga e tona. Kgakgamatso eo e ne ya dirwa ka maatla a Modimo. Mme go tsweng foo baperesiti ba maselamose ba Egepeto ba ne ba latlhela dithobane tsa bone fa fatshe mme le tsone, gape, tsa nna dinoga tse ditona. (Ekes. 7:8-12) Ba ne ba dira kgakgamatso ya bone ka nonofo ya ga mang?—Bapisa Duteronome 18:10-12.

Mo lekgolong la dingwaga la bo-20 baruti ba La-Bodumedi ba tshwara ditirelo tsa go fodisa ka go rapelela. Gareng ga ditumelo tse e seng tsa Bokeresete go na le baperisita ba ba thelang bola, dingaka tsa Setswana, boreaitse, le ba bangwe gape ba ba fodisang; gantsi ba dirisa maselamose le mereo. “Bafodisi ba diphera” bangwe ba bolela gore diphodiso tsa bone ga di amane ka gope le bodumedi. Mo dipakeng tse tsotlhe, a maatla a go fodisa a tswa go Modimo wa boammaaruri?

Math. 24:24: “Gonne go tla coga Bakeresete ba e señ bōnè, le baperofeti ba e señ bōnè, me ba tla bōnatsa dichupō tse di kgolo, le dikgakgamaco; gore ha go ka nna yalo, ba timetsè le ba e leñ baitshenkedwi ka bosi.”

Math. 7:15-23: “Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, . . . E tla re mo letsatsiñ yeuō batho ba le bantsi ba tla nthaea, ba re, Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ [“dikgakgamatso,” JB, NE, TEV] ka leina ya gago? Me ediha gōna ke tla ba ipolèlèlañ, ke re, Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.”

A diphodiso tsa metlholo mo motlheng wa rona di dirwa ka tsela e e tshwanang le eo diphodiso tsa dikgakgamatso tsa ga Jesu le barutwa ba gagwe di neng di dirwa ka yone?

Dituelo tsa ditirelo: “Hodisañ babobodi, cosañ bashwi, ntlahatsañ balepero, kgoromeletsañ badimo ntlè: lo amogetse hèla, naeañ hèla.” (Math. 10:8) (A bafodisi ba gompieno ba dira seo—ba naya fela, jaaka Jesu a laetse?)

Bogolo jwa katlego: “Me bontsi yotlhe yoa senka go mo ama [Jesu]: ka gonne nonohō e ne e cwa mo go ènè, e ba hodisa botlhe.” (Luke 6:19) “Ba ba ba tla ba ntshetsa balwetsi mo mebileñ, ba ba baea mo malaoñ, le mo masekameloñ, e tle e re Petere a heta, leha e ka bo e le moruti oa gagwè o chutihalèlè moñwe oa bōnè. Me le gōna ga phuthèga bontsi yo bo cwañ mo metsiñ e e mo tikologoñ ea Yerusalema, ba tlisa balwetsi, le ba ba chweñwañ ke meōea e e mashwè; me ba hodisiwa botlhe.” (Dit. 5:15, 16) (Mo motlheng wa rona, a botlhe ba ba yang go barapeledi ba bodumedi kana go ditshwantsho tsa bodumedi ba batla phodiso ba a fola?)

A tsela ya botshelo ya maloko a diphuthego tseo “bafodisi” ba leng karolo ya tsone e neela bosupi jwa gore ba na le moya wa Modimo?

A jaaka setlhopha ba bontsha ka mo go tlhomologileng maungo a moya wa Modimo jaaka lorato, bopelotelele, bonolo le boikgapo?—Bagal. 5:22, 23.

A ka boammaaruri ga se “ba lehatshe,” ba befela gotlhelele go ikopanyeletsa mo dikgannyeng tsa dipolotiki tsa lefatshe? A ba ile ba sala ba le phepa mo go tlhokeng molato wa madi ka nako ya ntwa? A ba na le kemo e ntle ka go bo ba tila boitshwaro jo bo sa siamang jwa kafa dikobong jwa lefatshe?—Yoh. 17:16; Isa. 2:4; 1 Bathes. 4:3-8.

A Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba kgethololwa ka nonofo ya go dira phodiso ya dikgakgamatso?

Yoh. 13:35: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Se ke sone se Jesu a se buileng. Fa e le gore ruri re a mo dumela, re lebelela lorato, eseng phodiso ya dikgakgamatso, jaaka tshupo ya Bokeresete jwa boammaaruri.)

Dit. 1:8: “Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me . . . go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Pele fela a tlogela baaposetoloi ba gagwe a boela legodimong, Jesu o ne a ba bolelela gore seno, eseng go fodisa, e ne e le tiro e e botlhokwa thata e ba neng ba tla e dira. Bona gape Mathaio 24:14; 28:19, 20.)

1 Bakor. 12:28-30: “Me Modimo o tlhomile bañwe mo phuthegoñ, ba ntlha baaposetoloi, ba bobedi baperofeti, ba boraro baruti, me hoñ go nnè dikgakgamaco, me gapè go nne dinèō tsa phodishō, le dithushō, le dipushō, le dipuōpuō diñwe le diñwe. A botlhe ke baaposetoloi? A botlhe ke baperofeti? A botlhe ke badihi ba dikgakgamaco? A botlhe ba na le dinèō tsa phodishō?” (Ka jalo, Bibela ka papamalo e bontsha gore ga se Bakeresete botlhe ba boammaaruri bao ba tla nnang le neo ya go fodisa.)

A Mareko 16:17, 18 ga e supe gore nonofo ya go fodisa balwetsi e tla nna sesupo se se kgethololang badumedi?

Mar. 16:17, 18: “Me dichupō tse, di tla dihana le ba ba dumèlañ: ba tla kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya me; ba tla bua dipuō tse dincha; Ba tla choletsa dinōga, me ha ba ka nwa se se bolaeañ, ga se ketla se ba utlwisa botlhoko gopè; ba tla baea diatla mo babobodiñ, me ba tla hōla.”

Ditemana tseno di bonala mo mekwalong e e rileng ya Bibela le dithanolong tsa lekgolo la botlhano le la borataro la dingwaga C.E. Mme ga di bonale mo mekwalong ya bogologotswana ya Segerika, ya Sinaiticus le Vatican MS. 1209 ya lekgolo la bone la dingwaga. Dr. B. F. Westcott, moitseanape wa mekwalo ya Bibela, o bolela gore “ditemana tseo . . . ga se karolo ya polelwana ya kwa tshimologong mme di itsenyeditswe.” (An Introduction to the Study of the Gospels, London, 1881, ts. 338) Moranodi wa Bibela Jerome, wa lekgolo la botlhano la dingwaga, o boletse gore “mekwalo yotlhe ya Segerika ga e na ditemana tse.” (The Last Twelve Verses of the Gospel According to S. Mark, London, 1871, J. W. Burgon, ts. 53) New Catholic Encyclopedia (1967) e re: “Mantswe a yone le mokgwa wa yone di farologana fela thata thata le Efangele yotlhe mo eleng gore ga go lebege fa Mareko e ka tswa e le ene a ileng a kwala ditemana tseno [ke gore, ditemana 9-20].” (Bol. IX, ts. 240) Ga go na pego epe ya gore Bakeresete ba pele ba ka tswa ba ile ba nwa tšhefi kana ba tshwara dinoga go itshupa gore e ne e le badumedi.

Ke goreng dineo tse di ntseng jalo jaaka nonofo ya go fodisa ka dikgakgamatso di ne di neetswe Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga?

Baheb. 2:3, 4: “Ana rona re tla halola yañ, ha re tlhokomologa polokō e e kalō? e e rileñ e sena go bolèlwa pele ka Morèna, ra e tlhōmamisediwa ke ba ba e utlwileñ; Modimo le ōna o nntse o shupa nabō ka dichupō, le dikgakgamaco, le ka dinonohō di le dintsi, le ka dinèō tsa Mōea o o Boitshèpō, kaha go rateñ ga ōna.” (Go ne go na le bosupi jo bo tlhatswang pelo fano, eleruri, gore phuthego ya Bokeresete, eo ka nako eo e neng e le ntšha, eleruri e ne e le ya Modimo. Mme fa fela go ne go setse go tlhomamisitswe seo ka botlalo, a go ne go tla tlhokafala gore go nne go supiwe gangwe le gape?)

