LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 3/1 ts. 16-17
  • Jesu Keresete ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu Keresete ke Mang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ile a Romela Jesu mo Lefatsheng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 3/1 ts. 16-17

Ithute mo Lefokong la Modimo

Jesu Keresete ke Mang?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di ipotsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Jesu Keresete ke mang?

Jesu ga a tshwane le motho ope yo mongwe ka gonne o ne a tshela kwa legodimong e le motho wa moya pele ga a tsholwa mo lefatsheng. (Johane 8:23) Ke ene wa ntlha yo Modimo a mmopileng mme o ne a thusa go bopa dilo tse dingwe tsotlhe. Ke ene fela yo Jehofa a mmopileng ka tlhamalalo, ke gone ka moo a bidiwang Morwa Modimo “yo o tsetsweng a le esi.” Jesu e ne e le Mmueledi wa Modimo, ka jalo gape o bidiwa “Lefoko.”—Johane 1:1-3, 14; bala Diane 8:22, 23, 30; Bakolosa 1:15, 16.

2. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng?

Modimo o ne a romela Morwawe mo lefatsheng ka go fetisetsa botshelo jwa gagwe mo sebopelong sa lekgarebane la Mojuda le le neng le bidiwa Marea. Ka jalo, Jesu o ne a se na rre wa motho. (Luke 1:30-35) Jesu o ne a tla mo lefatsheng go tla (1) go ruta boammaaruri ka Modimo, (2) go tlhoma sekao sa go dira thato ya Modimo le (3) go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e le “thekololo.”—Bala Mathaio 20:28; Johane 18:37.

3. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka thekololo?

Thekololo ke madi a a duelwang go golola motho mo bokgobeng. Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho bo ne bo sa akaretse loso le botsofe. Re itse seo jang? Modimo o ne a bolelela motho wa ntlha e bong Adame gore fa a ne a ka dira se Baebele e se bitsang boleo, o ne a tla swa. Fa Adame a ka bo a sa leofa, o ka bo a sa swa. Le fa Adame a ile a swa morago ga makgolo a se kae a dingwaga, o ne a simolola go swa ka letsatsi le a neng a se ka a ikobela Modimo ka lone. (Genesise 2:16, 17; 5:5) Adame o ne a fetisetsa boleo le katlholo ya jone e leng loso mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa gagwe. Ka jalo loso lo ne lwa “tsena” mo lefatsheng, ke gore, mo bathong ka Adame. Ke gone ka moo re tlhokang thekololo.—Bala Baroma 5:12; 6:23.

4. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a swa?

Ke mang yo o neng a ka re rekolola mo losong? Fa re swa, re duela katlholo ya maleo a rona fela. Ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o ka duelelang maleo a batho ba bangwe.—Bala Pesalema 49:7-9.

E re ka Jesu a ne a sa rua bosaitekanelang mo go rre wa motho, ga a ka a swa ka ntlha ya maleo a gagwe, go na le moo o ne a swela maleo a ba bangwe. Modimo o ne a romela Morwawe go tla go re swela a bontsha kafa a ratang batho thata ka gone. Jesu le ene o ne a bontsha gore o a re rata ka go ikobela Rraagwe a bo a swela maleo a rona.—Bala Johane 3:16; Baroma 5:18, 19.

5. Gone jaanong Jesu o dira eng?

Fa Jesu a ne a fodisa balwetse, a tsosa baswi a bo a namola batho ba ba mo mathateng, o ne a bontsha se kgabagare a tla se direlang batho botlhe ba ba kutlo. (Luke 18:35-42; Johane 5:28, 29) Fa Jesu a sena go swa, Modimo o ne a mo tsosa e le motho wa moya. (1 Petere 3:18) Go tswa foo, Jesu o ne a leta a le kafa seatleng sa Modimo sa moja go fitlha Jehofa a mo naya maatla a go busa e le Kgosi mo lefatsheng lotlhe. (Bahebera 10:12, 13) Gone jaanong Jesu o busa e le Kgosi kwa legodimong, mme balatedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba itsise dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe.—Bala Daniele 7:13, 14; Mathaio 24:14.

Go ise go ye kae, Jesu o tla dirisa maatla a gagwe e le Kgosi go fedisa pogo yotlhe le ba ba e bakang. Batho ba le dimilionemilione ba ba dumelang mo go Jesu e bile ba mo ikobela ba tla itumelela go tshela mo lefatsheng la paradaise.—Bala Pesalema 37:9-11.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 4 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela