LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rq thuto 9 ts. 18-19
  • Batlhanka ba Modimo ba Tshwanetse go Nna Phepa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batlhanka ba Modimo ba Tshwanetse go Nna Phepa
  • Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Rata Batho ba ba Phepa
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Re ka Dira Eng Gore Modimo a re Tseye re le Phepa?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Ntlafadiwa re le Setšhaba, re Ntlafalediwa go Dira Ditiro Tse di Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Nna Phepa mo Mogopolong le mo Mmeleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Modimo o Batla Gore re Direng?
rq thuto 9 ts. 18-19

Thuto 9

Batlhanka ba Modimo ba Tshwanetse go Nna Phepa

Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna phepa ka ditsela tsotlhe? (1)

Go kaya eng go nna phepa semoyeng? (2)

mo boitsholong? (3) mo mogopolong? (4) mo mmeleng? (5)

Re tshwanetse go tila mefuta efe ya puo e e leswe? (6)

1. Jehofa Modimo o phepa e bile o boitshepo. O lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba nne ba le phepa—semoyeng, mo boitsholong, mo mogopolong le mo mmeleng. (1 Petere 1:16) Go tlhokega gore motho a dire boiteko tota gore a nne a le phepa mo matlhong a Modimo. Re tshela mo lefatsheng le le leswe. Mme gape re lwa le ditshekamelo tsa rona tsa go batla go dira bosula. Mme ga re a tshwanela go ineela.

2. Bophepa Jwa Semoya: Fa re batla go direla Jehofa, ga re a tshwanela go tswelela pele re ngaparetse dithuto dipe kana dingwao dipe tsa bodumedi jwa maaka. Re tshwanetse gore re tswe mo bodumeding jwa maaka mme re se ka ra bo ema nokeng ka tsela epe. (2 Bakorinthe 6:14-18; Tshenolo 18:4) Fa re setse re ithutile boammaaruri ka Modimo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tsiediwa ke batho ba ba rutang maaka.—2 Johane 10, 11.

3. Bophepa Jwa Boitsholo: Jehofa o batla gore baobamedi ba gagwe ba itshware jaaka Bakeresete ba boammaaruri ka dinako tsotlhe. (1 Petere 2:12) O bona sengwe le sengwe se re se dirang, le e leng dilo tse re di dirang mo sephiring. (Bahebere 4:13) Re tshwanetse gore re tile boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong le ditiro tse dingwe tse di leswe tsa lefatshe leno.—1 Bakorinthe 6:9-11.

4. Bophepa Jwa Mogopolo: Fa re akanya ka dilo tse di phepa, tse di siameng, boitsholo jwa rona le jone bo tla nna phepa. (Bafilipi 4:8) Mme fa re nnela go akanya ka dilo tse di maswe, go tla dira gore re dire dilo tse di bosula. (Mathaio 15:18-20) Re tshwanetse gore re tile mefuta ya boitsholo e e tla leswafatsang megopolo ya rona. Re ka tlatsa megopolo ya rona ka dilo tse di phepa ka go ithuta Lefoko la Modimo.

5. Bophepa Jwa Mmele: E re ka Bakeresete ba emela Modimo, ba tshwanetse gore ba nne ba le phepa mo mmeleng le diaparo tsa bone di le phepa. Re tshwanetse gore re tlhape diatla tsa rona fa re tswa ntlwaneng mme re tshwanetse go di tlhapa pele re ja dijo kana re tshwara dijo. Fa e le gore ga lo na tsela e e siameng ya go fetisa leswe, leswe la kwa ntlwaneng le tshwanetse go epelwa. (Duteronome 23:12, 13) Go nna phepa mo mmeleng go dira gore motho a nne le botsogo jo bo siameng. Legae la Mokeresete le tshwanetse go nna phepa kafa teng le ka kwa ntle. Le tshwanetse go nna le le phepa go a feta otlhe mo tikologong.

6. Puo e e Phepa: Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse gore ba bue boammaaruri ka metlha. Baaki ba ka se ka ba tsena mo Bogosing jwa Modimo. (Baefeso 4:25; Tshenolo 21:8) Bakeresete ga ba bue puo e e leswe. Ga ba reetse kana go bolela metlae e e leswe kana dikgang tse di leswe. Ba farologane kwa tirong kana kwa sekolong le mo tikologong e ba nnang mo go yone ka ntlha ya puo ya bone e e phepa.—Baefeso 4:29, 31; 5:3.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go nna phepa ka ditsela tsotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela