Thuto 3
Jesu Keresete ke Mang?
Ke ka ntlha yang fa Jesu a bidiwa Morwa wa “motsalwapele” wa Modimo? (1)
Ke ka ntlha yang fa a bidiwa “Lefoko”? (1)
Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng e le motho? (2-4)
Ke ka ntlha yang fa a ne a dira dikgakgamatso? (5)
Jesu o tla dira eng gautshwane jaana? (6)
1. Jesu o ne a tshela kwa legodimong e le motho wa moya pele ga fa a tla mo lefatsheng. O ne a nna sebopiwa sa ntlha sa Modimo mme ke ka lebaka leo a bidiwang Morwa wa Modimo wa “motsalwapele.” (Bakolosa 1:15; Tshenolo 3:14) Jesu ke ene Morwa a le nosi fela yo Modimo a mmopileng ka tlhamalalo. Jehofa o ne a dirisa Jesu pele ga a nna motho mo lefatsheng gore a nne “tlhogo ya tiro” mo go bopeng dilo tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng. (Diane 8:22-31; Bakolosa 1:16, 17) Modimo o ne a mo dirisa gape go nna mmueledi wa Gagwe yo mogolo. Ke ka lebaka leo Jesu a bidiwang “Lefoko.”—Johane 1:1-3; Tshenolo 19:13.
2. Modimo o ne wa romela Morwawe mo lefatsheng ka go tsenya botshelo jwa gagwe mo sebopelong sa ga Maria. Ka jalo Jesu ga a tsalwa ke rre wa motho. Ke ka lebaka leo a sa ruang boleo kana bosaitekanelang bope. Modimo o ne wa roma Jesu go tla mo lefatsheng ka ntlha ya mabaka a le mararo: (1) Go tla go re ruta boammaaruri ka Modimo (Johane 18:37), (2) go boloka bothokgami ka botlalo, a re tlhomela se re ka se latelang (1 Petere 2:21) le (3) go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gore a tle a re golole mo sebeng le mo losong. Ke ka ntlha yang fa seno se ne se tlhokega?—Mathaio 20:28.
3. Ka go tlola taolo ya Modimo, motho wa ntlha e bong Atame, o ne a dira se Baebele e se bitsang “boleo.” Ka ntlha ya seo Modimo o ne wa mo atlholela loso. (Genesise 3:17-19) O ne a sa tlhole a dira tumalanong le melao ya Modimo, ka jalo o ne a sa tlhole a itekanetse. O ne a tsofala ka bonya mme a swa. Atame o ne a fetisetsa boleo mo baneng ba gagwe botlhe. Ke ka lebaka leo le rona re tsofalang, re lwalang e bile re swa. Batho ba ne ba ka gololwa jang?—Baroma 3:23; 5:12.
4. Jesu e ne e le motho yo o itekanetseng jaaka Atame. Lefa go ntse jalo, go farologana le Atame, Jesu o ne utlwa Modimo ka botlalo le e leng fa a ne a lekiwa thata. Ka jalo o ne a kgona go ntsha botshelo jwa gagwe jwa motho yo o itekanetseng setlhabelo gore a duelele boleo jwa ga Atame. Seno ke sone se Baebele e se bitsang “thekololo.” Bana ba ga Atame ba ne ba tla gololwa ka tsela e e ntseng jalo mo katlholong ya loso. Batho botlhe ba ba dumelang mo go Jesu ba tla itshwarelwa dibe tsa bone mme ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—1 Timotheo 2:5, 6; Johane 3:16; Baroma 5:18, 19.
5. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa balwetse, a otla ba ba bolailweng ke tlala a bo a ritibatsa difefo. O bile a tsosa le baswi. Ke ka ntlha yang fa a ne a dira dikgakgamatso? (1) O ne a tlhomogela batho ba ba neng ba boga pelo e bile o ne a batla go ba thusa. (2) Dikgakgamatso tsa gagwe di ne di supa gore ke Morwa Modimo. (3) Di ne di supa gore o ne a tla direla batho ba ba kutlo eng fa a busa jaaka Kgosi mo lefatsheng.—Mathaio 14:14; Mareko 2:10-12; Johane 5:28, 29.
6. Jesu o ne a swa mme Modimo a mo tsosa e le sebopiwa sa moya mme a boela kwa legodimong. (1 Petere 3:18) Fa e sa le ka nako eo, Modimo o ne wa mo dira Kgosi. Jesu o tla tloga a fedisa bosula jotlhe le go boga mo lefatsheng.—Pesalema 37:9-11; Diane 2:21, 22.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Bodiredi jwa ga Jesu bo ne bo akaretsa go ruta, go dira dikgakgamatso, le e leng go re ntshetsa botshelo jwa gagwe