1 Bakor. 12:29, 30; 13:8, 13: “A botlhe ke baperofeti? . . . A botlhe ba na le dinèō tsa phodishō? A botlhe ba bua ka dipuō? . . . Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè: me leha go na le diperofeshō, di tla khutlisiwa; leha go le dipuō, di tla hèla; . . . Me yana go sala tumèlō, le cholohèlō, le loratō, boraro yo; me se segolo mo boraruñ yo ke loratō.” (Fa di ne di setse di fitlheletse boikaelelo jwa tsone, dineo tseo tsa kgakgamatso di ne di tla khutla. Mme dinonofo tse di tlhotlhwa kgolo thata-thata tseo eleng loungo lwa moya wa Modimo di ne di tla sala di bonatshega mo matshelong a Bakeresete ba boammaaruri.)

Fa fela motho a fodisitswe, a tota go botlhokwa gore go dirilwe ka tsela efe?

2 Bathes. 2:9, 10: “Eboñ èna eo go tla ga gagwè go leñ kaha go diheñ ga Satane ka thata eotlhe [“dikgakgamatso tsa mefuta yotlhe,” JB] le ka dichupō, le ka dikgakgamaco tsa maaka, Le ka tsieco eotlhe ea tshiamololō mo go bōnè ba ba nyèlèlañ; ka ba se ka ba amogèla loratō loa go rata boamarure, gore ba bolokwè.”

Luke 9:24, 25: “Gonne leha e le mañ eo o ratañ a ka bo a boloka botshelō yoa gagwè bo tla mo latlhègèla; me leha e le mañ eo o tla latlhègèlwañ ke botshelō yoa gagwè ka ntlha ea me, eouō, o tla bo boloka. Gonne motho oa ba a ka thusèga eñ, ha a henya lehatshe yeotlhe, me èna ka esi sebele sa gagwè, a itimetsa, kgotsa a itatlha.”

Go na le tsholofelo efe ya phodiso ya mmatota mo malwetsing otlhe?

Tshen. 21:1-4: “Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele; . . . Me [Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”

Isa. 25:8: “O komeditse losho ka bosakhutleñ; Yehofa Modimo o tla phimola dikeledi mo matlhoñ aotlhe.” (Gape, Tshenolō 22:1, 2)

Isa. 33:24: “Me monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”

Fa Mongwe A Re—

‘A o dumela mo phodisong?’

O ka nna wa araba ka gore: ‘Ope fela yo o sa dumeleng gore Modimo o na le maatla a go fodisa ga a dumele Bibela. Mme ga go ka tsela epe fela fa e se go ipotsa gangwe le gape gore a jaana batho bao ba go dirang ba go dira kafa go tshwanetseng gompieno.’ Mme gongwe o bo o ka oketsa jaana: (1) ‘Mma ke bale le wena lokwalo, mme ke bone fa e le gore o ka elatlhoko tlwaelo e e farologaneng thata mo motlheng wa rona. (Math. 10:7, 8) . . . A o lemoga sengwe gape fano se Jesu a neng a re barutwa ba gagwe ba ne ba tla se dira mme e le seo bafodisi ba sa kgoneng go se dira gompieno? (Ga ba kgone go tsosa baswi.)’ (2) ‘Ga re baatlhodi ba batho ba bangwe, mme go a kgatlhisa gore Mathaio 24:24 e umaka sengwe se re tlhokang go se tila.’

Kana o ka nna wa re: ‘Eleruri ke dumela gore seo Bibela e se buang kaga phodiso se boammaaruri. Mme phodiso epe fela e e dirwang mo tsamaisong eno ya dilo e tlisa melemo ya nakwana fela, a gago jalo? Kgabagare rotlhe re a swa. A go tla tsamae go nne le nako e mongwe le mongwe o tla tshelang a ipelela botsogo jo bo molemo mme le ka motlha a se ketla a swa? (Tshen. 21:3, 4)’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela